Ikanye Jehofa, “Modimo wa Kgomotso Yotlhe”
“A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.”—2 BAKOR. 1:3.
1. Batho ba tlhoka eng go sa kgathalesege dingwaga tsa bone?
GO SIMOLOLA fa re tsholwa re tlhoka go gomodiwa. Lesea le a lela go re itsise gore le tlhoka go gomodiwa. Gongwe le batla go tsholediwa kgotsa le tshwerwe ke tlala. Tota le fa re godile, gantsi re ikutlwa re tlhoka go gomodiwa. Segolobogolo fa re lebane le maemo a a utlwisang botlhoko.
2. Jehofa o re tlhomamisetsa jang gore o tla gomotsa ba ba mo ikanyang?
2 Gantsi ba lelapa le ditsala ba ka re gomotsa ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, ba ka se ka ba re thusa mo maemong otlhe a a dirang gore re ngomoge pelo. Ke Modimo fela yo o ka re gomotsang go sa kgathalesege gore maemo a re leng mo go one a ngomola pelo go le kana kang. Lefoko la Gagwe le re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, . . . e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso.” (Pes. 145:18, 19) Ee, “matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.” (Pes. 34:15) Le fa go ntse jalo, fa re batla go amogela kemonokeng ya ga Jehofa le kgomotso ya gagwe, re tshwanetse go mo ikanya. Mopesalema Dafide o ne a gatelela seo fa a ne a opela jaana: “Jehofa o tla nna bogodimo jo bo sireletsegileng mo go ope yo o gateletsweng, bogodimo jo bo sireletsegileng mo metlheng ya matshwenyego. Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya, gonne ruri ga o na go tlogela ba ba go batlang, wena Jehofa.”—Pes. 9:9, 10.
3. Jesu o ne a dira setshwantsho sefe go bontsha lorato lo Jehofa a ratang batho ba Gagwe ka lone?
3 Baobamedi ba ga Jehofa ba botlhokwa thata mo go ene. Jesu o ne a tlhomamisa seno fa a ne a re: “Dithaga di le tlhano di rekisiwa ka madi a tshipi a le mabedi a tlhwatlhwa e e kwa tlase, ga ke re? Le fa go ntse jalo ga go e le nngwe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. Mme le e leng meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi.” (Luke 12:6, 7) Jehofa o ne a bolelela batho ba Gagwe ba bogologolo jaana a dirisa moporofeti Jeremia: “Ke go ratile ka lorato lwa bosakhutleng. Ke lone lebaka le ka lone ke go gogileng ka bopelonomi jwa lorato.”—Jer. 31:3.
4. Ke eng fa re ka ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa?
4 Go ikanya Jehofa le go ikanya gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe go ka dira gore re gomotsege mo dinakong tsa mathata. Ka jalo, re tshwanetse go bontsha go ikanya Modimo fela jaaka Joshua, yo o neng a re: “Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.” (Josh. 23:14) Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore fa ka nakwana re ka utlwisiwa botlhoko ke maemo a a thata, “Modimo o a ikanyega” mme ga a kitla a tlogela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.—Bala 1 Bakorintha 10:13.
5. Re ka kgona jang go gomotsa ba bangwe?
5 Moaposetoloi Paulo o ne a re, Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” “Go gomotsa” go kaya go okobatsa botlhoko jwa mongwe yo o mo tlalelong kgotsa yo o hutsafetseng. Seno se dirwa ka go fokotsa botlhoko jo a leng mo go jone mme o bo o mo naya kgomotso. Ruri seo, ke se Jehofa a se dirang. (Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.) Rraarona yo o kwa legodimong ga a palelwe ke sepe, ka jalo o kgona go dira sengwe le sengwe se se tlhokegang gore a gomotse ba ba mo ratang. Mme le rona re kgona go gomotsa badumedimmogo le rona, ‘mo mofuteng ope fela wa pitlagano.’ Re ka kgona go dira jalo “ka kgomotso e rona ka borona re gomodiwang ka yone ke Modimo.” Ruri seno se bontsha kafa bokgoni jwa ga Jehofa jwa go gomotsa ba ba ngomogileng pelo, bo ka se lekanngweng le sepe ka gone!
Go Itshokela Dilo Tse di Bakang Tlalelo
6. Naya dikai tsa dilo tse di ka re bakelang tlalelo.
6 Re tlhoka go gomodiwa mo dikarolong tse dintsi tsa botshelo. Sengwe se segolo thata se se re bakelang kutlobotlhoko ke go swelwa ke mongwe yo re mo ratang, segolobogolo molekane wa lenyalo yo o rategang kgotsa ngwana. Gape re ka tlhoka kgomotso ka go bo re bontshitswe tlhaolele kgotsa re tlhaotswe ka lotso. Bolwetse, botsofe, khumanego, mathata a lenyalo, kgotsa maemo mangwe a lefatshe a a ngomolang pelo a ka dira gore re tlhoke go gomodiwa.
7. (a) Mo maemong a a utlwisang botlhoko, re tlhoka kgomotso e e ntseng jang? (b) Jehofa a ka dira eng go fodisa pelo e e “phatlogileng le e e gateletsweng”?
7 Mo dinakong tsa tlalelo, re ka nna ra tlhoka kgomotso e e okobatsang pelo, mogopolo le maikutlo a rona, botsogo jwa rona le boitekanelo jwa rona jwa semoya. Ka sekai, mma re tlotleng ka pelo. Lefoko la Modimo le bolela gore pelo e ka kgona go ‘phatloga le go gatelelwa.’ (Pes. 51:17) Ruri Jehofa a ka kgona go baakanya boemo jo bo ntseng jalo ka gonne “o fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.” (Pes. 147:3) Tota le mo maemong a a thata, Modimo a ka okobatsa pelo e e utlwileng botlhoko fa re mo rapela re na le tumelo e e feletseng mme re ikobela ditaelo tsa gagwe.—Bala 1 Johane 3:19-22; 5:14, 15.
8. Jehofa a ka re thusa jang fa re gateletswe mo mogopolong?
8 Gantsi mogopolo wa rona o tlhoka kgomotso ka gonne diteko tse di farologaneng di ka dira gore re nne le kgatelelo e kgolo ya mogopolo. Re ka nna ra se ka ra kgona go emelana le diteko tseno tsa tumelo ka maatla a rona fela. Le fa go ntse jalo, mopesalema o ne a opela jaana: “Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.” (Pes. 94:19) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 4:6, 7) Go bala Dikwalo le go tlhatlhanya ka tsone go ka re thusa thata gore re lepalepane le kgatelelo ya mogopolo.—2 Tim. 3:15-17.
9. Re ka emelana jang le kgatelelo ya maikutlo?
9 Ka dinako dingwe re ka kgobega marapo thata jaana mo re ka nnang mo kotsing ya go ineela gore re nne le maikutlo a a sa siamang. Go ka direga gore re ikutlwa re sa kgone go diragatsa boikarabelo bongwe jwa Dikwalo kgotsa tshiamelo e e rileng ya tirelo. Le fano Jehofa a ka re gomotsa le go re thusa. Ka sekai: Fa Joshua a ne a laelwa gore a etelele Baiseraele pele kgatlhanong le ditšhaba tse di nonofileng tsa baba, Moshe o ne a bolelela batho jaana: “Lo nne pelokgale lo nonofe. O se ka wa boifa kgotsa wa garoga pelo fa pele ga bone, ka gonne Jehofa Modimo wa gago ke ene a gwantang le wena. Ga a kitla a go latlha le fa e le go go tlogela gotlhelele.” (Dute. 31:6) Jehofa o ne a thusa Joshua gore a etelele batho ba Gagwe pele go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le gore ba fenye baba ba bone botlhe. Pelenyana kwa Lewatleng le Lehibidu, Moshe o ne a bona kemonokeng ya Modimo e e tshwanang le eo.—Ekes. 14:13, 14, 29-31.
10. Fa go ngomoga pelo go re bakela mathata a botsogo, re ka bona thuso efe?
10 Ditiragalo tse di ngomolang pelo di ka ama botsogo jwa rona ka tsela e e sa siamang. Gone ke boammaaruri gore go ja sentle, go ikhutsa ka mo go lekaneng, go itshidila mmele le go nna re le phepa go ka re solegela molemo. Gape fa re akanya ka se Baebele e se bolelang ka isagwe, seo se ka nna sa thusa botsogo jwa rona. Ka jalo, go molemo gore fa re lebane le dinako tse di thata re nne re gakologelwe maitemogelo a ga Paulo le mafoko ano a gagwe a a kgothatsang: “Re patikwa ka tsela nngwe le nngwe, mme ga re a pitlagana mo re ka se tshikhinyegeng; re akabetse, mme ga se mo re tlhokang kgoro ya botso gotlhelele; re a bogisiwa, mme ga re a phuaganngwa; re latlhelwa fa fatshe, mme ga re senngwe.”—2 Bakor. 4:8, 9.
11. Bolwetse jwa semoya bo ka fenngwa jang?
11 Diteko dingwe di ka nna le diphelelo tse di kotsi mo boitekanelong jwa rona jwa semoya. Le fano, Jehofa a ka kgona go re golola. Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o tshegetsa botlhe ba ba wang, e bile o tsholetsa botlhe ba ba inameng.” (Pes. 145:14) Gore re bone thuso ya go fenya bolwetse jwa semoya, re tshwanetse go batla thuso ya bagolwane ba Bakeresete. (Jak. 5:14, 15) Mme go nna re gakologetswe tsholofetso ya Dikwalo ya botshelo jo bo sa khutleng go ka re nonotsha mo nakong ya diteko tsa tumelo ya rona.—Joh. 17:3.
Dikao Tsa Batho ba Modimo a Ileng a ba Gomotsa
12. Jehofa o ile a gomotsa Aborahame jang?
12 Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a re: “Gakologelwa lefoko le [wena Jehofa] o le buileng le motlhanka wa gago, le o dirileng gore ke le letele. Eno ke kgomotso ya me mo pogisegong ya me, gonne lefoko la gago le mpolokile ke tshela.” (Pes. 119:49, 50) Gompieno, re na le Lefoko la ga Jehofa le le kwadilweng, le le nang le dikao tse dintsi tsa batho ba Modimo a ileng a ba gomotsa. Ka sekai, Aborahame a ka tswa a ne a le mo tlalelong e kgolo fa a ne a utlwa gore Jehofa o tlile go senya Sodoma le Gomora. Tlhogo eo e e ikanyegang ya lotso e ne ya kopa Modimo jaana: “A ruri o tla gogola basiami le baikepi?” Jehofa o ne a gomotsa Aborahame a mo tlhomamisetsa gore fa a ka fitlhela basiami ba le 50 fela, ga a ne a senya Sodoma. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a botsa Jehofa jaana ka makgetlo a mangwe a le matlhano: Go tweng fa go na le basiami ba le 45 fela? ba le 40? ba le 30? ba le 20? ba le 10? Mo lekgetlong lengwe le lengwe, Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa ka bopelotelele gore Sodoma e ka se senngwe. Le fa batho ba ba siameng ba ne ba sa fitlhe lesome mo lefelong leo, Jehofa o ne a boloka Lote le bomorwadie.—Gen. 18:22-32; 19:15, 16, 26.
13. Hana o ne a bontsha jang gore o ikanya Jehofa?
13 Mosadi wa ga Elekana e bong Hana o ne a eletsa thata go nna le ngwana. Le fa go ntse jalo, e ne e le moopa mme seo se ne se mo ngomola pelo. O ne a rapela Jehofa ka kgang eno, mme Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ne a mmolelela jaana: “E kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng mo go ene.” Seno se ne sa gomotsa Hana, “mme sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tshwenyega.” (1 Sam. 1:8, 17, 18) Hana o ne a ikanya Jehofa, mme a tlogela dilo mo diatleng tsa gagwe a tlhomamisegile gore o tla rarabolola bothata jwa gagwe. Le fa Hana a ne a sa itse gore, diphelelo e tla nna dife, o ne a nna le kagiso ya mogopolo. Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a araba thapelo ya gagwe. O ne a ithwala mme a tshola morwa, a mmitsa Samuele.—1 Sam. 1:20.
14. Ke eng fa Dafide a ne a tlhoka kgomotso, mme o ne a batla thuso kwa go mang?
14 Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo ke sekao se sengwe sa batho ba ba ileng ba gomodiwa ke Modimo. Fela jaaka Jehofa a ile a “bona se pelo e leng sone,” fa a ne a tlhopha Dafide go nna kgosi ya nako e e tlang ya Iseraele, o ne a itse gore Dafide o peloephepa e bile o ineetse mo kobamelong ya boammaaruri. (1 Sam. 16:7; 2 Sam. 5:10) Le fa go ntse jalo, moragonyana Dafide o ne a dira boaka le Bathesheba mme a leka go fitlha boleo jwa gagwe ka go dira gore monna wa gagwe a bolawe. Fa Dafide a lemoga bomasisi jwa boleo jwa gagwe, o ne a rapela Jehofa jaana: “Phimola ditlolo tsa me go ya ka letlotlo la mautlwelobotlhoko a gago. Ntlhatswe tlolo ya me ka botlalo, mme o mphepafatse mo boleong jwa me. Gonne nna ke itse ditlolo tsa me, le boleo jwa me bo fa pele ga me ka metlha.” (Pes. 51:1-3) Dafide o ne a ikwatlhaile tota, mme Jehofa o ne a mo itshwarela. Le fa go ntse jalo, Dafide o ile a tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa phoso e a e dirileng. (2 Sam. 12:9-12) Mme gone, bopelonomi jwa ga Jehofa bo ne jwa gomotsa motlhanka yono wa gagwe yo o boikobo.
15. Jehofa o ne a thusa Jesu jang pele fela ga loso lwa gagwe?
15 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a lebana le maemo a le mantsi a a gwetlhang. Modimo o ne a letlelela diteko tseno tsa tumelo, mme Jesu o ne a nna a bolokile bothokgami e le monna yo o itekanetseng yo ka metlha a neng a ikanya Jehofa mme a tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe. Fa Jesu a ne a tla tloga a okiwa le go bolawa, o ne a rapela Jehofa jaana: “A go diragale thato ya gago, e seng ya me.” Morago ga foo, Jesu o ne a bona moengele mme moengele yoo o ne a mo nonotsha. (Luke 22:41-43) Modimo o ne a naya Jesu kgomotso, maatla le kemonokeng e a neng a e tlhoka ka nako eo.
16. Modimo a ka dira eng ka tlalelo e re ka tswang re na le yone fa re ka lebana le loso ka ntlha ya go nna baboloka bothokgami?
16 Tota le fa re ka lebana le loso ka gonne re nitame mo tumelong re le Bakeresete, Jehofa a ka re thusa go nna re bolokile bothokgami jwa rona mo go ene e bile o tla dira jalo. Mo godimo ga moo, re gomodiwa ke tsholofelo ya tsogo. Mme ruri re lebile pele kwa nakong e loso “lo tla nyelediwa[ng],” e le mmaba wa bofelo! (1 Bakor. 15:26) Batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba suleng, mmogo le batho ba bangwe, ba mo mogopolong wa ga Jehofa o o sa lebaleng, mme ba tla tsosiwa. (Joh. 5:28, 29; Dit. 24:15) Go ikanya tsholofetso ya ga Jehofa ya tsogo go a re gomotsa mme ke tsholofelo e e tlhomameng mo dinakong tsa mathata.
17. Jehofa a ka re gomotsa jang fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala?
17 Ruri go a gomotsa go itse gore batho ba re ba ratang ba ba robetseng mo mabitleng a a tlwaelegileng ba na le tsholofelo ya go tshela gape mo lefatsheng le lesha le le monate le le se nang dilo tse di bakang tlalelo e e leng teng gompieno! Mme ruri e tla nna tshiamelo gore “boidiidi jo bogolo” jwa batlhanka ba ga Jehofa ba ba falotseng bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo ba amogele ba ba tsoseditsweng go tshela mo lefatsheng!—Tshen. 7:9, 10.
Kafa Tlase Go na Le Mabogo a Modimo a Bosakhutleng
18, 19. Batlhanka ba Modimo ba ile ba gomodiwa jang fa ba bogisiwa?
18 Moshe o ne a tlhomamisetsa batho ba Iseraele jaana ka mafoko a pina e e maatla le e e kgothatsang: “Modimo wa dinako tsa bogologolo tala ke lefelo la go iphitlha, mme kafa tlase go na le mabogo a a nnang ka bosakhutleng.” (Dute. 33:27) Moragonyana moporofeti Samuele o ne a bolelela Baiseraele jaana: “Lo se ka lwa fapoga mo go saleng Jehofa morago, mme lo direle Jehofa ka pelo yotlhe ya lona. . . . Jehofa ga a kitla a tlogela batho ba gagwe ka ntlha ya leina la gagwe le legolo.” (1 Sam. 12:20-22) Fa fela re ngaparela Jehofa mo kobamelong ya boammaaruri, ga a kitla a re tlogela. Ka metlha o tla re naya kemonokeng e re e tlhokang.
19 Modimo ga a palelwe ke go naya batho ba gagwe thuso e ba e tlhokang le kgomotso mo malatsing ano a a thata a bofelo. Mo dingwageng tse di fetang lekgolo, badumedimmogo le rona mo lefatsheng lotlhe ba ile ba sotliwa ba bo ba tsenngwa mo dikgolegelong fela ka gonne ba ne ba direla Jehofa. Maitemogelo a bone a supa gore mo dinakong tsa diteko, ruri Jehofa o gomotsa batlhanka ba gagwe. Ka sekai, mongwe wa bakaulengwe ba rona wa kwa nageng e e neng e le Soviet Union, o ne a atlholelwa dingwaga di le 23 mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, go ne ga bonwa tsela ya go mo naya dijo tsa semoya gore a kgone go nonofa le go gomotsega. O ne a re: “Ka dingwaga tseo tsotlhe, ke ne ka ithuta go ikanya Jehofa mme ka bona nonofo go tswa kwa go ene.”—Bala 1 Petere 5:6, 7.
20. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa ga a kitla a re latlha?
20 Go sa kgathalesege gore re sa ntse re tla lebana le eng, go tla bo go le molemo gore re nne re gopotse mafoko ano a a gomotsang a mopesalema: “Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe.” (Pes. 94:14) Le fa rona ka borona re tlhoka go gomodiwa, gape re na le tshiamelo e kgolo ya go gomotsa batho ba bangwe. Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, re ka kgona go gomotsa ba ba hutsafetseng mo lefatsheng leno le le tletseng mathata.
O ka Araba Jang?
• Dilo dingwe tse di ka re bakelang tlalelo ke dife?
• Jehofa o gomotsa batlhanka ba gagwe jang?
• Fa re lebane le loso, ke eng se se ka re gomotsang?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]
KAFA RE KA LEPALEPANANG KA GONE LE DILO TSE DI KA RE AMANG . . .
▪ pelo Pes. 147:3; 1 Joh. 3:19-22; 5:14, 15
▪ mogopolo Pes. 94:19; Bafil. 4:6, 7
▪ maikutlo Ekes. 14:13, 14; Dute. 31:6
▪ botsogo 2 Bakor. 4:8, 9
▪ boitekanelo jwa semoya Pes. 145:14; Jak. 5:14, 15