LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 8/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Dithapelo Tse di Arabiwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Dithapelo tsa Bomang Tse Di Arabiwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 8/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A Modimo o reetsa dithapelo tsotlhe?

Modimo o reetsa batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe. (Pesalema 145:18, 19) Lefoko la gagwe, Baebele, le re kgothaletsa go bua le ene ka sengwe le sengwe se se re tlhobaetsang. (Bafilipi 4:6, 7) Le fa go ntse jalo, dithapelo dingwe ga di itumedise Modimo. Ka sekai, ga a itumedisiwe ke dithapelo tse di boaboelediwang tse re di tshwereng ka tlhogo.—Bala Mathaio 6:7.

Gape, Jehofa ga a rate dithapelo tsa batho ba ba itlhokomolosang molao wa gagwe ka boomo. (Diane 28:9) Ka sekai, mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, Modimo o ne a gana go reetsa dithapelo tsa Baiseraele ba ba neng ba na le molato wa go bolaya. E le gore Modimo a utlwe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go latela melao ya gagwe e e rileng.—Bala Isaia 1:15.

Re tshwanetse go dira eng gore Modimo a re utlwe?

Re ka se kgone go rapela Modimo fa re se na tumelo. (Jakobe 1:5, 6) Re tshwanetse go tlhomamisega gore o teng le gore o amega ka rona. Re ka nonotsha tumelo ya rona ka go ithuta Baebele, ka gonne tumelo ya boammaaruri e theilwe mo bosuping le tsholofetso e e mo Lefokong la Modimo.—Bala Bahebera 11:1, 6.

Re tshwanetse go rapela ka tlhoafalo le ka boikokobetso. Tota le Morwa Modimo, Jesu, o ne a le boikokobetso fa a rapela. (Luke 22:41, 42) Ka jalo, go na le gore re bolelele Modimo gore a direng, re tshwanetse go leka go tlhaloganya melao ya gagwe ka go bala Baebele. Ka go dira jalo, re ka kgona go rapela go ya ka thato ya Modimo.—Bala 1 Johane 5:14.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 17 ya buka eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

O ka itseela yone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela