LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 1/1 ts. 6-7
  • Loso ga se Bokhutlo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Loso ga se Bokhutlo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘FA MONNA SWA, A O KA TSHELA GAPE?’
  • BASWI BA TLA TSOGA LENG?
  • Tsholofelo ya Baswi—Tsogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Go Tla Direga Eng fa re Swa?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Dimilione Tse Jaanong Di Suleng Di Tla Tshela Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 1/1 ts. 6-7
Lasaro o tsosiwa mo baswing a bo a ntshiwa mo lebitleng ke Jesu.

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | A LOSO KE BOKHUTLO?

Loso ga se Bokhutlo!

Bethani e ne le motsana o o bokgakala jwa dikilometara di le tharo go tswa kwa Jerusalema. (Johane 11:18) Go ne ga direga sengwe se se hutsafatsang dibeke di le mmalwa pele ga loso lwa ga Jesu. Lasaro, mongwe wa ditsala tsa ga Jesu tse dikgolo, o ne a lwala ka tshoganyetso mme a swa.

Fa Jesu a utlwa dikgang tseo la ntlha, o ne a raya barutwa ba gagwe a re Lasaro o robetse le gore o ikaeletse go ya go mo tsosa. (Johane 11:11) Mme barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa tlhaloganye se Jesu a neng a se bolela, ka jalo, o ne a ba bolelela jaana ka tlhamalalo: “Lasaro o sule.”—Johane 11:14.

Malatsi a le manè morago ga gore Lasaro a fitlhwe, Jesu o ne a goroga kwa Bethani mme a leka go gomotsa Maratha, kgaitsadie moswi. Maratha o ne a re: “Fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.” (Johane 11:17, 21) Jesu o ne a araba a re: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.”—Johane 11:25.

“Lasaro, tswa!”

Go bontsha gore mafoko ao e ne e se tsholofelo fela e e sa kayeng sepe, Jesu o ne a atamela lebitla mme a goa a re: “Lasaro, tswa!” (Johane 11:43) Batho ba ba neng ba lebile ba ne ba gakgamala fa monna yo o suleng a tswa.

Jesu o ne a kile a tsosa batho babedi pele ga foo. Mo lekgetlhong le lengwe o ne a tsosa mosetsanyana mongwe mo baswing—morwadia Jairo. Pele fela ga fa Jesu a mo tsosa, o ne a tlhalosa gore le ene o robetse.—Luke 8:52.

Ela tlhoko gore mo kgannyeng ya ga Lasaro le ya morwadia Jairo, Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko. Ke papiso e e tshwanelang. Ka ntlha yang? Fa motho a robetse, o mo seemong sa go sa utlwe sepe mme seo se tlhalosa sentle kgopolo ya go ikhutsa mo botlhokong le bo pogong. (Moreri 9:5; bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng, “Loso lo Tshwana le Boroko jo bo Kwa Teng.”) Barutwa ba ga Jesu ba bogologolo, ba ne ba tlhaloganya seemo sa baswi sentle. Encyclopedia of Religion and Ethics ya re: “Mo barutweng ba ga Jesu, loso lwa gagwe e ne e le boroko, mme lebitla e ne e le lefelo la go ikhutsa . . . la batho ba ba ileng ba swa ba na le tumelo.”

Go a re gomotsa go itse gore baswi ba robetse mo lebitleng le gore ga ba boge. Ka jalo, re tlhaloganya gore loso ke eng mme ga re tlhole re tlhoka go lo boifa.

‘FA MONNA SWA, A O KA TSHELA GAPE?’

Le fa gone re itumelela go ikhutsa sentle bosigo, ke mang yo o batlang go robalela ruri? Re na le tsholofelo efe ya gore baswi ba ba robetseng mo mabitleng ba tla boa ba tshela gape—jaaka Lasaro le morwadia Jairo?

Tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a botsa yone potso eo fa ne a akanya gore o tla tloga ga swa. O ne a botsa a re: ‘Fa monna a swa, a o ka tshela gape?’—Jobe 14:14.

Fa Jobe a bua le Modimo Mothatayotlhe, o ne a araba potso e a e boditseng a re: “O ne o ka bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:15) Jobe o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o ne a eletsa go bona letsatsi le ka lone a tla tsosang motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang. A Jobe o ne a ijesa dijo tsa ditoro fela? Le e seng.

Fa Jesu a ne a tsosa baswi, e ne e le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Modimo o mo neile maatla a go fenya loso. Tota e bile, Baebele ya re Jesu o na le “dilotlolo tsa loso.” (Tshenolo 1:18) Ka jalo, fela jaaka Jesu a ne a na le maatla a go tsosa Lasaro mo losong, o na le maatla a go tsosa baswi mo isagweng.

Gangwe le gape Baebele e boeletsa tsholofetso eno ya tsogo. Moengele mongwe o ne a tlhomamisetsa moporofeti Daniele jaana: “O tla ikhutsa, mme o tla emela kabelo ya gago ka dinao kwa bokhutlong jwa metlha.” (Daniele 12:13) Jesu o ne a raya Basadukae, baeteledipele ba Bajuda ba ba neng ba re ga go na tsholofetso ya tsogo a re: “Lo fositse, ka gonne ga lo itse Dikwalo le fa e le maatla a Modimo.” (Mathaio 22:23, 29) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

BASWI BA TLA TSOGA LENG?

Tsogo eno ya batho ba ba siameng le ba ba sa siamang e tla direga leng? Moengele o ne a raya Daniele yo o siameng a re o tla tsoga “kwa bokhutlong jwa metlha.” Maratha le ene o ne a dumela gore kgaitsadie, e bong Lasaro, o tla “tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.”—Johane 11:24.

Baebele e amanya “letsatsi la bofelo” le go busa ga Bogosi jwa ga Keresete. Paulo o ne a re: “Gonne [Keresete] o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe. Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakorintha 15:25, 26) Leno ke lebaka le le utlwalang la go bo re tshwanetse go rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle le gore go rata ga Modimo go diragadiwe mo lefatsheng.a

Jaaka Jobe a ne a itse, go rata ga Modimo ke go tsosa baswi. Fa letsatsi leo le fitlha, ruri loso lo tla nyelediwa. Mme ga go na ope yo o tla tlholang a ipotsa gore ‘A loso ke bokhutlo?’

a Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo, bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. O ka itseela yone mo go www.jw.org/tn.

Loso lo Tshwana le Boroko jo bo Kwa Teng

  • “Phatsimisa matlho a me, gore ke se ka ka robala mo losong.”—Pesalema 13:3.

  • “‘Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.’ Jalo barutwa ba mo raya ba re: ‘Morena, fa e le gore o ile go ikhutsa, o tla fola.’ Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe.”—Johane 11:11-13.

  • “Dafide, mo letlhakoreng le lengwe, o ne a direla thato e e boletsweng ka phepafalo ya Modimo mo kokomaneng ya gagwe [a ba a] robala mo losong.”—Ditiro 13:36.

  • “Keresete o tsositswe mo baswing, mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.”—1 Bakorintha 15:20.

  • “Ga re batle gore lo nne lo se na kitso ka ga ba ba robalang mo losong; gore lo se ka lwa hutsafala fela jaaka ba bangwe botlhe ba ba se nang tsholofelo le bone ba hutsafala.”—1 Bathesalonika 4:13.

Baswi ba Tla Tsoga

  • ‘Baswi ba gago ba tla tshela. Ditopo tsa me di tla tsoga. Tsogang lo goe ka boipelo!’—Isaia 26:19.

  • ‘Ba le bantsi mo go ba ba robetseng mo loroleng lwa mmu ba tla tsoga.’—Daniele 12:2.

  • “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela