LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 1/1 ts. 16
  • Botshelo bo Simologile Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo bo Simologile Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diphologolo
    Tsogang!—2015
  • A Diphologolo di ya Legodimong?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Modimo o Amega ka Diphologolo?
    Tsogang!—2011
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 1/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Ke eng se se tlhotlheletsang batho ba bantsi go dumela gore go na le Mmopi?

Mmè a lebile losea lwa gagwe

A Botshelo ga bo Gakgamatse?

Dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng mmoki mongwe o ne a kwala jaana: “Ke dirilwe ka tsela e e boitshegang.” (Pesalema 139:14) Fa o akanya gore losea lo simolola e le sele e le nngwe fela, a seo ga se go gakgamatse? Batho ba bantsi ba tsaya gore dilo tse di tshelang di bopilwe ke Mmopi.—Bala Pesalema 139:13-17; Bahebera 3:4.

Mmopi wa lobopo lotlhe yo o dirileng gore lefatshe le kgone go nniwa, gape o tlhodile botshelo. (Pesalema 36:9) O ne a bua le batho e bile o a re ikitsise.—Bala Isaia 45:18.

A re tswa mo diphologolong?

Go na le dilo tse dintsi tse mebele ya rona e tshwanang le ya diphologolo ka tsone. Seno ke ka gonne Mmopi a bopile batho le diphologolo gore di nne mo lefatsheng. O bopile motho wa ntlha ka lorole, e seng go tswa mo phologolong.—Bala Genesise 1:24; 2:7.

Batho ba farologana le diphologolo ka ditsela tse pedi tsa botlhokwa. Sa ntlha, batho ba kgona go itse, go rata le go tlotla Mmopi. Sa bobedi, diphologolo di ne di sa bopelwa go tshelela ruri, batho ke bone ba ba neng ba bopetswe go tshelela ruri. Mme gone jaanong batho botlhe ba ruile loso ka gonne motho wa ntlha a ganne go kaelwa ke Mmopi.—Bala Genesise 1:27; 2:15-17.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 1 mo bukeng eno e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e teng mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela