LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 6/1 ts. 3
  • A ke Buka Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ke Buka Fela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Gomotsa Botlhe ba ba Hutsafetseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Gomotsa ba ba Hutsafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Gomodiwa ke Nonofo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Kafa Modimo a re Gomotsang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 6/1 ts. 3

A ke Buka Fela?

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola . . . , gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 TIMOTHEO 3:16, 17.

GA SE batho botlhe ba ba dumelang gore Baebele e solegela molemo ka sengwe le sengwe. Go tweng ka wena? Ke ntlha efe ya tse di latelang e e tlhalosang tsela e o ikutlwang ka yone ka Baebele?

• Buka e e molemo fela ka ntlha ya tsela e e kwadilweng ka yone

• Nngwe ya dibuka tse dintsi tse di tsewang di le boitshepo

• Buka ya ditlhamane tse o ka ithutang sengwe mo go tsone

• Lefoko la Modimo

Potso e e tsamaisanang le eo ke gore, A go botlhokwa gore o dumela eng? Ela tlhoko tsela e Baebele e itlhalosang ka yone: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Ka jalo, Baebele e bolela gore e kwaletswe go re laya, go re gomotsa le go re naya tsholofelo.

Le fa go ntse jalo, fa e le gore Baebele e ne e le buka e e molemo fela ka ntlha ya tsela e e kwadilweng ka yone kgotsa e le fela nngwe ya dibuka tse dintsi tse di boitshepo, a o ne o tla tshepa gore e tla ruta le go kaela lelapa la gago, segolobogolo fa e le gore molaetsa wa yone o farologane le se o akanyang gore se siame? Fa e le gore Baebele e ne e le buka ya ditlhamane, a ditsholofetso tsa yone di ne di tla go gomotsa le go go naya tsholofelo?

Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba le dimilione ba ba ithutileng Baebele ba tlhatswegile pelo gore ke Lefoko la Modimo le le tlhomologileng. Ka ntlha yang? Ke eng se se dirang gore Baebele e farologane le dibuka tse dingwe tsotlhe? Re kopa gore mo ditlhogong tse di latelang o sekaseke dikarolo tse tlhano tse di bontshang kafa Baebele e tlhomologileng ka teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela