LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 6/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri
    Tsogang!—2023
  • Mpho e e Nnelang Ruri e e Tswang Kwa Mmoping
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Polanete e e Tshelang
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
  • Se se Mo Makasineng Ono wa Tsogang!
    Tsogang!—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 6/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A go na le lebaka la go bo polanete ya rona e bopilwe?

Lekawana le tlhatlhanya ka mebala e e farologaneng ya popo

Lefatshe le ne le diretswe go nna legae le batho ba le itumelelang

Polanete ya rona e dirilwe gore dilo di kgone go tshela mo go yone. E na le metsi a le mantsi, a a leng botlhokwa mo botshelong. Go sekama ga lefatshe le go dikologa ga lone go direga ka tsela e e tshwanetseng e e dirang gore mawatle a se ka a tsidifala thata kgotsa a bela. Mme atemosefere ya lefatshe le maatla a makenete di sireletsa lefatshe mo marannyeng a a kotsi. Tsela e lefatshe le diphologolo di dirisanang mmogo ka gone e a gakgamatsa. Ke ka moo batho ba le bantsi ba swetsang ka gore go na le lebaka la go bo polanete ya rona e bopilwe.—Bala Isaia 45:18.

Mme gone o ka ipotsa jaana, ‘A pogo le go tlhoka tshiamiso ke karolo ya boikaelelo joo?’—Bala Duteronome 32:4, 5.

A boikaelelo jwa lefatshe bo tla fitlhelelwa?

Lefatshe le ne le bopetswe go nna legae le le itumedisang la batho ba ba tlotlanang e bile ba rata Mmopi wa bone. Ka jalo, botshelo jwa batho bo na le maikaelelo a magolo go feta dimela kgotsa diphologolo. Go fapaana le diphologolo, re kgona go tlhaloganya gore Mmopi wa rona ke mang e bile re kgona le go kgatlhegela le go etsa lorato le tshiamiso ya gagwe.—Bala Moreri 12:13; Mika 6:8.

Modiri wa rona a ka kgona go dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira. Re ka tlhomamisega gore o tla fedisa pogo le go tlhoka tshiamiso a bo a dira gore polanete ya rona e nne legae le le itekanetseng le le le itumedisang la batho.—Bala Pesalema 37:11, 29; Isaia 55:11.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 3 ya buka eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e teng mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela