LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 11/1 ts. 16-17
  • A Modimo o Tla Tlisa Puso ya Lefatshe Lotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Tla Tlisa Puso ya Lefatshe Lotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 11/1 ts. 16-17

Ithute mo Lefokong la Modimo

A Modimo o Tla Tlisa Puso ya Lefatshe Lotlhe?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhoka puso ya lefatshe lotlhe?

Mathata a batho ba lebaneng le one gompieno a aname mo lefatsheng lotlhe. Mo dinageng dingwe batho ba le bantsi ba humanegile e bile ba a gatelelwa. Mo go tse dingwe, go bonala batho ba le bantsi ba na le dilo tse dintsi go feta tse ba di tlhokang. Ke puso ya lefatshe lotlhe fela e e ka dirang gore dilo tsa lefatshe di abelwe batho ka tekatekano.—Bala Moreri 4:1; 8:9.

2. Ke mang yo o tshwanelegang go busa lefatshe lotlhe?

Kgopolo ya gore go nne le mmusi wa lefatshe lotlhe ga e amogelesege, ka gonne ga g

o na monna kgotsa mosadi yo o ka busang sentle. Ga go na motho yo o ka amogelwang ke batho botlhe. Gape ga go na motho ope yo o ka busang batho ba bangwe kwantle ga go ba gatelela. Kgopolo ya gore go nne le mmusaesi yo o busang batho botlhe e a tshosa.—Bala Diane 29:2; Jeremia 10:23.

Jehofa Modimo o tlhophile Morwawe e bong Jesu go busa batho ka bosakhutleng. (Luke 1:32, 33) Jesu o kile a tshela mo lefatsheng. Fa a ne a le mo lefatsheng o ne a fodisa balwetse, a ruta ba ba pelonolo e bile a fetsa nako le bana. (Mareko 1:40-42; 6:34; 10:13-16) Ka jalo, Jesu ke ene Mmusi yo o tshwanelegang.—Bala Johane 1:14.

3. A tota go a kgonega gore go nne le puso ya lefatshe lotlhe?

Modimo o tlhomile Morwawe go busa lefatshe a le kwa legodimong. (Daniele 7:13, 14) Fela jaaka mmusi wa motho a sa tlhoke gore a nne teng kwa toropong nngwe le nngwe e a e busang, Jesu le ene ga a tlhoke go tla mo lefatsheng gore a buse batho.—Bala Mathaio 8:5-9, 13.

A batho botlhe ba tla amogela Jesu e le Mmusi? Nnyaa. O tla amogelwa fela ke batho ba ba ratang go dira se se molemo. Jehofa o tla fedisa batho ba ba ganang Mmusi yo o lorato le yo o siameng yo a mo tlhomileng.—Bala Mathaio 25:31-33, 46.

4. Mmusi wa lefatshe o tla dira eng?

Fela jaaka modisa a phutha dinku tsa gagwe, Jesu le ene o setse a phutha batho ba ba pelonolo go tswa mo ditšhabeng tsotlhe mme o ba ruta ditsela tsa Modimo tsa lorato. (Johane 10:16; 13:34) Batho bao e nna balatedi ba ba tlhoafetseng ba ga Jesu e bile ba ema nokeng bogosi jwa gagwe. (Pesalema 72:8; Mathaio 4:19, 20) Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ba ikanyegang ba ba tla busiwang ke Jesu, ba itsise batho gore Jesu e setse e le Kgosi ba le seoposengwe.—Bala Mathaio 24:14.

Go ise go ye kae, Jesu o tla tsaya kgato a dirisa maatla a gagwe go golola batho mo mebusong e e sa ikanyegeng mo bathong. O tlhophile bangwe ba balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba buse lefatshe mmogo le ene e le dikgosi ba le kwa legodimong. (Daniele 2:44; 7:27) Bogosi jwa ga Jesu bo tla dira gore lefatshe le tlale kitso ya ga Jehofa e bile bo tla dira gore paradaise e e neng ya latlhega kwa tshimologong e boe e nne teng.—Bala Isaia 11:3, 9; Mathaio 19:28.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela