LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 9/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baengele ke Eng Kgotsa ke Bomang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dibopiwa Tsa Moya di re Ama Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Baengele—Kafa ba re Amang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 9/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A baengele ba ka re thusa?

Daniele a sirelediwa ke moengele mo mongobong wa ditau

Fela jaaka baengele mo nakong e e fetileng ba thusitse motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang Daniele, le gompieno ba thusa batho go solegelwa molemo ke dikgang tse di molemo

Jehofa Modimo o bopile dimilione tsa baengele lobaka lo loleele pele a bopa batho. (Jobe 38:4, 7) Baengele bano ke dibopiwa tse di maatla tse di direlang Modimo mme ka dinako tse dingwe o di romela go kaela le go sireletsa batlhanka ba gagwe mo lefatsheng. (Pesalema 91:10, 11) Gompieno, baengele ba thusa batho go solegelwa molemo ke dikgang tse di molemo tse di rerwang ke balatedi ba ga Jesu.—Bala Tshenolo 14:6, 7.

A re tshwanetse go rapela baengele gore ba re thuse? Nnyaa. Thapelo ke karolo ya kobamelo e e tshwanelang Modimo fela. (Tshenolo 19:10) E re ka baengele e le batlhanka ba Modimo, ba ikobela ditaelo tsa gagwe e seng tsa batho. Ka jalo, ka metlha re tshwanetse go rapela Modimo fela re dirisa leina la ga Jesu.—Bala Pesalema 103:20, 21; Mathaio 26:53.

A go na le baengele ba ba bosula?

Fela jaaka batho, baengele ba bopilwe ba na le bokgoni jwa go itlhopela go dira se se siameng kgotsa se se sa siamang. Ka maswabi, baengele ba le bantsi ba ne ba tsuologela Modimo. (2 Petere 2:4) Satane ke ene wa ntlha go tsuologa; ba bangwe ba ne ba latela mme ba fetoga madimona. Moragonyana Satane le madimona a gagwe ba ne ba lelekwa kwa legodimong mme ba latlhelwa mo lefatsheng.—Bala Tshenolo 12:7-9.

Go oketsega ga boikepo le thubakanyo fa e sa le ka 1914, ke sesupo sa gore mo bogautshwaneng Modimo o tla nyeletsa Satane le madimona a gagwe. Go tswa foo Modimo o tla dira gore lefatshe le boele mo maemong a lone a a itumedisang.—Bala Tshenolo 12:12; 21:3, 4.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 10 mo bukeng eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

E teng le mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela