LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 11/1 ts. 3
  • A Satane o Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Satane o Teng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o Disitse—Satane o Batla go go Kometsa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Satane
    Tsogang!—2013
  • Satane ke Mang? A ke Motho wa Mmatota?
    Tsogang!—2007
  • Itse Mmaba wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 11/1 ts. 3

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A SATANE O TENG?

A Satane o Teng?

Sefikantswe sa Satane e le moengele yo o oleng

Sefikantswe sa kwa Madrid, Spain, se bontsha Satane e le moengele yo o oleng wa lenweenwee

Ke goletse kwa El Salvador. Fa ke ne ke sa reetse, mmè o ne a tle a ntshosetse ka go re, ‘Diabolo o tlile go go utswa!’ Ke ne ke tle ke arabe ka go re, ‘A a tle!’ Ke ne ke dumela mo Modimong e seng mo go Satane.”—ROGELIO.

A o dumalana le Rogelio yo mmotlana? Ke efe ya dikgopolo tse di latelang e o dumalanang le yone?

  • Satane ga se motho wa mmatota; ke boikepo jo bo dirwang.

  • Satane o teng mme ga a kgatlhegele batho.

  • Satane ke sebopiwa se se maatla sa moya se se nang le tlhotlheletso e kgolo mo bathong.

Batho, gongwe ba le dimilione, ba dumalana le nngwe ya dikgopolo tseno. A go botlhokwa go itse gore ke efe ya tsone e e nepileng? Mme gone, fa e le gore Satane ga a yo, batho ba ba dumelang gore o teng ba tsieditswe. Fa e le gore Satane o teng mme ga a kgatlhegele batho, go raya gore batho ba bantsi ba ba kelotlhoko gore a se ka a ba tsietsa kgotsa ba ba mmoifang ba dira jalo kwantle ga lebaka. Mme fa e le gore Satane ke motsietsi yo o bofitlha, o kotsi thata go feta kafa batho ba ka akanyang ka gone.

Mma re sekaseke kafa Dikwalo Tse di Boitshepo di arabang dipotso tseno ka gone: Satane ke eng kgotsa ke mang—boikepo jo bo dirwang kgotsa motho wa moya? Fa e le gore Satane ke motho, a a ka go utlwisa botlhoko? Fa go le jalo, o ka itshireletsa jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela