LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 7/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 7/1 ts. 16
Rre o a rapela

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rapela?

Jehofa Modimo o batla gore re ikutlwe re gololesegile go bua le ene ka metlha ka dilo tse re tshwenyegileng ka tsone. (Luke 18:1-7) O a re reetsa ka gonne o a re kgatlhegela. E re ka Rraarona yo o kwa legodimong a re laletsa gore re mo rapele, ke ka ntlha yang fa re sa amogele taletso ya gagwe?—Bala Bafilipi 4:6.

Thapelo ga se tsela fela ya go kopa thuso. Go na le moo, e re thusa go atamalana le Modimo. (Pesalema 8:3, 4) Fa ka metlha re bulela Modimo mafatlha, re nna le botsalano jo bo atamalaneng thata le ene.—Bala Jakobe 4:8.

Re tshwanetse go rapela jang?

Fa re rapela, Modimo ga a batle gore re dirise mafoko a a raraaneng kgotsa go boaboeletsa dithapelo tse di tswang mo mogopolong wa rona. E bile ga re a tshwanela gore re bo re eme ka tsela nngwe e e sa tlwaelegang. Jehofa o re laletsa gore re mo rapele go tswa pelong. (Mathaio 6:7) Ka sekai, kwa Iseraele wa bogologolo, Hana o ne a rapela ka bothata jo bo ngomolang pelo jwa lelapa la gagwe. Moragonyana, fa tlalelo ya gagwe e kgolo e ne e fetoga go nna boipelo, o ne a rapela Modimo go tswa pelong a mo leboga.—Bala 1 Samuele 1:10, 12, 13, 26, 27; 2:1.

A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne! Re ka rapela Mmopi re mmolelela dilo tse re tshwenyegileng ka tsone. Gape re ka mo galaletsa le go mo leboga ka dilo tse a di dirang. Ruri ga re a tshwanela go itlhokomolosa tshiamelo eo e e tlhwatlhwakgolo.—Bala Pesalema 145:14-16.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 17 ya buka eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

E teng mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela