LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 8/1 ts. 3
  • A Modimo O a Go Kgathalela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo O a Go Kgathalela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Gomotsang Batho ba Me”
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • ‘Ela Tlhoko Thata go Feta Kafa go Tlwaelegileng ka Teng’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Nka Dira Eng Gore ke Nne Tsala ya Modimo?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Nka Tlhoma Mogopolo Jang mo Dilong?
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 8/1 ts. 3

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A MODIMO O A GO KGATLHEGELA?

A Modimo O a Go Kgathalela?

“Ke bogisitswe e bile ke humanegile. Jehofa o a ntlhokomela [kgotsa o a “nkgathalela”].”a—DAFIDE WA KWA ISERAELE, WA LEKGOLO LA BO11 LA DINGWAGA B.C.E.

Lerothodi le tswa mo kgamelong

“Ditšhaba di ntse jaaka lerothodi le le tswang mo kgamelong.”—ISAIA 40:15

A go ne go utlwala gore Dafide a solofele gore Modimo a mo kgathalele? A Modimo o a go kgathalela? Batho ba le bantsi ba thatafalelwa ke go dumela gore Modimo Mothatayotlhe o a ba kgathalela. Ka ntlha yang?

Lengwe la mabaka ke gore Modimo o mogolo thata go feta batho. Fa Modimo a leba ditšhaba a le mo boemong joo jo bo kwa godimo, “di ntse jaaka lerothodi le le tswang mo kgamelong; mme di kailwe jaaka lorole mo sekaleng.” (Isaia 40:15) Motshwayadiphoso mongwe wa bodumedi o ne a swetsa ka gore “ke go itseela kwa godimo go feta selekanyo go dumela gore go na le Modimo yo o kgatlhegelang se motho a se dirang.”

Batho bangwe bone ba tsaya gore boitshwaro jwa bone bo dira gore Modimo a se ka a ba kgathalela. Ka sekai, monna mongwe yo o bidiwang Jim a re: “Ke ne ke nna ke rapelela gore ke nne le kagiso le boikgapo mme go ise go ye kae ke ne ke galefa gape. Kgabagare ke ne ka swetsa ka gore ke motho yo o boikepo thata e bile Modimo a ka se kgone go nthusa.”

A Modimo o kgakala thata le batho mo a ka se kang a re kgatlhegela? Tota o ikutlwa jang ka dibopiwa tsa gagwe tse di ruileng boleo? Fa Modimo a sa neye batho kitso ka ga gagwe, ga go ope yo o ka kgonang go mo tlhalosa le go araba dipotso tseno. Le fa go ntse jalo, molaetsa wa Modimo o o tlhotlheleditsweng, o a o nayang batho—Baebele—o re tlhomamisetsa gore Modimo ga a kgakala le batho e bile o amega ka bone. Baebele ya re ‘tota, ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Mo ditlhogong tse nnè tse di latelang, re tla sekaseka se Modimo a re bolelelang sone malebana le gore o kgatlhegela batho le gore o bontshitse seno jang mo bathong ba ba jaaka wena.

a Pesalema 40:17; Jehofa ke leina la Modimo le le mo Baebeleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela