LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 5/1 ts. 14
  • A Tota Jehofa o Amega ka Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tota Jehofa o Amega ka Wena?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Amega ka Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Tota Go na Le Mongwe yo o Amegang ka Nna?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Wena Jehofa, . . . O a Nkitse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Bapala Pelo e e Amogelwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 5/1 ts. 14

ATAMALANA LE MODIMO

A Tota Jehofa o Amega ka Wena?

“Go ikutlwa o se motho wa sepe ke sekgoreletsi se segolo se ke lekang go se fenya.” Mosadi mongwe yo o neng a go fitlhela go le thata go dumela gore Jehofa o tla tsamaya a nna le lebaka la go amega ka ene o ne a bolela jalo. A le wena o ikutlwa jaaka ene? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘A tota Jehofa o amega ka mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe?’ Karabo ke ee! Mafoko a ga Jesu a bontsha gore Jehofa o amega ka rona.—Bala Johane 6:44.

Jesu, yo o itseng botho jwa ga Jehofa botoka le go rata ga gagwe go gaisa ope fela o ne a reng? (Luke 10:22) Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” Ka gone, re ka se nne balatedi ba ga Keresete—le baobamedi ba Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa—fa Jehofa ka boene a sa re goge. (2 Bathesalonika 2:13) Fa re tlhaloganya gore mafoko a ga Jesu a kaya eng, re tla kgona go bona bosupi jo bo nonofileng jwa gore Modimo o amega ka rona mo mafokong a gagwe.

Go kaya eng gore Jehofa o a re goga? Lediri la Segerika le le ranotsweng e le “goga” le dirisiwa gape fa go buiwa ka go gogela ditlhapi mo letloweng. (Johane 21:6, 11) A Jehofa o re goga le fa re sa batle, a re pateletsa go mo direla? Nnyaa. Jehofa o re neile kgololesego ya go kgona go itlhophela, ka jalo, ga a bule dipelo tsa rona ka go re pateletsa. (Duteronome 30:19, 20) Jehofa o hukutsa dipelo tsa batho ba le dimilione mo lefatsheng leno, a batla batho ba ba nang le boikutlo jo bo siameng. (1 Ditiragalo 28:9) Fa a bona motho yo o ntseng jalo, o tsiboga ka tsela e e lorato. Jang?

Jehofa o ngoka, kgotsa o goga pelo ya motho yo o nang le “tshekamelo e e siameng” ka bonolo. (Ditiro 13:48) Jehofa o dira jalo ka ditsela di le pedi—ka molaetsa wa Baebele wa dikgang tse di molemo, tse di fitlhang mo go mongwe le mongwe wa rona le ka moya wa gagwe o o boitshepo. Fa Jehofa a bona pelo e e ratang dithuto tse di boammaaruri tsa Baebele, o dirisa moya wa gagwe go thusa motho yoo go tlhaloganya le go dirisa boammaaruri joo mo botshelong jwa gagwe. (1 Bakorintha 2:11, 12) Kwantle ga thuso ya Modimo, le ka motlha re ka se nne balatedi ba ga Jesu le baobamedi ba ba ineetseng ba ga Jehofa.

“Jehofa o re neile kgololesego ya go itlhophela ka jalo ga a bule dipelo tsa rona ka pateletso”

Ka gone, mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 6:44 a re ruta eng ka Jehofa Modimo? Jehofa o goga batho ka gonne a bona sengwe se se siameng mo dipelong tsa bone e bile o amega ka mongwe le mongwe wa bone. Go tlhaloganya boammaaruri jono jo bo kgotsofatsang go ile ga gomotsa mosadi yo o umakilweng kwa tshimologong. A re: “Go nna motlhanka wa ga Jehofa ke tshiamelo e kgolo e motho ope a ka nnang le yone. Mme fa e le gore Jehofa o ntlhophile go nna motlhanka wa gagwe, go raya gore ke tshwanetse ka bo ke le botlhokwa mo go ene.” Go tweng ka wena? A go itse gore Jehofa o amega ka mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe go go rotloetsa go mmulela pelo ya gago?

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka May

Luke 22–Johane 16

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela