LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 8/1 ts. 4
  • Modimo O a Go Bona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo O a Go Bona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Reetsa Mme o Bontshe Kutlwelobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • “Tiragalo ya Tshwantshetso” e e Leng Botlhokwa mo go Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Batla Kaelo ya Modimo mo Dilong Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 8/1 ts. 4

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A MODIMO O A GO KGATLHEGELA?

Modimo O a Go Bona

“Matlho a [Modimo] a mo ditseleng tsa motho, mme o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe.”—JOBE 34:21.

Rre a tshameka le morwawe

Fa ngwana a le monnye, o tlhoka tlhokomelo ya batsadi thata

LEBAKA LA GO BO BANGWE BA BELAELA: Patlisiso nngwe ya bosheng ya re losagaripa lwa rona fela lo ka nna le bobotlana dipolanete di le dibilione di le 100. E re ka lobopo lo le logolo thata, batho ba le bantsi ba ipotsa go re, ‘A Mmopi yo o maatla a ka itshwenya ka go leba se batho ba ba kwa tlase ba se dirang mo polaneteng eno e nnye?’

SE LEFOKO LA MODIMO LE SE RUTANG: Modimo ga a re naya Baebele a bo a re tlogela fela. Go na le moo, Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Ke tla [go] naya kgakololo ke go beile leitlho.”—Pesalema 32:8.

Akanya ka Hagare, mosadi wa Moegepeto yo o neng a tshela mo lekgolong la bo20 la dingwaga B.C.E. Hagare o ne a sa tlotle mong wa gagwe e bong Sarai, ka jalo Sarai o ne a mo tlhabisa ditlhong mme Hagare a tshabela kwa nageng. E re ka jaanong Hagare a ne a dirile phoso, a Modimo o ne a se ka a tlhola a mo kgatlhegela? Baebele ya re: ‘Moengele wa ga Jehofa a mo fitlhela.’ Moengele yoo o ne a kgothatsa Hagare jaana: “Jehofa o utlwile pogisego ya gago.” Hagare o ne a raya Jehofa a re: “O Modimo wa pono.”—Genesise 16:4-13.

Le wena “Modimo wa pono” o a go bona. Ka sekai: Mmè yo o lorato o nna a lebile bana ba gagwe ka gonne fa ngwana a le monnye o tlhoka tlhokomelo thata. Ka tsela e e tshwanang, Modimo le ene o a re bona fa re le moya o o kwa tlase e bile re le bokoa. Jehofa a re: “Ke agile kwa bogodimong le kwa lefelong le le boitshepo, mmogo le yo moya wa gagwe o gateletsweng e bile o le kwa tlase, gore ke rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.”—Isaia 57:15.

Le fa go ntse jalo, o ka tswa o ipotsa: ‘Modimo o nteba jang? A o leba ponalo ya me ya ka fa ntle kgotsa se tota ke leng sone?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela