LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 11/1 ts. 4-5
  • Potso 1: A Botshelo Jwa Me bo Na le Boikaelelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Potso 1: A Botshelo Jwa Me bo Na le Boikaelelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senka Botshelo jo bo Nang le Boikaelelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Boikaelelo jwa Mmatota jwa Botshelo
    Tsogang!—1992
  • Bokao Jwa Botshelo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Modimo o Ikaeletse go re Direla Eng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 11/1 ts. 4-5

Potso 1: A Botshelo Jwa Me bo Na le Boikaelelo?

ROSALIND, yo o goletseng kwa Engelane, o ne a na le keletso e kgolo ya go nna le kitso. Gape o ne a batla go thusa batho. Fa a sena go aloga kwa sekolong, o ne a bona tiro ya maemo e e neng e akaretsa go thusa batho ba ba se nang magae, gape o ne a thusa ba ba nang le makoa mo mmeleng le ba ba nang le mathata a go bala. Le fa a ne a na le tiro e e kgotsofatsang e bile a na le sengwe le sengwe o ne a re: “Ga ke bolo go ipotsa gore ‘Ke eng fa re le mono?’ le gore ‘Boikaelelo jwa botshelo ke eng?’”

Ke eng fa go tlwaelegile go botsa potso eno?

Batho ga ba tshwane le diphologolo tse di sa akanyeng. Rona re kgona go ithuta mo dilong tsa nako e e fetileng, go rulaganya isagwe ya rona le go batla go itse boikaelelo jwa botshelo jwa rona.

Bangwe ba araba potso eo jang?

Ba le bantsi ba akanya gore boikaelelo jo bogolo mo botshelong ke go nna le khumo kgotsa go tuma mme ka tsela eo ba ka bona boitumelo.

Karabo eo e kaya eng?

Re na le dilo tse re batlang di tla pele mo botshelong jwa rona. Dikeletso tsa rona di botlhokwa go feta thato ya Modimo.

Baebele e ruta eng?

Kgosi Solomone o ne a kgobokanya dikhumo tse dintsi le go batla boitumelo mme o ne a lemoga gore dilo tseo ga di dire gore motho a nne le boikaelelo jwa mmatota mo botshelong. O ne a tlhalosa gore ke eng se se tlisang boikaelelo jwa mmatota mo botshelong fa a ne a re: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Moreri 12:13) Re tlhoka go dira eng gore re ikobele ditaelo tsa Modimo?

Gape boikaelelo jwa Modimo ka rona ke gore re itumelele botshelo. Solomone o ne a re: “Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla. Seno le sone nna ke se bone, e leng nna, gore seno se tswa mo seatleng sa Modimo wa boammaaruri.”—Moreri 2:24.

Gape Modimo o batla gore re rate ba malapa a rona le go ba tlhokomela. Ela tlhoko kaelo e e motlhofo e e neilweng mongwe le mongwe mo lelapeng.

  • “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.”—Baefeso 5:28.

  • “Mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—Baefeso 5:33.

  • “Bana, utlwang batsadi ba lona.”—Baefeso 6:1.

Fa re dirisa melaometheo eo ya Baebele, re tla itumela re bo re kgotsofala ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa se re ka se dirang ke go ithuta go le gontsi ka mo re ka kgonang ka gone ka Mmopi wa rona le go atamalana le ene e le Tsala ya rona. Tota e bile, Baebele e re laletsa gore re ‘atamele Modimo.’ Go tswa foo, e re naya tsholofetso eno e e itumedisang: “O tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Fa o amogela taletso eno, botshelo jwa gago bo tla nna le boikaelelo jwa mmatota.

Gone jaanong, Rosalind yo o umakilweng kwa pelenyana o akanya gore o bone boikaelelo jwa botshelo. Go utlwa gore a re ke eng se se mo thusitseng gore a fetole boikutlo jwa gagwe, bala setlhogo se se reng “Baebele e Fetola Matshelo a Batho.”

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka tshelang ka tsela e e itumedisang Modimo, bona kgaolo 12 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ka kgona go e tsaya mo www.jw.org/tn

Jesu O ne A Reng ka Boikaelelo Jwa Botshelo?

Jesu o ne a se na pelaelo ka boikaelelo jwa botshelo jwa gagwe. O ne a re: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Jesu o feditse botshelo jwa gagwe a ruta batho boammaaruri ka Modimo le ka ga boikaelelo jwa gagwe.

Botshelo jwa rona bo tla nna le bokao jwa mmatota fa re latela sekao sa ga Jesu. Tota e bile, Jesu o re laletsa gore re ithute mo go ene. (Mathaio 11:29) Ela tlhoko ditsela tse pedi tse re ka dirang seo ka tsone.

Jesu o ne a ruta gore fa re batla go itumela, re tshwanetse go ‘tshwenyega ka se re se tlhokang semoyeng.’ (Mathaio 5:3) Re ka kgotsofatsa keletso ya rona ya go batla go itse ka Modimo ka go tsenya kitso ka “Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo [a] mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go ruta batho ba bangwe ka se ba se ithutileng. O ne a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.

Batho ba ba batlang go kgotsofatsa keletso ya bone ya go batla go itse ka Modimo ka go ithuta Baebele le go dirisa se ba se ithutileng, ba lemoga gore matshelo a bone a nna botoka. Fa ba simolola go thusa batho ba bangwe go ithuta ka Modimo, ba tlhomamisega gore botshelo jwa bone bo na le boikaelelo jwa mmatota.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela