Ke Eng fa re Tshwanetse go Tshela ka Melao ya Baebele?
A TSELA e Baebele e lebang tlhakanelodikobo ka yone e siilwe ke nako e bile e gagamatsa dilo go sa tlhokege? Nnyaa. Mo boemong jwa moo, se Baebele e se buang ka tlhakanelodikobo se ka re thusa go tila:
▪ Malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo
▪ Go ima o sa nyalwa
▪ Ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go thubega ga manyalo
▪ Segakolodi se se molato
▪ Go se itlotle ka ntlha ya go itse gore batho ba go dirisa gore ba ikgotsofatse
Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimoa o batla gore re itumele re bo re solegelwe molemo ke go dirisa dimpho tse a re nayang tsone. Modimo ke ene ‘Yo o go rutang gore o solegelwe molemo.’ (Isaia 48:17) Motho yo o tshelang ka kaelo ya Baebele malebana le tlhakanelodikobo:
▪ O amogelwa ke Modimo
▪ O nna le kagiso ya mogopolo
▪ O nna le kamano e e molemo le ba lelapa
▪ O nna le leina le le molemo
▪ O a itlotla
Mme go tweng fa e le gore gone jaanong ga o tshele ka melao ya Baebele ya boitsholo? A o ka kgona go fetola tsela e o tshelang ka yone? A Modimo ga a ka ke a go itshwarela?
Akanya ka ntlha eno: Bangwe ba batho ba ba neng ba le mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e kile ya bo e le bagokafadi, baakafadi le batho ba ba tlhakanelang dikobo le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Ba ne ba tlhopha go tlogela tsela e ba neng ba tshela ka yone pele mme ba itshwarelwa. (1 Bakorintha 6:9-11) Gompieno batho ba le diketekete mo lefatsheng lotlhe le bone ba ne ba tlhopha go dira jalo. Ba tlogetse mokgwa wa go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi mme ba bone melemo ya go tshela ka melao ya Baebele. Ka sekai, ela tlhoko maitemogelo a ga Sarah yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha.
“Ka Bonako Fela Ke ne Ka Ikutlwa ke Imologile”
Sarah o ne a lemoga gore botshelo jwa gagwe jwa go itaola bo ne bo sa mo tlisetse kgololesego le kgotsofalo e a neng a e eletsa. A re: “Ke ne ke utlwa e kete segakolodi sa me se babogile. Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong e bile ke tshwenyegile gore nka nna ka ima kgotsa ka tsenwa ke bolwetse bongwe jo bo maswe. Ke ne ke sa ntse ke dumela gore Modimo o teng e bile ke ne ke itse gore tsela e ke neng ke tshela ka yone e ne e mo utlwisa botlhoko. Ke ne ke ikutlwa ke leswafetse mme kgang eo e ne e nja.”
Kgabagare Sarah o ne a kgona go fetola tsela e a neng a tshela ka yone. O ne a kopa thuso mo batsading ba gagwe ba e leng Basupi ba ga Jehofa. Gape o ne a kopa thuso mo bagolwaneng ba ba tshwanelegang ba Bakeresete ba mo phuthegong ya gagabo. Sarah a re: “Ke ne ke gakgametse mme ke itumeletse kafa batsadi ba me le bagolwane mo phuthegong ba neng ba mpontsha bopelontle le lorato ka gone. Ka bonako fela ke ne ka ikutlwa ke imologile.”
Jaanong Sarah o godisa bana ba gagwe ba le babedi. Sarah a re: “Ke bolelela bongwanake ka tshosologo ka tsela e ke neng ka tlhopha go tshela ka yone. Ke batla gore ba tlhaloganye kafa go tlhokomologa melao ya Modimo go neng ga nkama ka teng. Ke ikaeletse go ba thusa go tlhaloganya kafa go tshela ka melao ya Modimo e e malebana le tlhakanelodikobo go solegelang molemo ka gone mo botsogong, mo mogopolong le mo maikutlong. Ke tlhatswegile pelo gore Modimo o re fa melao ya boitsholo ka gonne a sa batle gore re utlwe botlhoko.”
Le wena o ka solegelwa molemo ke go latela kaelo e e lorato ya Modimo. Baebele e solofetsa jaana: “Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho. . . . Go di boloka go na le maduo a magolo.”—Pesalema 19:8, 11.b
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jehofa ke leina la Modimo le le senotsweng mo Baebeleng.
b Fa o batla go utlwa mo go oketsegileng ka kgakololo e e mosola ya Baebele, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona. Kgotsa o ka kwalela kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo go tsebe 4 kgotsa o ye kwa atereseng ya rona ya Internet ya www.watchtower.org.
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
Ba ba itlhokomolosang melao ya Baebele gantsi ba utlwisa ba bangwe botlhoko
[Mafoko a a mo go tsebe 9]
Ba ba tshelang ka melao ya Baebele ba na le segakolodi se se phepa e bile ba na le kamano e e molemo le ba malapa a bone