LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 3/1 ts. 13-15
  • Mpho e e Tshwanelang Kgosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mpho e e Tshwanelang Kgosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO KGABAGANYA SEKAKA SA ARABIA
  • “E NE E NNA E LE KHUPAMARAMA”
  • Go Dirisiwa ga Ditlolontlafatsi mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Balema ya Gileade—Balema e e Fodisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 3/1 ts. 13-15
Ditshwaiso tse di farologaneng tse di nkgang monate

Dimpho Tse di Tshwanelang Kgosi

“Balepadinaledi ba ba tswang kwa . . . botlhaba . . . ba bula matlotlo a bone mme ba mo naya dimpho, gouta le lebano le mera.”—Mathaio 2:1, 11.

KE MPHO efe e o neng o ka e naya motho wa botlhokwa? Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele ditswaiso dingwe di ne di le botlhokwa jaaka gauta—di le tlhwatlhwakgolo mo di neng di ka newa kgosi e le dimpho.a Go a utlwala go bo mo dimphong tse balepadinaledi ba neng ba di naya “kgosi ya Bajuda,” tse pedi tsa tsone e ne e le ditswaiso tse di nkgang monate.—Mathaio 2:1, 2, 11.

Leokwane la balema

Leokwane la balema

Gape Baebele e bega gore kgosigadi ya Sheba e ne ya etela Solomone mme “a naya kgosi ditalenta di le lekgolo le masome a mabedi tsa gouta, le leokwane le lentsi thata la balema, le maje a a tlhokegang; mme go ne go ise go ke go nne le leokwane la balema le le ntseng jalo le kgosigadi ya Sheba e neng ya le naya Kgosi Solomone.”b (2 Ditiragalo 9:9) Dikgosi le tsone di ne tsa bontsha Solomone bopelontle ka go mo romelela leokwane la balema.—2 Ditiragalo 9:23, 24.

Ke eng fa ditswaiso le dilo tse di dirwang ka tsone di ne di le botlhokwa jaana e bile di ja madi a mantsi mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele? Ka gonne di ne di dirisiwa thata e le ditlolo tsa go intlafatsa, di dirisiwa mo meletlong ya kereke le go tshasa setopo. (Bona lebokose le le reng “Tsela e Ditswaiso di Neng di Dirisiwa ka Yone Bogologolo.”) Kwantle ga gore batho ba bantsi ba ne ba di batla thata, ditswaiso di ne di ja madi a mantsi ka ntlha ya ditshenyegelo tsa dipalangwa le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dimmaraka tsa madi.

GO KGABAGANYA SEKAKA SA ARABIA

Kasia

Kasia

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, dijalo dingwe tsa ditswaiso di ne di jadilwe mo Mokgatšheng wa Joredane. Le fa go ntse jalo, dingwe tsa tsone di ne di tsewa kwa dinageng tse dingwe. Baebele e umaka ditswaiso tse di farologaneng. Tse di tlwaelegileng ke saferone, mokgwapha, balema, sinamone, lebano le mera. Kwantle ga tseno, go ne go na le diloki tse di jaaka kumina, minte le dile.

Ditswaiso tse dingwe di ne di tswa kae? Mekgwapha, kasia le sinamone di ne di bonwa kwa China, India le Sri Lanka. Ditswaiso tse di jaaka mera le lebano di tswa mo ditlhareng le mo ditlhatshaneng tse di lemiwang mo mafelong a a sekaka go tswa kwa borwa jwa Arabia go ya kwa Somalia kwa Afrika. Setswaiso sa naredo sa kwa Dithabeng Tsa Himalaya se ne se dirisiwa thata ke Ba-India.

Saferone

Saferone

Gore ditswaiso tse dintsi di goroge kwa Iseraele, di ne di feta kwa Arabia. The Book of Spices ya re leno ke lengwe la mabaka a go bo mo mileniamong wa ntlha le wa bobedi B.C.E., Arabia e ne e “laola dithoto tse di neng di romelwa go tswa kwa Botlhaba go ya kwa Bophirima.” Ditoropo tsa bogologolo, dikago tsa phemelo le mafelo a go ikhutsa a ditlhopha tsa batsamai a a bonweng kwa Negev e e kwa borwa jwa Iseraele, di bontsha ditsela tse barekisi ba ditswaiso ba neng ba tsamaya ka tsone. Mokgatlho wa World Heritage Centre wa UNESCO o bega gore mafelo ano gape “a ne a bontsha kafa kgwebo e neng e atlega ka gone . . . go tswa kwa borwa jwa Arabia go ya kwa Mediterranean.”

“Di dinnye, di a tura mme di batliwa tota, ditswaiso di ne di dira kgwebo.” —The Book of Spices

Gantsi ditlhopha tsa batsamai di ne di tsamaya sekgala sa dikilometara di le 1 800 go ralala Arabia di rwele ditswaiso tse di nkgang monate. (Jobe 6:19) Baebele e bua ka setlhopha sa batsamai ba Baishemaele ba bagwebi ba ba tswang kwa Gileade ba ya kwa Egepeto ba tshwere ditswaiso tse di jaaka “labedanume le balema le lekwati la setlhare sa boroku.” (Genesise 37:25) Bomorwa Jakobe ba rekiseditse bagwebi bano morwarraabone e bong Josefa.

“E NE E NNA E LE KHUPAMARAMA”

Dile

Dile

Bagwebi ba Baarabia ba ne ba okamela kgwebo ya ditswaiso ka makgolo a dingwaga. Ba ne ba rekisa ditswaiso tse di tswang kwa Asia tse di jaaka kasia le sinamone. Baarabia ba ne ba anamisa ditlhamane malebana le go ikgapela ditswaiso, boikaelelo jwa bone e le go kgoba batho ba kwa Mediterranean marapo gore ba se ka ba simolola kgwebo ka ditswaiso tsa kwa Botlhaba. The Book of Spices ya re tota motswedi wa ditswaiso “e ne e nna e le khupamarama.”

Kumina

Kumina

Baarabia ba ne ba anamisa ditlhamane dife? Rahisitori wa Mogerika e bong Herodotus wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., o tlhalosa tlhamane e mo go yone dinonyane tse di boitshegang di neng di aga dintlhaga ka makwati a sinamone mo logageng lo go sa tsenweng motlhofo mo go lone. O ne a re fa batho ba batla ditswaiso tseno tse di tlhwatlhwakgolo ba ne ba tshwanetse go baya dinama tse dintsi mo botsenong jwa logaga. Dinonyane di ne di tla tseela nama e ntsi mo dintlhageng gore dintlhaga di bo di wele fa fatshe. Go tswa foo batho bao ba ne ba ka sela makwati a sinamone ka bonako ba bo ba a rekisetsa bagwebi. Ditlhamane tseno di ne tsa anama. The Book of Spices ya re e re ka go ne go “builwe ka dikotsi tsa go e lema, [sinamone] e ne e rekisiwa ka madi a mantsi tota.”

Minte

Minte

Kgabagare khupamarama ya Baarabia e ne ya senoga mme kgwebo ya bone ya phutlhama. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E., Alexandria ya kwa Egepeto e ne ya nna boemakepe jo bogolo le boremelelo jwa kgwebo ya ditswaiso. Fa batsamaisadikepe bangwe ba sena go ithuta go tsamaisa dikepe mo diphefong tse di maatla tsa kwa Lewatleng la India, dikepe tsa kwa Roma di ne di tsamaya go tswa kwa maemakepeng a Egepeto go ya kwa India. Seno se ne sa dira gore ditswaiso tsa maemo di aname le gore ditlhwatlhwa di fokotsege.

Gompieno ditswaiso ga di tlhole di na le boleng jo bo lekanang le jwa gauta. E bile ga re ka ke ra tsaya gore kgosi e ka itumelela mpho ya ditswaiso. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba di dirisa e le dinkgisamonate le melemo kgotsa ba di tshela mo dijong gore di rokotse mathe. Boammaaruri ke gore le gompieno ditswaiso tse di nkgang monate di ratiwa fela jaaka mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng.

Sinamone

Sinamone

a Mo Baebeleng, mafoko a puo ya ntlha a a ranotsweng e le “setswaiso” kgotsa “ditswaiso” tota a kaya dinkgisamonate tse di dirilweng ka dimela, e seng diloki tsa dijo.

b “Leokwane la balema” le go buiwang ka lone fano ke leokwane le le nkgang monate kgotsa boreku jo bo tswang mo ditlhareng le mo ditlhatshaneng.

Tsela e Ditswaiso di Neng di Dirisiwa ka Yone Bogologolo

Leokwane le le tlotsang le maswalo a a boitshepo. Jehofa o ne a naya Moshe ditaelo malebana le gore go dirisiwe eng go dira leokwane le le tlotsang kgotsa setlolo le maswalo a a boitshepo. Tsoopedi di ne di na le ditswaiso di le nnè tse di farologaneng. (Ekesodo 30:22-25, 34-38) Baperesiti bangwe ba ne ba itse go dira leokwane le le tlotsang e bile ba tlhomamisa gore ditswaiso di nna di le teng.—Dipalo 4:16; 1 Ditiragalo 9:30.

Dinkgisamonate le ditlolo. Batho ba ba neng ba na le madi ba ne ba dirisa dinkgisamonate tsa lerole gore ba nkgise matlo, diaparo, malao le mebele ya bone monate. (Esethere 2:12; Diane 7:17; Sefela sa Difela 3:6, 7; 4:13, 14) Kgaitsadie Lasaro e bong Marea o ne a tshela moriri le maoto a ga Jesu ka “leokwane le le nkgang monate, naredo ya mmatota” e e neng e ja madi a mantsi. Nkgwana ya “naredo ya mmatota” e ne e ka nna tuelo ya ngwaga otlhe.—Mareko 14:3-5; Johane 12:3-5.

Go tshasa setopo. Nikodemo o ne a tlisa “potokwe ya mera le mekgwapha” gore mmele wa ga Jesu o tshasiwe pele ga phitlho. (Johane 19:39, 40) Bangwe ba barutwa ba ga Jesu ba ne ba baakanya “ditswaiso le maokwane” ba bo ba di isa kwa lebitleng.—Luke 23:56–24:1.

Diloki. Baiseraele ba ka tswa ba ne ba dirisa ditswaiso kgotsa diloki go natetsha tlhapi le nama. Ditswaiso tse dingwe di ne di dirisediwa go loisa beine.—Sefela sa Difela 8:2.

Ditswaiso Tse Pedi Tse di Neilweng Jesu

Lebano kgotsa olibanum le mera di tswa mo borekung jo bo gamotsweng mo makwating a ditlhare tse dinnye le mo ditlhatshaneng tsa mitlwa.

Ditlhare tsa lebano di jalwa kwa lotshitshing lwa borwa jwa Arabia mme mera yone e jalwa kwa dinageng tsa dikaka kwa Somalia le Yemen. Ditswaiso tseno di ne di ratelwa monko wa tsone o o monate. Jehofa o ne a tlhopha gore di dirisiwe mo kobamelong ya gagwe—mera e le leokwane le le boitshepo le le tlotsang, lebano lone e le maswalo a a boitshepo. (Ekesodo 30:23-25, 34-37) Mme di ne di dirisiwa ka ditsela tse di sa tshwaneng.

Lebano le gantsi le neng le dirisiwa e le maswalo, le ne le tshwanetse go fisiwa gore le ntshe monko o o monate. Boreku jwa mera jone bo ne bo sa tlhoke go fisiwa. Go umakilwe mera ka makgetlo a mararo mo dipegong tse di buang ka Jesu: e le mpho fa a ne a sa le losea (Mathaio 2:11) e le seritibatsi se tsentswe mo beineng fa a ne a bolawa mo koteng (Mareko 15:23) e bile e le setswaiso se se baakanyang mmele wa gagwe pele a fitlhwa (Johane 19:39).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela