LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 12/1 ts. 3
  • Go Batla Moya wa Keresemose

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Batla Moya wa Keresemose
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Keresemose?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Nako ya Keresemose—E Remeletse mo go Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 12/1 ts. 3

Go Batla Moya wa Keresemose

“Go motlhofo gore o iphitlhele o le mo mmudubudung wa paka ya malatsi a boikhutso. Ngwao ya malatsi a boikhutso e setse e nna seomodiro fela, ka jalo nako ya go nna le ba lelapa le ditsala e ka nna nako e khutshwane ka ntlha ya ditiro tsa nako eo. Boitumelo jo re tshwanetseng go nna le jone, ka dinako dingwe ga bo bonale ka ntlha ya go gatelelwa mo maikutlong.”—BRAD HENRY YO O KILENG A NNA MMUSI WA OKLAHOMA [U.S.A.], DECEMBER 23, 2008.

ERE ka nako ya Keresemose e ntse e atamela, dipina, difilimi le mananeo a thelebishene a rotloetsa malatsi a boikhutso a a itumedisang le a a kgatlhang—moya wa Keresemose. O akanya gore ke eng se se tshwanetseng sa nna botlhokwa thata ka paka eo? A e tla nna

  • Go gopola Jesu Keresete?

  • Go nna le seabe mo boitumelong jwa go aba?

  • Go thusa batho ba ba tlhokang?

  • Go fetsa nako le ba lelapa?

  • Go rotloetsa kagiso?

Fela jaaka Mmusi Henry yo o nopotsweng fa thoko a tlhalosa, mo bathong ba le bantsi ba ba ketekang Keresemose go thata go fitlhelela mekgele eo ka paka ya malatsi a boikhutso. Gantsi ka nako ya Keresemose go a tlhanasela, batho ba ngomoga pelo mme mo godimo ga moo, go dirwa kgwebo. A ga go kgonege gore motho a nne le boitumelo le lorato tse di tshwanetseng go nna gone ka Keresemose?

Baebele e re kgothaletsa rotlhe go gopola Jesu Keresete, go aba ka bopelotshweu, go thusa batho ba ba tlhokang le go nna le nako e ntsi le ba malapa a rona. Gape e re ruta gore re ka nna le kagiso jang. Ka jalo, go na le gore re tlotle ka gore ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba sa keteke Keresemose,a motseletsele ono wa ditlhogo o tla sekaseka dipotso tse di latelang:

  • Bangwe ba akanya gore lebaka la go keteka Keresemose e tshwanetse go nna lefe?

  • Ke ka ntlha yang fa e le kgwetlho go fitlhelela se ba se solofetseng ka Keresemose?

  • Ke melaometheo efe ya Baebele e e thusitseng dimilione tsa batho go bona sengwe se se botoka go na le Keresemose?

a Go bona mabaka a Dikwalo a go bo batho bangwe ba tlhopha go sa keteke Keresemose, bona setlhogo se se reng “Babadi ba a Botsa—Ke ka Ntlha Yang fa Batho Bangwe ba sa Keteke Keresemose?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela