LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 1/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Dira Eng fa Wena le Batho ba Bangwe lo sa Tshwarwe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • O ka Kgona go Itshokela go Tlhoka Tshiamiso!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Modimo O tla ke A Dire Sengwe ka Tshiamololo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “A . . . Modimo Ga a Na Tshiamiso?”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 1/1 ts. 16
Mosadi yo o nang le bana mme ba tshelela mo lehumeng le legolo

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Modimo ke motho wa mofuta ofe?

Modimo ke motho yo o sa bonaleng wa moya. O bopile magodimo le lefatshe le sengwe le sengwe se se tshelang. Ga go na ope yo o bopileng Modimo—ga a na tshimologo. (Pesalema 90:2) Modimo o batla gore batho ba mmatle le go itse boammaaruri ka ene.—Bala Ditiro 17:24-27.

Modimo ke motho yo re ka itseng leina la gagwe. Re ka ithuta ka dingwe tsa dinonofo tsa gagwe ka go tlhatlhanya ka dilo tse a di dirileng. (Baroma 1:20) Mme gore re itse Modimo sentle, re tshwanetse go ithuta Lefoko la gagwe e leng Baebele. Le dira gore re itse ka botho jwa Modimo jo bo lorato.—Bala Pesalema 103:7-10.

Modimo o ikutlwa jang ka tshiamololo?

Mmopi wa rona, Jehofa, o tlhoile tshiamololo. O bopile batho mo setshwanong sa gagwe. (Duteronome 25:16) Ke ka lebaka leo bontsi jwa rona re tlhoileng tshiamololo. Tshiamololo e ntsi e e leng teng ga e bakiwe ke Modimo. Modimo o file motho kgololesego ya go itlhophela. Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba dirise kgololesego eo ya go itlhophela sentle mme ba dira tshiamololo. Pelo ya ga Jehofa e utlwa botlhoko.—Bala Genesise 6:5, 6; Duteronome 32:4, 5.

Jehofa o rata tshiamiso e bile a ka se ka a letlelela tshiamololo go ya go ile. (Pesalema 37:28, 29) Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae Modimo o tla fedisa tshiamololo yotlhe.—Bala 2 Petere 3:7-9, 13.

Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae Modimo o tla tlisetsa batho botlhe tshiamiso

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 1 ya buka eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

O ka itseela yone mo go www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela