LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 2/1 ts. 4
  • Moshe—Monna yo o Neng A Na Le Tumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moshe—Monna yo o Neng A Na Le Tumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Etsa Tumelo ya ga Moshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • A o Bona “Ene Yo o Sa Bonaleng”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 2/1 ts. 4

Moshe—Monna yo o Neng A Na Le Tumelo

TUMELO KE ENG?

Lefoko “tumelo” le le dirisiwang mo Baebeleng le akaretsa go nna le tumelo e e tiileng e e theilweng mo bosuping jo bo nonofileng. Motho yo o nang le tumelo mo Modimong o tlhatswegile pelo gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tsotlhe.

MOSHE O NE A BONTSHA JANG TUMELO?

Moshe o ne a dira ditshwetso tse di bontshang gore o dumela ditsholofetso tsa Modimo. (Genesise 22:15-18) O ne a na le tshono ya go tshela botshelo jo bo monate mo manobonobong a kwa Egepeto mme o ne a tlogela tshono eo, “a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana.” (Bahebera 11:25) A e ne e le tshwetso e a e dirileng a sa akanye, e a neng a tla e ikwatlhaela moragonyana? Nnyaa, ka gonne Baebele ya re Moshe “o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:27) Moshe ga a ise a ko a ikwatlhaele ditshwetso tse a ileng a di dira tse di theilweng mo tumelong.

Moshe o ne a batla go thusa batho ba bangwe gore ba nne le tumelo e e nonofileng. Ka sekai, akanya ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba gaeletswe mo gare ga masole a ga Faro le Lewatle le Lehibidu. E re ka ba ne ba tshositswe ke se go neng go bonala e le masetlapelo a a neng a tla tloga a ba wela, Baiseraele ba ne ba kopa thuso kwa go Jehofa le mo go Moshe. Moshe o ne a itshwara jang?

Moshe a ka tswa a ne a sa itse gore Modimo o ne a tla tloga a kgaoganya Lewatle le Lehibidu, e le gore a bulele Baiseraele tsela ya go falola. Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a tlhomamisegile gore Modimo o tla dira sengwe go sireletsa batho ba gagwe. Mme Moshe o ne a batla gore Baiseraele ka ene le bone ba tlhomamisege ka seo. Re bala jaana: “Moshe a raya batho a re: ‘Lo se ka lwa boifa. Emang lo nitame mme lo bone poloko ya ga Jehofa, e a tla e lo direlang gompieno.’” (Ekesodo 14:13) A Moshe o ne a kgona go nonotsha tumelo ya Baiseraele ka ene? Ee o ne a kgona, ka gonne Baebele e bolela jaana e seng ka Moshe fela mme le ka Baiseraele botlhe: “Ka tumelo ba ne ba feta ba raletse Lewatle le Lehibidu jaaka mo lefatsheng le le omileng.” (Bahebera 11:29) Tumelo ya ga Moshe ga ya ka ya solegela ene fela molemo mme e ne ya solegela mongwe le mongwe yo o neng a etsa sekao sa gagwe molemo.

RE ITHUTA ENG MO GO SENO?

Re ka etsa Moshe ka go dira ditshwetso tse di bontshang gore re dumela ditsholofetso tsa Modimo. Ka sekai, Modimo o solofetsa gore o tla re naya dilo tse re di tlhokang fa re dira gore kobamelo ya gagwe e tle pele mo matshelong a rona. (Mathaio 6:33) Gone ke boammaaruri gore go ka nna thata go tila go gagamalela dilo tse di bonalang ka gonne ke se batho ba le bantsi ba se dirang gompieno. Mme re ka tlhomamisega gore fa re dira sotlhe se re ka se kgonang, go dira gore botshelo jwa rona bo se ka jwa raraana e bile re tlhoma mogopolo mo kobamelong ya rona, Jehofa o tla re tlhokomela ka sengwe le sengwe se re se tlhokang. O re tlhomamisetsa jaana: ‘Ruri ga ke na ke lo tlogela ka gope le fa e le go lo latlha ka gope.’—Bahebera 13:5.

Gape re leka go thusa ba bangwe gore tumelo ya bone e gole. Ka sekai, batsadi ba ba botlhale ba lemoga gore ba na le tshono e ntsi ya go nonotsha tumelo ya bana ba bone. Fa bana ba ntse ba gola, ba tlhoka kitso e e botlhokwa ya gore Modimo o teng le gore o re neile melao ya se se siameng le se se sa siamang. Mo godimo ga moo, batsadi ba tshwanetse go tlhomamisa gore bana ba bone ba tlhaloganya gore go latela melao ya Modimo ruri ke tsela e e molemo ya botshelo. (Isaia 48:17, 18) Batsadi ba naya bana ba bone mpho e e tlhwatlhwakgolo fa ba ba thusa go dumela gore Modimo ke motho “wa mmatota le gore o duela ba ba lekang go mmatla ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6, Holy Bible—Easy-to-Read Version.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela