LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 12/1 ts. 4
  • A o Itse Leina la Modimo e Bile O a Le Dirisa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Itse Leina la Modimo e Bile O a Le Dirisa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Leina la Modimo ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 12/1 ts. 4
Banna ba babedi ba bolelelana maina

SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA ATAMALANA LE MODIMO

A o Itse Leina la Modimo e Bile O a Le Dirisa?

A go na le tsala e o atamalaneng thata le yone mme o sa itse leina la yone? Ga go kgonege. Mosadi mongwe wa Mo-Bulgaria o ne a re: “O ka se atamalane le Modimo fa o sa itse leina la gagwe.” Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Modimo o batla gore o atamalane le ene. Ka jalo, o go ikitsisitse a dirisa Baebele ka go re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.”—Isaia 42:8.

Modimo o go ikitsisitse a dirisa Baebele ka go re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” —Isaia 42:8

A tota Jehofa o batla gore re dirise leina la gagwe? Akanya ka seno: Leina la Modimo, le le kwadilweng ka ditumammogo tse nnè tsa Sehebera tse di itsegeng e le Thaterakeramatone, le tlhaga ka makgetlo a ka nna 7 000 mo mokwalong wa ntlhantlha wa Dikwalo Tsa Sehebera. Ga go na leina lepe le lengwe le le tlhagang gantsi jaana mo Baebeleng. Ruri jono ke bosupi jwa gore Jehofa o batla gore o itse leina la gagwe o bo o le dirise.a

Gantsi botsala bo simolola ka gore batho ba babedi ba ikitsise maina. A o itse leina la Modimo?

Batho ba bangwe ba re e re ka Modimo a le boitshepo e bile e le mothatayotlhe, go tla bo go sa bontshe tlotlo go dirisa leina la gagwe. Boammaaruri ke gore go tla bo go sa siama go dirisa leina la Modimo ka tsela e e sa tshwanelang, fela jaaka o ne o ka se dire jalo ka leina la tsala ya gago. Mo godimo ga moo, ke thato ya ga Jehofa gore batho ba ba mo ratang ba tlotle leina la gagwe le go le itsise ba bangwe. (Pesalema 69:30, 31; 96:2, 8) Gakologelwa gore Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” Re ka itshepisa leina la Modimo ka go dira gore le itsiwe. Go dira jalo go re atamalanya thata le ene.—Mathaio 6:9.

Baebele e tlhalosa gore Modimo o lebisa tlhokomelo mo bathong “ba ba akanyang ka [kgotsa ba ba “tlotlomatsang”] leina la gagwe.” (Malaki 3:16) Jehofa o solofetsa jaana ka batho bao: “Ke tla mo sireletsa ka gonne o setse a itse leina la me. O tla mpitsa, mme ke tla mo araba. Ke tla nna le ene mo matshwenyegong.” (Pesalema 91:14, 15) Go botlhokwa gore re itse leina la ga Jehofa le go le dirisa fa re batla go nna le kamano e e molemo le ene.

a Ka maswabi, le fa leina la Modimo le tlhagelela ka makgetlo a mantsi jalo mo Dikwalong Tsa Sehebera tse di itsegeng e le Tesetamente e Kgologolo, dithanolo tse dintsi tsa Baebele ga di a le dirisa. Go na le moo, di emiseditse leina la Modimo ka direto tse di jaaka “Morena” kgotsa “Modimo.” Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, bona tsebe 195-197 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela