LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 7/1 ts. 3
  • A go Na le Mongwe yo o Utlwang Dithapelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Na le Mongwe yo o Utlwang Dithapelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa ba Belaela?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Matseno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 7/1 ts. 3

A go Na le Mongwe yo o Utlwang Dithapelo?

“Ke ne ke tle ke belaele gore Modimo o teng. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe ke ne ke rapela. Ke ne ke sa tlhomamisege gore go na le motho yo o neng a ntheetsa, mme gone ke ne ke dumela gore go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o neng a ntheetsa. Ke ne ke sa itumela e bile botshelo jwa me bo ne bo se na bokao. Ke ne ke tshwenngwa ke kgang ya go dumela mo Modimong ka gonne ke akanya gore batho ba ba bokoa ke bone fela ba ba dumelang mo Modimong.”—PATRICIA,a IRELAND.

A LE wena o kile wa ikutlwa ka tsela e Patricia a ikutlwang ka yone? A o a rapela le fa o belaela gore Modimo o teng? Fa go ntse jalo, ga o nosi. Ela tlhoko dintlha tse di latelang.

◼ Mo patlisisong nngwe e e neng ya dirwa mo bathong ba kwa Boritane ba le 2 200, go ne ga fitlhelwa gore ke diperesente di le 22 fela tsa batho bano tse di dumelang gore go na le Modimo yo o bopileng lefatshe le yo o utlwang dithapelo tsa rona. Le fa go ntse jalo, mo bathong bao ba ba neng ba botsolodiwa, diperesente di le 55 tsa bone ba tle ba rapele.

◼ Patlisiso nngwe e e dirilweng mo bathong ba le 10 000 mo dikontinenteng di le nnè ba ba reng ga ba dumele mo Modimong, e ne ya bontsha gore mo e ka nnang diperesente di le 30 tsa bone ba a rapela.

Ke ka Ntlha Yang fa ba Belaela?

Monna mongwe wa kwa Engelane e bong Allan a re: “Ke ne ke tle ke re ga ke dumele mo Modimong ka gonne ke ne ke akanya gore bodumedi bo simolotswe ka boikaelelo jwa go laola batho le go dira madi. Gape ke ne ka ipolelela gore fa e le gore Modimo o teng, go ne go ka se nne le tshiamololo e kana kana. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe ke ne ke tle ke nne ka tidimalo ke bo ke rapela mongwe yo ke sa mo itseng. Gape ke ne ke tle ke ipotse go re, ‘Go tlile jang gore ke nne teng?’”

Batho ba ba nang le maikutlo a a ntseng jalo ba na le mabaka a go bo ba belaela gore dithapelo di a arabiwa. Mo maemong a le mantsi, dipelaelo tseo di bakwa ke go bo ba sa bone dikarabo tsa dipotso tse di jaaka tseno:

◼ A o go na le Mmopi?

◼ Ke ka ntlha yang fa gantsi bodumedi bo na le tlhotlheletso e e sa siamang?

◼ Ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo?

Fa o ne o ka itse dikarabo tsa dipotso tseo, a o ne o ka rapela o se na dipelaelo?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina mangwe mo motseletseleng ono wa ditlhogo a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela