LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 11/1 ts. 8-9
  • Potso 3: Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Ntlogela ke Boga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Potso 3: Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Ntlogela ke Boga?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Diteng
    Tsogang!—2020
  • Se Baebele e se Buang ka go Boga
    Tsogang!—2015
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 11/1 ts. 8-9

Potso 3: Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Ntlogela ke Boga?

RRAAGWE Ian o ne a nwa bobe. Le fa Ian a godile a na le dilo tse a neng a di tlhoka, o ne a sa bone lorato lo a neng a eletsa gore rraagwe a mmontshe lone. Ian a re: “Ga ke ise ke ko ke mo rate thata, segolobogolo ka ntlha ya go nwa ga gagwe le ka ntlha ya tsela e a neng a tshwere mmè ka yone.” Fa Ian a ntse a gola o ne a simolola go ipotsa gore a Modimo o teng. “Ke ne ka ipotsa gore ‘Fa e le gore Modimo o teng, ke ka ntlha yang fa a letlelela batho ba boga?’”

Ke eng fa go tlwaelegile go botsa potso eno?

Le fa botshelo jwa gago bo se na mathata a mantsi, o ka galefisiwa ke go bona go se na tshiamiso fa batho ba ba se nang molato ba boga. Le fa go ntse jalo, potso e e ka ga go boga ga batho e nna botlhokwa segolobogolo fa e le gore wena jaaka Ian o ile wa nna le mathata kgotsa mongwe yo o mo ratang a lwala kgotsa a swa.

Bangwe ba araba potso eo jang?

Batho bangwe ba dumela gore Modimo o letlelela pogo go re ruta gore re nne boikokobetso le go nna kutlwelobotlhoko. Ba bangwe ba akanya gore batho ba boga mo botshelong jono ka ntlha ya maleo a ba a dirileng mo botshelong jo bo fetileng.

Dikarabo tseo di kaya eng?

Gore Modimo ga amiwe ke go boga ga batho mme seo se dira gore go nne thata gore re mo rate. Modimo o setlhogo.

Baebele e ruta eng?

Baebele e bontsha sentle gore ga se molato wa Modimo go bo batho ba boga. “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Tota e bile, kgopolo ya gore ke molato wa Modimo go bo batho ba boga ga e dumalane le kafa Baebele e tlhalosang botho jwa gagwe ka teng. Jang?

Nngwe ya dinonofo tse di tlhomologileng tsa Modimo ke lorato. (1 Johane 4:8) Go gatelela ntlha eo Baebele e tlhalosa Modimo a na le maikutlo a a tshwanang le a mmè yo o anyisang. Modimo o botsa jaana: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo? Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.” (Isaia 49:15) A o ka akanya ka mmè yo o lorato a utlwisa ngwana wa gagwe botlhoko ka boomo? Go farologana le seo, motsadi yo o ratang ngwana wa gagwe o tla leka go dira gore a se ka a boga. Ka tsela e e tshwanang, Modimo ga a dire gore batho ba ba se nang molato ba boge.—Genesise 18:25.

Le fa Modimo a amega ka rona, batho ba ba se nang molato ba a boga. O ka nna wa ipotsa gore, ‘Fa e le gore Modimo o amega ka rona e bile o na le maatla otlhe, ke ka ntlha yang a sa fedise dilo tse di bakang pogo?’

Modimo o letleletse gore pogo e tswelele ka ntlha ya mabaka a a utlwalang. Akanya ka lengwe la mabaka ao: Gantsi ke batho ba dirang gore batho ba bangwe ba boge. Batho ba ba kgerisang le bagateledi ba ba utlwisang ba bangwe botlhoko ga ba ikaelela go fetoga. Gore Modimo a fedise selo se segolo se se bakang pogo, o tla tshwanelwa ke go fedisa batho ba ba ntseng jalo.

Fa moaposetoloi Petere a tlhalosa lebaka la go bo Modimo a ise a senye batho ba ba dirang bosula o ne a re: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Bopelotelele jwa ga Jehofa Modimo bo bontsha gore o lorato e bile o pelotlhomogi.

Le fa go ntse jalo, mo nakong e e sa fediseng pelo Jehofa Modimo o tla tsaya kgato. O tla ‘duela ka pitlagano ba ba pitlaganyang’ batho ba ba se nang molato. Batho ba ba dirang gore batho ba bangwe ba boge ba tla “tlelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng.”—2 Bathesalonika 1:6-9.

Ian, yo o umakilweng pelenyana o ne a bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse a neng a di botsa malebana le pogo. Se a se ithutileng se dirile gore a fetole tsela e a lebang botshelo ka yone. Bala pego ya gagwe mo setlhogong se se latelang se se reng “Baebele e Fetola Matshelo a Batho.”

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela go boga le gore o tla dira eng ka gone, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ka e tsaya mo www.jw.org/tn

Jesu O ne A Reng ka go Boga ga Batho?

Jesu ga ka a latofatsa Modimo ka ntlha ya go boga ga batho ba motlha wa gagwe. Go na le moo, o ne a dira se se latelang.

Jesu o ne a bontsha gore Modimo ga a otlhaye batho ba ba se nang molato ka go ba bogisa. Jesu o ne a fodisa balwetse, ditlhotsa le difofu. (Mathaio 15:30) Dikgakgamatso tse a neng a di dira di re ruta dintlha tse pedi tsa botlhokwa: Ya ntlha, Jesu o ne a dirisa maatla a Modimo go fedisa pogo e seng go e baka. Ya bobedi, Jesu ga ka a fodisa batho ka go patelediwa. Fa a ne a bona batho ba boga o ne a ‘tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo.’ (Mathaio 20:29-34) Jesu o ne bontsha tsela e Rraagwe a ikutlwang ka yone ka pogo. Ka jalo, re ithuta go tswa mo mafokong a ga Jesu le mo ditirong tsa gagwe gore Modimo o hutsafadiwa ke botlhoko jo a bo bonang le gore o batla go bo fedisa.—Johane 14:7, 9.

Jesu o ne a tlhalosa motho yo totatota a dirang gore batho ba boge—Satane Diabolo. Jesu o ne a re: “Ene yoo e ne e le mmolai fa a ne a simologa.” (Johane 8:44) Gape Jesu o ne a tlhalosa Satane Diabolo e le “mmusi wa lefatshe leno” e bile e le ene yo o “tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.”—Johane 12:31; Tshenolo 12:9.

Jesu o re neile tsholofelo ya nako ya fa pogo yotlhe e tla bo e fela. O ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, . . . A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Fa Bogosi jwa Modimo bo tla, ga go kitla go tlhola go nna le pogo mo lefatsheng fela jaaka go se na pogo kwa legodimong.

Mo tshenolong e Jesu a e senoletseng moaposetoloi Johane, o ne a tlhalosa gore botshelo bo tla bo bo ntse jang mo bathong ba ba tla bong ba tshela ka fa tlase ga Puso ya Modimo. Ka nako eo, Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 1:1; 21:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela