LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 6/1 ts. 4
  • Boporofeti Jwa Yone—Pego e e Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boporofeti Jwa Yone—Pego e e Boammaaruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 5—Gerika—Mmuso o Mogolo wa Botlhano wa Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Mang yo o Tla Busang Lefatshe?
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 5
    Tsogang!—2011
  • Ela Tlhoko Lefoko la Modimo la Boporofeti la Motlha wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 6/1 ts. 4

Boporofeti Jwa Yone—Pego e e Boammaaruri

“Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona.”—JOSHUA 23:14.

KAFA BAEBELE E FAROLOGANANG KA GONE: Mekgwa ya bogologolo ya go bolelela isagwe pele e ne e bolelela isagwe pele ka tsela e e sa tlhomamang e bile e ka se ka ya ikanngwa, mme go ntse fela jalo le ka mekgwa ya segompieno ya go bolelela isagwe pele ka go lepa dinaledi. Futurology ke thuto ya go batla go itse se se ka diregang mo isagweng go ikaegilwe ka dilo tse di diregang e bile ke ka sewelo e lekang go bolelela pele ditiragalo dingwe ka tlhamalalo makgolokgolo a dingwaga pele di direga. Go farologana le seo, boporofeti jwa Baebele bo na le dintlha ka botlalo e bile ka metlha bo a direga, tota le fa bo bua ka “dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.”—Isaia 46:10.

SEKAI: Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., moporofeti Daniele o ne a bona ponatshegelo e e neng e bolelela pele go senngwa ka bofefo ga puso ya Bameda le Baperesia ke Bagerika. Gape e ne ya bolelela pele gore fela fa kgosi e e fentseng ya Gerika e “sena go nna thata,” bogosi jwa yone bo ne bo tla ‘senngwa.’ Kgosi eno e ne e tla emisediwa ke mang? Daniele o ne a kwala jaana: “Go na le magosi a le manè mo setšhabeng sa gagwe a a tla emang, mme e seng ka maatla a gagwe.”—Daniele 8:5-8, 20-22.

SE BAITSEHISITORI BA SE BUANG: Dingwaga di feta 200 morago ga motlha wa ga Daniele, Alexander yo Mogolo o ne a nna kgosi ya Gerika. Mo dingwageng di le lesome, Alexander o ne a fenya Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia a bo a atolosetsa puso ya Gerika go fitlha kwa Nokeng ya Indus (e e kwa Pakistan ya gompieno). Mme o ne a swa ka tshoganyetso a na le dingwaga di le 32. Kwa bokhutlong, ntwa e e neng ya lowa gaufi le Ipsus, kwa Asia Minor, e ne ya kgaoganya mmusomogolo wa gagwe. Kgabagare batho ba le banè ba ba neng ba fenya mo ntweng eo, ba ne ba kgaogana Mmusomogolo wa Gerika. Le fa go ntse jalo, ga go ope wa bone yo o neng a nna maatla jaaka Alexander.

O AKANYANG? A go na le buka epe e nngwe e e ka bolelang gore boporofeti jwa yone ka metlha bo a diragala? Kgotsa a Baebele e tlhomologile?

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Dipolelopele tsa Baebele di . . . dintsi tota, mo go neng go ka se kgonege gore motho a tseye gore di itiragaletse fela.”—A LAWYER EXAMINES THE BIBLE, KA IRWIN H. LINTON

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

© Robert Harding Picture Library/SuperStock

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela