LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 7/1 ts. 7
  • A go Na le Bodumedi Jo bo Ka Ikanngwang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Na le Bodumedi Jo bo Ka Ikanngwang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Bona Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 7/1 ts. 7

A go Na le Bodumedi Jo bo Ka Ikanngwang?

Fa bodumedi bongwe bo kile jwa go kgoba marapo, go ka nna thata gore go nne le bodumedi jo o ka bo ikanyang. Mme tlhomamisega gore go na le bodumedi jo o ka bo ikanyang. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a phutha setlhopha sa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang mme a se ruta go tshela ka melao ya Modimo. Balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete—batho ba ba lekang thata go tshela ka melaometheo ya Bokeresete—ba sa ntse ba le teng. O ka ba bona kae?

Estelle, yo o umakilweng mo setlhogong se se kwa pelenyana a re: “Kgabagare ke ne ka simolola go ithuta Baebele fa ke ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Ga go a ka ga ntsaya nako e telele go tlhaloganya Johane 8:32, e e reng: ‘Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.’”

Ray, yo le ene a umakilweng pelenyana a re: “Fa ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ile ka ithuta gore ga se Modimo yo o dirang gore batho ba boge. Ke ile ka itumelela go bona gore le fa Modimo a na le lebaka le le utlwalang la go letlelela boikepo gone jaanong, gape o solofetsa gore go ise go ye kae, o tla bo fedisa.”

Gone ke boammaaruri gore go thata go dira se se siameng fa batho ba le bantsi ba tshela botshelo jwa boitsholo jo bo repileng. Mme go ka kgonega. Batho ba le bantsi ba eletsa gore ba thusiwe go tlhaloganya le go dirisa se Baebele e se rutang. Ke ka lebaka leo Basupi ba ga Jehofa ba tshwarelang batho ba le dimilione go ralala lefatshe dithuto tsa mahala tsa Baebele. Beke nngwe le nngwe, batho ba le diketekete ba ithuta se tota Baebele e se rutang. Ka go dira jalo, ba atamalana le Mmopi wa bone e bile ba tshela botshelo jo bo itumetseng.a

Ke eng o sa botse Basupi ba ga Jehofa gore ke ka ntlha yang fa ba ikanya bodumedi jwa bone?

Fa o kopana gape le Basupi ba ga Jehofa, ke eng o sa ba botse gore ke ka ntlha yang fa ba ikanya bodumedi jwa bone? Sekaseka dithuto tsa bone le tsela e ba tshelang ka yone. Go tswa foo, o bo o itirela tshwetso ya gore a go na le bodumedi jo o ka bo ikanyang.

a Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela