LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 6/15 ts. 32
  • Bopelonomi bo Reba Tšhakgalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bopelonomi bo Reba Tšhakgalo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ba Bolelele Gore O a Ba Rata
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 6/15 ts. 32

Bopelonomi bo Reba Tšhakgalo

M OSADI mongwe yo o godileng o ne a se botsalano fa George le Manon, Basupi ba babedi ba kwa Netherlands, ba ne ba bua le ene ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ba ne ba utlwela gore o ne a tlhokafaletswe ke morwa le banna ba le babedi ba a neng a nyalane le bone le gore o ne a tshwerwe ke ramatiki. Le fa a ile a ritibala go se kae fa ba ntse ba tlotla le ene, ga a ka a nna botsalano.

Le fa go ntse jalo, George o ne a raya Manon a re, go ka nna jang fa ba ka mo isetsa ngatana ya malomo fa ba boela kwa go ene ka gonne a ne a bonala a jewa ke bodutu e bile a sa itumela. Mong wa ntlo e bong Rie, o ne a gakgametse fa ba sena go mo tlisetsa malomo ao. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlile ka nako e a neng a tshwaregile ka yone, ka jalo ba rulaganya go boa ba mo etela gape. Fa George le Manon ba boa ka nako e ba neng ba dumalane le ene ka yone, ga ba a ka ba fitlhela ope. Le fa ba ile ba leka go mo etela ka dinako tse di farologaneng, ga ba a ka ba tlhola ba mo fitlhela. Ba ne ba bo ba akanya gore ga a batle go kopana le bone.

Kgabagare letsatsi lengwe, George o ne a fitlhela Rie kwa gae. Rie o ne a kopa maitshwarelo ka go bo a ne a seyo, mme a tlhalosa gore o ntse a le kwa bookelong. O ne a re: “Ga o ka ke wa dumela gore ke ile ka sala ke dira eng fa lo sena go tsamaya. Ke ne ka simolola go bala Baebele!” Ba ne ba simolola motlotlo o o itumedisang, mme thuto ya Baebele ya simololwa.

Fa Rie a ntse a ithuta Baebele, o ne a fetoga mme a nna motho yo o pelonomi le yo o itumetseng. Le fa gone a ne a sa kgone go tswa mo ntlong, ka bonako fela o ne a simolola go bua ka tumelo ya gagwe e ntšha mo go mongwe le mongwe yo o neng a mo etela. Botsogo jwa gagwe bo ne bo sa mo letle gore a nne gone kwa dipokanong ka metlha, le fa go ntse jalo, o ne a itumela fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo etela. Mo letsatsing le a neng a tshwara dingwaga di le 82 ka lone, o ne a ya kopanong ya potologo a bo a kolobediwa e le go bontsha boineelo jwa gagwe mo Modimong.

Dikgwedi di le mmalwa morago ga foo fa a sena go tlhokafala, go ne ga fitlhelwa leboko le a neng a le kwadile. Mo go lone, o tlhalosa mathata a go jewa ke bodutu o tsofetse, a bo a gatelela botlhokwa jwa bopelonomi. Maron a re: “Fa ke bala leboko leo ke ne ka amega fela thata, e bile ke itumelela gore Jehofa o re thusitse gore re mmontshe bopelonomi.”

Ee, sekao sa ga Jehofa ka boene se re tlhotlheletsa gore re bontshe lorato le bopelonomi jo bo ntseng jalo. (Baef. 5:1, 2) Bodiredi jwa rona bo tla nna le diphelelo tse di molemo fa re “itshupa re le badiredi ba Modimo . . . ka bopelonomi.”—2 Bakor. 6:4, 6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela