LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 7/15 ts. 7-11
  • “Jehofa o Itse ba e Leng ba Gagwe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Jehofa o Itse ba e Leng ba Gagwe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “KE NNA JEHOFA; GA KE A FETOGA”
  • “LOTSHWAO” LO LO DIRANG GORE RE NNE LE TUMELO MO GO JEHOFA
  • KOBAMELO YA MMATOTA GA E KE E NNA YA LEFELA
  • BOIKANYEGI JO BO FELELANG KA BOITUMELO
  • Batho ba ga Jehofa ba ‘Bakela Tshiamololo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A o Itsiwe ke Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ikobele Bolaodi Jwa Modimo ka Boikanyegi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke Eng Se se Ka re Thusang go Tshwara Lefoko la Boammaaruri Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 7/15 ts. 7-11
Moperesiti yo Mogolo e bong Arone o tshotse setsholamolelo se se nang le maswalo. Gaufi le ene, go eme Kora le balatedi ba gagwe ba ntsha maswalo

“Jehofa o Itse ba e Leng ba Gagwe”

“Fa mongwe a rata Modimo, yono o itsiwe ke ene.”—1 BAKOR. 8:3.

O TLA ARABA JANG?

  • Ke eng se se re tlhomamisetsang gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo ka se kgorelediwe?

  • Melao le melaometheo ya ga Jehofa e ka sobokanngwa ka dithuto dife tse pedi tsa konokono tse di boammaaruri?

  • Tumelo ya rona mo go Jehofa e nonotshiwa jang ke se re se ithutang mo go 2 Timotheo 2:19?

1. Anela maitemogelo a a tswang mo Baebeleng a a bontshang tsela e e phoso ya go akanya e batho bangwe ba Modimo ba neng ba na le yone. (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

MOSO mongwe Moperesiti yo Mogolo e bong Arone o ne a eme mo botsenong jwa motlaagana wa ga Jehofa, a tshotse setsholamolelo se se nang le maswalo. Gaufi le ene, go eme Kora le banna ba bangwe ba le 250 ba le bone ba neng ba ntshetsa Jehofa maswalo, mongwe le mongwe a tshotse setsholamolelo sa gagwe. (Dipa. 16:16-18) Fa o ne o ba gaodisa fela, o ne o ka akanya gore banna bano botlhe ke baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, go farologana le Arone, ba bangwe e ne e le batlhanogi ba ba boikgogomoso ba ba neng ba leka go itseela boperesiti. (Dipa. 16:1-11) Ba ne ba itsieditse ka go akanya gore Modimo o tla amogela kobamelo ya bone. Le fa go ntse jalo, go akanya ka tsela eo e ne e le go nyatsa Jehofa, yo o kgonang go bona se se mo dipelong le go lemoga boitimokanyi jwa bone.—Jer. 17:10.

2. Moshe o ne a bolelela pele eng, mme a mafoko a gagwe a ne a nna boammaaruri?

2 Se se kgatlhang ke gore, letsatsi pele ga foo, Moshe o ne a bolelela pele jaana: “Mo mosong Jehofa o tla itsise gore ke mang yo e leng wa gagwe.” (Dipa. 16:5) Go ile ga nna fela jalo, Jehofa o ne a farologana baobamedi ba boammaaruri le ba maaka fa ‘molelo o tswa kwa go Jehofa mme o laila Kora le banna ba ba makgolo a mabedi le masome a matlhano ba ba isang maswalo.’ (Dipa. 16:35; 26:10) Mme Jehofa a boloka Arone, e leng se se bontshang gore o ne a mo amogela e le moperesiti wa mmatota le moobamedi wa boammaaruri wa Modimo.—Bala 1 Bakorintha 8:3.

3. (a) Go ne ga diragala eng motlheng wa ga moaposetoloi Paulo? (b) Makgolo a dingwaga pelenyana, Jehofa o ne a tlhoma sekao sefe sa go dirisana le batlhanogi?

3 Go ne ga diragala se se tshwanang dingwaga di ka nna 1 500 morago ga foo, mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo. Batho bangwe ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba amogela dithuto tsa maaka; le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ba kopanela le phuthego. Motho yo o sa itseng sepe o ne a ka se lemoge pharologanyo magareng ga batlhanogi bano le ba bangwe mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, botlhanogi jwa bone bo ne bo ka nna kotsi mo Bakereseteng ba ba ikanyegang. Diphiri tseno tse di neng di apere letlalo la nku di ne tsa simolola go “phetsola tumelo ya bangwe.” (2 Tim. 2:16-18) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a lebe dilo jaaka batho ba di leba, mme Paulo o tshwanetse a bo a ne a itse seo go ya ka tsela e Modimo a neng a rarabolola ka yone botsuolodi jwa ga—Kora le balatedi ba gagwe—makgolokgolo a dingwaga pele ga foo. Ka jalo, a re sekasekeng temana nngwe e e kgatlhang e e mo Baebeleng mme re bone gore re ka ithuta eng mo go yone.

“KE NNA JEHOFA; GA KE A FETOGA”

4. Paulo o ne a tlhatswegile pelo ka eng, mme o ne a bontsha seo jang fa a kwalela Timotheo?

4 Paulo o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o kgona go bona kobamelo ya boitimokanyi, mme gape o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o kgona go bona batho ba ba mo ikobelang. Paulo o ne a bontsha seo sentle mo mafokong a a neng a tlhopha go a dirisa fa a ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo go kwalela Timotheo. Fa Paulo a sena go tlhalosa kotsi ya semoya e batlhanogi ba neng ba setse ba e tsentse bangwe mo phuthegong, o ne a kwala jaana: “Le fa go ntse jalo, motheo o o tiileng wa Modimo o nna o eme, o na le lotshwao lono, ‘Jehofa o itse ba e leng ba gagwe,’ le: ‘A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a bakele tshiamololo.’”—2 Tim. 2:18, 19.

5, 6. Ke eng se se kgatlhang ka tsela e ka yone Paulo a neng a dirisa mafoko “motheo o o tiileng wa Modimo,” mme mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a ama Timotheo jang?

5 Ke eng se se kgatlhang ka mafoko a Paulo a tlhophileng go a dirisa mo temaneng eno? Mo Baebeleng yotlhe, temana eno ke yone fela e nang le mafoko ano a a reng “motheo o o tiileng wa Modimo.” Baebele e dirisa lefoko “motheo” go tshwantshetsa dilo tse di farologaneng, go akaretsa le motse wa mmatota wa Jerusalema o e neng e le motsemogolo wa Iseraele wa bogologolo. (Pes. 87:1, 2) Seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa ga Jehofa le sone se ka tshwantshiwa le motheo. (1 Bakor. 3:11; 1 Pet. 2:6) Paulo o ne a akantse ka eng fa a ne a kwala ka “motheo o o tiileng wa Modimo”?

6 Paulo o umaka “motheo o o tiileng wa Modimo” ka tsela e e tshwanang le a ileng a dira ka yone fa a nopola mafoko a Moshe a neng a a bua ka Kora le balatedi ba gagwe, a a mo go Dipalo 16:5. Go bonala Paulo a ne a bua ka ditiragalo tsa mo motlheng wa ga Moshe e le fa a leka go kgothatsa Timotheo le go mo gopotsa gore Jehofa o kgona go lemoga ditiro tsa botsuolodi le go di emisa. Botlhanogi joo bo ne bo se kitla bo kgoreletsa boikaelelo jwa ga Jehofa fela jaaka Kora le ene a ile a palelwa ke go dira jalo makgolokgolo a dingwaga pele ga foo. Paulo ga a ka a tlhalosa dintlha tsotlhe malebana le gore “motheo o o tiileng wa Modimo” o ne o emela eng. Le fa go ntse jalo, mafoko a a a dirisitseng a tshwanetse a bo a ile tlhotlheletsa Timotheo gore a ikanye tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone.

7. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla dira dilo ka tshiamo le ka boikanyegi?

7 Melaometheo ya ga Jehofa ya maemo a a kwa godimo ga e fetoge. Pesalema 33:11 ya re: “Boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla ema ka bosakhutleng; dikakanyo tsa pelo ya gagwe di ya kokomaneng e nngwe morago ga kokomana e nngwe.” Ditemana tse dingwe di bua ka puso ya ga Jehofa, bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, tshiamo ya gagwe le boikanyegi e le tse di nnang ka bosakhutleng. (Ekes. 15:18; Pes. 106:1; 112:9; 117:2) Malaki 3:6 ya re: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” Ka tsela e e tshwanang, Jakobe 1:17 ya re Jehofa ‘ga a na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.’

“LOTSHWAO” LO LO DIRANG GORE RE NNE LE TUMELO MO GO JEHOFA

8, 9. Ke eng se re ithutang sone mo tshwantshanyong ya ga Paulo ya “lotshwao”?

8 Mafoko a ga Paulo a a mo go 2 Timotheo 2:19 a tlhalosa motheo o go kwadilweng molaetsa mo go one, jaaka e kete o beilwe lotshwao. Mo motlheng wa bogologolo, go ne go tlwaelegile gore motho a kwale sengwe mo motheong wa kago, gongwe e le go bontsha gore e agilwe ke mang kgotsa gore ke ya ga mang. Paulo e ne e le mokwadi wa ntlha wa Baebele go dirisa tshwantshanyo eno.a Lotshwao lo lo mo ‘motheong o o tiileng wa Modimo’ lo na le dikitsiso tse pedi. Ya ntlha ya re, “Jehofa o itse ba e leng ba gagwe,” mme ya bobedi ya re, “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a bakele tshiamololo.” Seno se re gopotsa se re se badileng mo go Dipalo 16:5.—E bale.

9 Re ithuta eng mo mafokong a ga Paulo a tshwantshanyo fa a umaka “lotshwao”? Mo bathong ba Modimo, melao le melaometheo ya ga Jehofa e ka sobokanngwa ka dintlha tseno tse pedi tse di boammaaruri: (1) Jehofa o rata ba ba ikanyegang mo go ene e bile (2) Jehofa o tlhoile tshiamololo. Se re ithutang sone fano, se amana jang le kgang ya botlhanogi mo phuthegong?

10. Ditiro tsa batlhanogi di ne tsa ama jang batho ba ba ikanyegang mo motlheng wa ga Paulo?

10 Go bonala Timotheo le ba bangwe ba ba ikanyegang ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwenyegile thata ka ditiro tsa batlhanogi ba ba neng ba le mmogo le bone mo phuthegong. Bakeresete bangwe ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore ke eng fa batho ba ba ntseng jalo ba ne ba letleletswe go nna karolo ya phuthego. Bangwe ba ba ikanyegang ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore a ruri Jehofa o bona pharologanyo e e teng gareng ga boikanyegi jwa bone mo go ene le kobamelo ya boitimokanyi ya batlhanogi bao.—Dit. 20:29, 30.

Timotheo le Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba sa tlhotlhelediwe ke ditiro tsa batlhanogi ba ba neng ba le mo gare ga bone

Timotheo o ne a ka se ka a tlhotlhelediwa ke ditiro tsa bao ba neng ba bontsha mekgwa ya botlhanogi (Bona serapa 10-12)

11, 12. Lekwalo le Paulo a neng a le kwalela Timotheo le ne la nonotsha jang tumelo ya gagwe?

11 Ga go pelaelo gore lekwalo la ga Paulo le ne la nonotsha tumelo ya ga Timotheo ka go mo gopotsa se se neng sa direga fa Arone yo o ikanyegang a ne a tlotlomadiwa mme Kora wa moitimokanyi le ditsala tsa gagwe ba ne ba senolwa, ba latlhwa le go nyelediwa. Tota e bile, Paulo o ne a tlhalosa gore le fa Bakeresete ba baitimokanyi ba ne ba le mmogo le bone mo phuthegong, Jehofa o tla lemoga ba tota e leng ba gagwe, fela jaaka a ile a dira mo motlheng wa ga Moshe.

12 Jehofa ga a fetoge; re ka mo ikanya. O tlhoile tshiamololo, mme mo nakong e e tshwanetseng o otlhaya batho ba ba leofang ba sa ikwatlhaye. E re ka Timotheo a ne a “bitsa leina la ga Jehofa,” o ne a gakololwa boikarabelo jo a neng a na le jone jwa go gana tlhotlheletso e e sa siamang ya Bakeresete ba e seng ba mmatota.b

KOBAMELO YA MMATOTA GA E KE E NNA YA LEFELA

13. Re ka tlhatswega pelo ka eng?

13 Le rona re ka nonotshiwa ke mafoko a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng. Sa ntlha, go a kgothatsa go itse gore Jehofa o lemoga sentle boikanyegi jwa rona mo go ene. Ga a lemoge fela a sa dire sepe. Go na le moo, Jehofa o kgatlhegela thata ba e leng ba gagwe. Baebele ya re: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditir. 16:9) Ka jalo, re ka tlhatswega pelo gore se re se direlang Jehofa go tswa “mo pelong e e phepa,” ga e ke e nna sa lefela.—1 Tim. 1:5; 1 Bakor. 15:58.

14. Ke kobamelo e ntseng jang e Jehofa a sa e amogeleng?

14 Gape go nametsa pelo go itse gore Jehofa ga a amogele kobamelo ya boitimokanyi. E re ka matlho a gagwe a “ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe,” o kgona go lemoga ba dipelo tsa bone di sa ‘felelang mo go ene.’ Diane 3:32 ya re “motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa,” go tshwana le motho yo o itirang e kete o kutlo mme gone a dira boleo mo sephiring. Le fa motho yo o bolotsana a ka nna a kgona go tsietsa batho ka lobakanyana, Jehofa, mothatayotlhe le morati wa tshiamo o re tlhomamisetsa gore “yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega.”—Dia. 28:13; bala 1 Timotheo 5:24; Bahebera 4:13.

15. Re tshwanetseng go tila eng, mme ka ntlha yang?

15 Batho ba le bantsi ba ga Jehofa ba ineetse ka pelo yotlhe mo go ene. Ga go a tlwaelega gore mongwe mo phuthegong a dire ka boomo fela mme a simolole go nna bolotsana mo tseleng e a obamelang Jehofa ka yone. Le fa go ntse jalo, fa go ile ga direga mo motlheng wa ga Moshe le ka nako ya phuthego ya Bokeresete ya ntlha, go ka nna ga direga le gompieno. (2 Tim. 3:1, 5) Mme gone, a re tshwanetse go belaela Bakeresete mmogo le rona re ipotsa gore a ruri ba a ikanyega mo go Jehofa? Le e seng! Go tla bo go le phoso go belaela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mme re sena mabaka a a utlwalang a go dira jalo. (Bala Baroma 14:10-12; 1 Bakorintha 13:7.) Mo godimo ga moo, go itlwaetsa go belaela bothokgami jwa ba bangwe mo phuthegong, go ka tsenya bomoya jwa rona mo kotsing.

16. (a) Mongwe le mongwe wa rona a ka nna a dira eng go thibela boitimokanyi go tsena mo pelong ya gagwe? (b) Re ka ithuta eng mo lebokoseng le le reng, “Nnang lo Leke . . . Nnang lo Ipontshe . . . ”?

16 Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ‘bontsha se tiro ya gagwe e leng sone.’ (Bagal. 6:4) E re ka re na le tshekamelo ya go leofa, ka dinako tsotlhe go nna go ntse go na le ditshono tsa gore re simolole go itlwaetsa mekgwa e e sa bontsheng bopeloephepa. (Baheb. 3:12, 13) Ka jalo, nako le nako re tshwanelwa ke go sekaseka maitlhomo a go bo re direla Jehofa. Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A ke obamela Jehofa ka go bo ke mo rata le go amogela bolaodi jwa gagwe? Kgotsa a ke tlhomile mogopolo thata mo masegong a ke solofelang go a itumelela kwa Paradaiseng?’ (Tshen. 4:11) Ga go pelaelo gore rotlhe re ka solegelwa molemo ke go nna re sekaseka ditiro tsa rona mme re tlose matshwao ape fela a boitimokanyi a a mo dipelong tsa rona.

BOIKANYEGI JO BO FELELANG KA BOITUMELO

17, 18. Ke eng fa re tshwanetse go obamela Jehofa ka bopeloephepa?

17 Fa re ntse re leka ka natla go nna re le peloephepa mo kobamelong ya rona, re bona masego a mantsi. Mopesalema a re: “Go itumela motho yo Jehofa a sa mmaleleng tlolo e le molato, le yo mo moyeng wa gagwe go se nang tsietso.” (Pes. 32:2) Ee, batho ba ba tlosang boitimokanyi mo dipelong tsa bone ba itumetse, mme ba tla ipela fela thata mo isagweng.

18 Ka nako e e tshwanetseng, Jehofa o tla senola botlhe ba ba dirang bosula kgotsa ba ba tshelang botshelo jwa boitimokanyo, a dira gore go bonale sentle “pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” (Mal. 3:18) Mme fa re ntse re letile seo, go nametsa pelo go itse gore “matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.”—1 Pet. 3:12.

a Tshenolo 21:14, e e kwadilweng masomesome a dingwaga morago ga gore Paulo a kwalele Timotheo, e umaka “maje a le lesome le bobedi a motheo” a a kwadilweng maina a baaposetoloi ba le 12.

b Setlhogo se se latelang, se sekaseka kafa re ka latelang sekao sa ga Jehofa ka gone ka go bakela tshiamololo.

“Nnang lo Leke . . . Nnang lo Ipontshe . . . ”

Mosadi mongwe o dirisa Baebele go itshekatsheka

RE KA sekaseka jang maitlhomo le dikeletso tsa dipelo tsa rona? Baebele e re gakolola jaana: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakor. 13:5) Go ka tswa go na le dikarolo dingwe tsa boitshwaro jwa rona tse gangwe le gape re tlhokang go di sekaseka ka kelotlhoko go tlhomamisa gore kobamelo ya rona ga e na boitimokanyi bope. Akanya ka dipotso tse di latelang tse re ka di dirisang go itshekatsheka:

  • Fa ke akgola mongwe kgotsa ke mmolelela gore ke amega ka ene, a ruri ke dira jalo go tswa pelong?—Pes. 12:2, 3; 1 Pet. 1:22.

  • A ke amogela baeng le go aba dimpho kwantle ga maitlhomo ape a bogagapa?—Math. 6:2-4.

  • A ke tshwara ba lelapa la me ka tsela e e lorato le go ba akanyetsa fa re le kwa gae le fa re le mo gare ga batho?—Bakol. 3:18-21.

  • A ka metlha boitshwaro jwa me bo dumalana le melaometheo ya Baebele e ke e rutang ba bangwe ka tlhoafalo?—Bar. 2:21-23.

Fa re lemoga gore re na le mekgwa mengwe e e sa siamang, re tla bo re dira sentle fa re leka ka thata go e latlha pele ga e nna karolo ya botho jwa rona. Morago ga foo, fela jaaka moaposetoloi Paulo, re ka nna ra ema fa pele ga Modimo mme re bo re re, “ga go ka nako epe re kileng ra tla ka puo e e borethe, (fela jaaka lo itse) kgotsa ka go fitlha keletso ya bopelotshetlha!”—1 Bathes. 2:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela