LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 11/1 ts. 6-7
  • Potso 2: Go Tla Direga Eng ka Nna fa ke Swa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Potso 2: Go Tla Direga Eng ka Nna fa ke Swa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baswi ba Kae?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Re ya Kae fa re Swa?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • “Loso lo Komediwa ka Bosaengkae”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?
    Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 11/1 ts. 6-7

Potso 2: Go Tla Direga Eng ka Nna fa ke Swa?

ROMAN e ne e sa ntse e le mosimanyana fa tsala ya gagwe e kgolo e ne e bolawa ke kotsi ya koloi. A re: “Loso lwa tsala ya me lo ne lwa nkama thata. Dingwaga di le dintsi morago ga kotsi eo, ke ne ke ipotsa gore go direga eng ka rona fa re swa.”

Ke eng fa go tlwaelegile go botsa potso eno?

Go swa ga batho go bonala e le selo se se sa tlwaelegeng. Go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae, gantsi ga re batle go swa. Batho ba le bantsi ba boifa se se tla diregang morago ga loso.

Bangwe ba araba potso eo jang?

Batho ba le bantsi ba dumela gore fa motho a swa go na le sengwe se se tswelelang se tshela. Ba dumela gore batho ba ba siameng ba tla duelwa ka go ya legodimong, fa ba ba sa siamang bone ba tla otlhaelwa maleo a bone ka bosakhutleng. Batho ba bangwe ba akanya gore fa motho a swa ga a tlhole a le teng mme kgabagare a bo a lebalwa gotlhelele.

Dikarabo tseo di kaya eng?

Karabo ya ntlha e bontsha gore fa motho a swa ga se gore o a bo a sule. Ya bobedi e kaya gore botshelo ga bo na bokao. Batho ba ba akanyang gore botshelo ga bo na bokao ba ka nna le boikutlo jo bo kotsi jono: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.”—1 Bakorintha 15:32.

Baebele e ruta eng?

Baebele ga e rute gore fa motho a swa go na le sengwe se se tswelelang se tshela. Modimo o ne a tlhotlheletsa Kgosi Solomone go kwala jaana: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Batho ba ba sa ‘itseng sepe gotlhelele’ ga ba itse se se diragalang. Ga ba kgone go utlwa kgotsa go dira sepe. Ka jalo, baswi ba ka se kgone go thusa batshedi kgotsa go ba utlwisa botlhoko.

Go farologana le se batho ba le bantsi ba se dumelang, e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba swe. O ne a bopa motho wa ntlha e bong Adame, a na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Lekgetlho la ntlha le Modimo a ileng a umaka loso ka lone, e ne e le fa a ne a bolelela Adame ka kotlhao ya go tlhoka kutlo. O ne a iletsa Adame go ja leungo la setlhare se se rileng mme a mo tlhagisa gore fa a ka le ja ‘ruri o ne a tla swa.’ (Genesise 2:17) Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba nna kutlo, bone le bana ba bone botlhe ba ba neng ba ikanyega mo Modimong ba ka bo ba ile ba tshelela ruri mo lefatsheng.

Adame o ne a tlhopha go itlhokomolosa tlhagiso ya Modimo. O ne a leofa ka ntlha ya go se ikobele Modimo, mme o ne a swa. (Baroma 6:23) Ga go na sepe se se ileng sa tswelela se tshela fa Adame a swa. Go na le moo, fa Adame a sena go swa, o ne a sa tlhole a le gone. Modimo o ne a raya Adame a re: “O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) E re ka batho botlhe ba tswa mo go Adame, re ruile boleo le loso go tswa mo go ene.—Baroma 5:12.

Le fa Adame a ile a tlhopha go se ikobele Modimo, Modimo o sa ntse a tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go dira gore lefatshe le tlale ka bana ba ga Adame. (Genesise 1:28; Isaia 55:11) Go ise go ye kae, Jehofa o tla tsosa bontsi jwa batho ba ba suleng. Fa moaposetoloi Paulo a bua ka nako eo, o ne a re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

Roman yo o umakilweng pelenyana, o ne a ithuta Baebele mme a utlwa gore e ruta eng ka loso le ka ga Jehofa Modimo. Se a se ithutileng se ile sa mo ama thata. Bala pego ya gagwe mo setlhogong se se reng “Baebele e Fetola Matshelo a Batho”.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga gore go direga eng ka rona fa re swa, bona kgaolo 6 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ka e tsaya mo www.jw.org/tn

Jesu O ne A Reng ka Loso?

Jesu ga ka a dumalana le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba ba neng ba re ga go kitla go nna le tsogo ya baswi. (Luke 20:27) E bile ga a ka a ruta gore fa re swa go na le sengwe se se tswelelang se tshela. Go na le moo, Jesu o ne a ruta se se latelang.

Loso lo tshwana le boroko. Fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a swa, Jesu o ne a re: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.” Barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa tlhaloganye gore o kaya eng. Ba ne ba araba ba re: “Morena, fa e le gore o ile go ikhutsa, o tla fola.” Pego ya Baebele e tlhalosa jaana: “Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe. Mme ba ne ba ithaya ba re o ne a bua ka ga go ikhutsa mo borokong. Jalo, ka nako eo Jesu a ba bolelela ka tlhamalalo a re: ‘Lasaro o sule.’”—Johane 11:11-14.

Baswi ba tla tsosiwa. Fa Jesu a goroga kwa motseng wa gagabo Lasaro, o ne a gomotsa kgaitsadie Lasaro e bong Maratha jaana: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Go tswa foo Jesu o ne a solofetsa jaana: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.” Tsholofetso ya ga Jesu e ne e se mafoko fela a a se nang bokao. Jesu o ne a tsosa Lasaro fa pele ga batho ba le bantsi ba ba neng ba lebile, le fa Lasaro a ne a na le malatsi a le manè a sule.—Johane 11:23, 25, 38-45.

Mo tshenolong e Jesu a e senoletseng moaposetoloi Johane, gape o ne a solofetsa gore baswi ba tla tsosiwa. O ne a tlhalosa nako e loso lo tla ntshang baswi botlhe ka tsela ya tshwantshetso ka yone.—Tshenolo 20:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela