LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 8/1 ts. 27
  • Jehofa o Tlhoile Tshiamololo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Tlhoile Tshiamololo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Kafa Jehofa a re Thusang ka Gone mo Tirong ya go Rera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Reetsa—Molebedi wa ga Jehofa O A Bua!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 8/1 ts. 27

Atamalana le Modimo

Jehofa o Tlhoile Tshiamololo

‘MOTHO o laoletse yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Mafoko ao a a kwadilweng dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng, a tlhalosa sentle lefatshe le re tshelang mo go lone. Batho ba rata go dirisa maatla ka tsela e e sa tshwanelang, go sa kgathalesege gore ke bomang kgotsa ba nna kae. Gantsi ba gatelela batho ba ba sa kgoneng go iphemela le ba maemo a a kwa tlase. Jehofa o ikutlwa jang ka tshiamololo e e ntseng jalo? Re bona karabo mo go Esekiele 22:6, 7, 31.—Bala.

Mo Molaong o Jehofa a neng a o naya Baiseraele, o ne a bontsha sentle gore batho ba ba nang le taolo le ka motlha ga ba a tshwanela go dirisa maatla a bone ka tsela e e sa tshwanelang. O ne a tla segofatsa setšhaba fela fa baeteledipele ba sone ba ne ba tshwara batho ba maemo a a kwa tlase le bahumanegi ka bopelonomi e bile ba ba akanyetsa. (Duteronome 27:19; 28:15, 45) Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Esekiele, dikgosana tsa kwa Jerusalema le tsa kwa Juda di ne di dirisa maatla a tsone ka tsela e e setlhogo. Go ne go direga eng?

Dikgosana di ne di dirisa ‘lebogo la tsone ka boikaelelo jwa go tsholola madi.’ (Temana 6) Lefoko “lebogo” le kaya maatla kgotsa taolo. Mme thanolo e nngwe ya re: “Dikgosana tsa Iseraele . . . di dirisitse maatla a tsone go tsholola madi.” Go ka nna le tshiamiso jang fa baeteledipele ba go lebeletsweng gore ba dire gore e nne teng ba rotloetsa tlolomolao ka go dirisa maatla a bone ka tsela e e sa tshwanelang le go bolaya batho ba ba se nang molato?

Fa Esekiele a sena go latofatsa baeteledipele bao, o latofatsa le batho ba le bone ba neng ba sa utlwe Molao wa ga Jehofa jaaka bone. Esekiele a re: “Ba tshwere rre le mme ka lenyatso.” (Temana 7) E re ka batho bano ba ne ba tseela maikarabelo a Jehofa a neng a a neile batsadi kwa tlase, ba ne ba koafatsa se tota se nonotshang setšhaba, e leng malapa a a nonofileng.—Ekesodo 20:12.

Batho ba ba bosula ba ne ba sotla batho ba ba sa kgoneng go iphemela ba ba agileng le bone. Tlolomolao nngwe le nngwe e ba neng ba e dira e ne e supa gore ba ne ba nyatsa lorato lo ba neng ba lo bontshiwa mo Molaong o Modimo a neng a o neile Baiseraele. Ka sekai, Molao wa Modimo o ne o laela Baiseraele gore ba akanyetse batho ba e seng Baiseraele ba ba neng ba nna le bone. (Ekesodo 22:21; 23:9; Lefitiko 19:33, 34) Mme batho ba ne ba ‘tsietsa’ baagi ba baeng.—Temana 7.

Gape batho ba ne ba tshwara setlhogo ba go neng go se ope yo o ka ba sireletsang—“ngwana yo o se nang rre le motlholagadi.” (Temana 7) Jehofa o amega thata ka batho ba ba swelwang ke motsadi kgotsa molekane wa lenyalo. Modimo o ile a solofetsa gore ene ka boene o tla atlhola batho ba ba bogisang ngwana yo o se nang rre kgotsa motlholagadi.—Ekesodo 22:22-24.

Ka tsela eno le ka ditsela tse dingwe, Baiseraele ba motlha wa ga Esekiele ba ne ba tlola Molao wa Modimo o o neng o bontsha lorato e bile ba ne ba sa o tlotle. Jehofa o ne a tla dira eng? O ne a solofetsa jaana: “Ke tla tshololela katlholo ya me mo go bone.” (Temana 31) Fela jaaka a ne a solofeditse, o ne a letlelela Bababelona gore ba senye Jerusalema le go isa baagi ba yone botshwarwa ka 607 B.C.E.

Mafoko a ga Esekiele a re ruta dilo tseno tse pedi ka ga Jehofa le ka tshiamololo: Sa ntlha, o tlhoile tshiamololo; sa bobedi, o tlhomogela pelo batho ba ba se nang molato le ba ba direlwang tshiamololo. Modimo ga a fetoga. (Malaki 3:6) O solofetsa gore go ise go ye kae o tla tlosa tshiamololo le batho ba ba e rotloetsang. (Diane 2:21, 22) Ke ka ntlha yang fa o sa ithute mo go oketsegileng ka Modimo yo e leng “morati wa tshiamiso” le kafa o ka atamalanang le ene ka gone?—Pesalema 37:28.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka August:

◼ Esekiele 21-38

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Jehofa o ne a bontsha sentle gore batho ba ba nang le taolo le ka motlha ga ba a tshwanela go dirisa maatla a bone ka tsela e e sa tshwanelang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela