Aborahame E ne E le Mang?
GA SE batho ba bantsi ba ba nnileng le tlhotlheletso e kgolo mo madumeding a lefatshe jaaka ene. Aborahamea o tlotliwa ke Bajuda, Bamoseleme mmogo le Bakeresete e bile batho ba mo tlhalosa e le motho wa botlhokwa thata yo go buiwang ka ene mo Dikwalong e bile e le sekao se se molemolemo sa tumelo. Baebele e mmitsa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.”—Baroma 4:11.
Ke ka ntlha yang fa Aborahame a tlotliwa thata jaana? Lebaka le lengwe ke gore Aborahame ke ene fela yo Baebele e mmitsang ka tlhamalalo e re ke tsala ya Modimo.—Isaia 41:8; Jakobe 2:23.
Le fa go ntse jalo, ka ditsela tse dingwe Aborahame e ne e le motho yo o tlwaelegileng fela jaaka rona. O ne a lebana le mathata a mantsi a le rona re lebanang le one—mme o ne a kgona go a itshokela. A o ka rata go itse gore o ne a dira seo jang? Ela tlhoko se Baebele e se bolelang ka monna yono yo o tlhomologileng.
Kwa a Goletseng Teng
Aborahame o tshotswe ka ngwaga wa 2018 B.C.E. mme a golela kwa Ure. (Genesise 11:27-31) Ure e ne e le motse o mogolo e bile o humile thata. Gape kobamelo ya medingwana e ne e aname mo motseng oo. Rraagwe Aborahame e bong Tera, e ka tswa e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba obamela medingwana e e farologaneng. (Joshua 24:2) Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a tlhopha go obamela Jehofab fela go na le go obamela medingwana e e sa tsheleng ya medimo e mengwe.
Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Aborahame gore a dire tshwetso eo? Aborahame o ne a tsholwa dingwaga di le 150 pele Sheme morwa Noa a swa. Fa e le gore o ne a tlwaelane le monna yono yo o neng a mo feta thata ka dingwaga, seo se ka tswa se mo amile jang? Aborahame a ka tswa a ile a ikutlwela ka tlhamalalo go tswa mo go Sheme gore go ne go ntse jang go falola Morwalela wa lefatshe lotlhe. Gape o tshwanetse a bo a ile a ithuta botlhokwa jwa go obamela Jehofa, Modimo yo o neng a falotsa Sheme le ba lelapa la gagabo Morwalela oo.
Aborahame o ne a amogela se a se ithutileng ka Modimo wa boammaaruri, e ka ne a se utlwile mo go Sheme kgotsa mo bathong ba bangwe. Fa Jehofa, “motlhatlhobi wa dipelo,” a leba Aborahame, o ne a bona sengwe se se molemo mo monneng yono—mme o ne a mo thusa gore a nne motho yo o molemo le go feta.—Diane 17:3; 2 Ditiragalo 16:9.
Botshelo Jwa Gagwe
Aborahame o ne a tshela botshelo jo bo nang le bokao le jo bo itumedisang mme gantsi bo na le dikgwetlho. Ela tlhoko dilo di le mmalwa fela tse di neng tsa mo diragalela.
▪ Fa Aborahame a ne a nna kwa Ure, Modimo o ne a mo laela gore a tswe mo nageng e a tsholetsweng mo go yone mme a ye kwa nageng e a neng a tla mmontsha yone. Le fa Aborahame le Sara ba ne ba sa itse dintlha tsotlhe—gore ba ne ba ya kae kgotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a re ba tsamaye—ba ne ba reetsa. Kgabagare Aborahame le Sara ba ne ba nna mo megopeng kwa nageng ya Kanana, ba nna e le baagi ba baeng botshelo jwa bone jotlhe.—Ditiro 7:2, 3; Bahebera 11:8, 9, 13.
▪ Fa Aborahame le Sara ba ne ba ise ba tshole ngwana, Jehofa o ne a solofetsa gore o tla dira gore go nne le setšhaba se segolo ka Aborahame. Jehofa o ne a oketsa ka go re malapa otlhe a a mo lefatsheng a ne a tla itshegofatsa ka Aborahame. (Genesise 11:30; 12:1-3) Moragonyana Jehofa o ne a tlhomamisa gore o ne a tla diragatsa tsholofetso eo. O ne a bolelela Aborahame gore ditlogolwana tsa gagwe di ne di tla nna dintsi jaaka dinaledi tsa legodimo.—Genesise 15:5, 6.
▪ Fa Aborahame a ne a na le dingwaga di le 99 mme Sara a tloga a tshwara dingwaga di le 90, Jehofa o ne a ba solofetsa gore ba ne ba tla nna le ngwana wa mosimane. Go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng, seo se ne se lebega se ka se kgonege, mme go ise go ye kae Aborahame le Sara ba ne ba lemoga gore ga go sepe “se se ka palelang Jehofa.” (Genesise 18:14) Ngwaga morago ga moo, fa Aborahame a na le dingwaga di le 100, o ne a nna le ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re ke Isake. (Genesise 17:21; 21:1-5) Modimo o ne a bolela ka tlhamalalo gore batho ba ne ba tla bona masego a magolo ka Isake.
▪ Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Jehofa o ne a kopa sengwe se se sa tlwaelegang mo go Aborahame: O ne a re Aborahame a ntshe setlhabelo ka morwawe yo o rategang, Isake, le fa tota lekau leno le ne le ise le nyale e bile le se na bana.c Le fa Aborahame a ka tswa a ne a utlwisitswe botlhoko ke gore o ne a tloga a swelwa ke morwawe, o ne a ipaakanyetsa go dira se Modimo a rileng a se dire e leng go ntsha Isake setlhabelo. Aborahame o ne a dumela gore tota Modimo o na le maatla a go tsosa Isake fa go tlhokega, e le gore ditsholofetso tsa Gagwe di diragale. (Bahebera 11:19) Ka yone nako ya fa Aborahame a ne a tloga a ntsha morwawe setlhabelo, Modimo o ne a tsenelela mme a boloka botshelo jwa ga Isake. O ne a akgolela Aborahame go nna kutlo ka tsela e e tlhomologileng jalo. Go tswa foo, Jehofa o ne a boeletsa ditsholofetso tse a neng a di solofeditse Aborahame pelenyana.—Genesise 22:1-18.
▪ Aborahame o ne a swa a sena go tshela dingwaga di le 175. Baebele ya re o ne “a swa a tsofetse thata,” e bo e oketsa ka go re o ne “a godile e bile a kgotsofetse.” (Genesise 25:7, 8) Ka jalo, Aborahame o ne a bona go diragadiwa ga tsholofetso e nngwe ya Modimo—ya gore o ne a tla tshela lobaka lo loleele pele a swa ka kagiso.—Genesise 15:15.
Boswa Jwa Gagwe
Aborahame e ne e se motho yo o neng a itsege bogologolo mo dilong tsa bodumedi kgotsa tsa hisitori fela. Le gompieno, kgang ya botshelo jwa gagwe e sa ntse e le botlhokwa mme ke sekao se se molemo se rotlhe re ka se etsang. (Bahebera 11:8-10, 17-19) Mma re sekaseke dinonofo tse nnè mo dinonofong tse di molemo tse Aborahame a neng a na le tsone. Re tla simolola ka nonofo ya gagwe e gongwe e itsegeng thata go di feta tsotlhe—tumelo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Kwa tshimologong, Aborahame o ne a itsiwe e le Aborame mme mosadi wa gagwe e le Sarai. Moragonyana, Modimo o ne a fetola leina la ga Aborame go nna Aborahame, le le kayang “Rra matshutitshuti,” mme a fetola la ga Sarai go nna Sara, le le kayang “Morwadiakgosi.” (Genesise 17:5, 15, ntlha e e kwa tlase mo go NW) Gore go nne motlhofo, mo motseletseleng ono wa ditlhogo re tla ba bitsa Aborahame le Sara.
b Jehofa ke leina la Modimo le le mo Baebeleng.
c Bona setlhogo se se reng “Babadi ba a Botsa . . . Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A re Aborahame a Ntshe Morwawe Setlhabelo?” se se mo go tsebe 23 mo makasineng ono.
[Lebokoso mo go tsebe 4]
Motho wa Botlhokwa mo Hisitoring ya Baebele
Mo dikgaolong tse di lesome tse di simololang tsa buka ya Baebele ya Genesise, go anelwa ka hisitori ya matshelo a banna ba tumelo ba le mmalwa ba ba akaretsang Abele, Enoke le Noa. Le fa go ntse jalo, mo dikgaolong tse 15 tse di latelang go buiwa thata ka botshelo jwa monna a le mongwe fela—Aborahame.
Mo godimo ga moo, fa Baebele e bua lekgetlho la ntlha ka dingwe tsa dintlha tsa yone tse di botlhokwa thata, di a bo di amana le Aborahame. Ka sekai, mo pegong ya botshelo jwa ga Aborahame . . .
▪ go buiwa ka lekgetlho la ntlha gore Modimo ke Thebe kgotsa Mosireletsi wa batlhanka ba gagwe.—Genesise 15:1; bona Duteronome 33:29; Pesalema 115:9; Diane 30:5.
▪ go umakwa lekgetlho la ntlha ka go dumela mo Modimong.—Genesise 15:6.
▪ go dirisiwa lefoko moporofeti lekgetlho la ntlha.—Genesise 20:7.
▪ go buiwa ka lorato lwa motsadi lekgetlho la ntlha.—Genesise 22:2.