LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 8/1 ts. 8-10
  • Dikgakgamatso Tse di Tla Tlogang di Direga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgakgamatso Tse di Tla Tlogang di Direga
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Bogole Bo Tla Felang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Keresete—Maatla a Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—O ka Ithuta Eng mo Go Tsone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Se “Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” a se Solofetsang
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 8/1 ts. 8-10

Dikgakgamatso Tse di Tla Tlogang di Direga

FA E le gore go ile ga dirwa dithulaganyo tsa gore ngaka e e arang e go dire karo e e raraaneng, o ne o ka ikutlwa jang fa o ne o ka utlwa gore ga a ise a ko a dire mofuta ono wa karo? Ga go pelaelo gore o ne o ka tshwenyega. Mme go tweng fa o utlwalela gore ngaka eno ke yone e e di gogang kwa pele mo tirong ya go ara le gore o setse a dirile dikaro di le makgolokgolo tse di atlegileng tse di tshwanang le e a tlileng go go dira yone? A o ne o ka se tlhomamisege le go feta gore o ne a ka go thusa?

Lefatshe leno le le lwalang le re tshelang mo go lone le tlhoka karo ya tshwantshetso. A dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele, Jehofa Modimo o solofeditse gore o tla dira gore lefatshe leno e nne Paradaise gape. (2 Petere 3:13) Mme gore seo se direge, boikepo bo tshwanetse go fedisiwa pele, bo tlosiwe gotlhelele. (Pesalema 37:9-11; Diane 2:21, 22) Maemo otlhe a a utlwisang botlhoko a re a bonang a tshwanetse go fedisiwa pele lefatshe leno le dirwa paradaise gape. Go tla tlhokega gore go dirwe kgakgamatso gore seo se direge!—Tshenolo 21:4, 5.

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore diphetogo tse dikgolo tseo di tla direga gautshwane. Ka ntlha yang? Ka gonne dikgakgamatso tse Jehofa Modimo a setseng a di dirile di bontsha gore o na le maatla a go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Bapisa dikgakgamatso tse thataro fela tse di kwadilweng mo Baebeleng le ditsholofetso tse di tla diregang mo nakong e e tlang.

E kete o ka tswelela o ithuta ka ditsholofetso tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng tse di tla diragadiwang mo isagweng. Fa tumelo ya gago e ntse e nonofa, tsholofelo ya gago le yone e tla oketsega —tsholofelo ya go tshela ka nako e ka yone dikgakgamatso tse Jehofa a di dirang di tla go solegelang molemo.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9, 10]

KGAKGAMATSO:

JESU O NE A FEPA DIKETEKETE TSA BATHO KA DINKGWE LE DITLHAPI DI LE MMALWA.—MATHAIO 14:13-21; MAREKO 8:1-9; JOHANE 6:1-14.

TSHOLOFETSO:

“Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.”—PESALEMA 67:6.

SE E SE KAYANG MO GO RONA:

GA GO NA OPE YO O TLA TLHOLANG A BOLAWA KE TLALA.

KGAKGAMATSO:

JESU O NE A DIRA GORE DIFOFU DI BONE.—MATHAIO 9:27-31; MAREKO 8:22-26.

TSHOLOFETSO:

“Matlho a difofu a tla bulwa.”—ISAIA 35:5.

SE E SE KAYANG MO GO RONA:

BATHO BOTLHE BA BA SA BONENG BA TLA BONA.

KGAKGAMATSO:

JESU O NE A FODISA BATHO BA BA NANG LE MAKOA MO MMELENG.—MATHAIO 11:5, 6; JOHANE 5:3-9.

TSHOLOFETSO:

“Setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana.”—ISAIA 35:6.

SE E SE KAYANG MO GO RONA:

MAKOA OTLHE A MMELE A TLA FODISIWA.

KGAKGAMATSO:

JESU O NE A FODISA MALWETSE A A FAROLOGANENG.—MAREKO 1:32-34; LUKE 4:40.

TSHOLOFETSO:

“Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—ISAIA 33:24.

SE E SE KAYANG MO GO RONA:

MALWETSE OTLHE A TLA FEDISIWA. RE TLA NNA LE BOTSOGO JO BO ITEKANETSENG.

KGAKGAMATSO:

JESU O NE A LAOLA DILO TSA TLHOLEGO.—MATHAIO 8:23-27; LUKE 8:22-25.

TSHOLOFETSO:

“Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba direla ka natla lefela.”—ISAIA 65:21, 23.

“O tla nna kgakala le go gatelelwa —gonne ga o kitla o boifa ope—le fa e le sepe se se tshosang, gonne ga se kitla se go atamela.”—ISAIA 54:14.

SE E SE KAYANG MO GO RONA:

MASETLAPELO A TLHOLEGO A KA SE TLHOLE A NNA GONE.

KGAKGAMATSO:

JESU O NE A TSOSA BASWI.—MATHAIO 9:18-26; LUKE 7:11-17.

TSHOLOFETSO:

“Botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla . . . tswa.”—JOHANE 5:28, 29.

“Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone.”—TSHENOLO 20:13.

SE E SE KAYANG MO GO RONA:

BARATIWA BA RONA BA BA SULENG BA TLA TSOSIWA.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela