LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 5/1 ts. 6-8
  • A Bokhutlo bo Gaufi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bokhutlo bo Gaufi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • NAKO YA BOTLHOKWA MO HISITORING
  • Bokhutlo bo Tla Tla Leng? Se Jesu a se Buileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Boikaelelo jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Go Arabiwa Dipotso di le Nnè ka ga Bokhutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Baebele ya Reng?
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 5/1 ts. 6-8

SETLHOGO SA KA FA NTLE

A Bokhutlo Bo Gaufi?

A Modimo o tla tlogela batho ba laola ba bangwe ba bo ba ba sulafaletsa botshelo? Nnyaa, jaaka re bone pelenyana, o tla tsaya kgato a bo a fedisa bohutsana le kgatelelo e e nnileng gone ka dingwagangwaga. Mmopi wa batho le lefatshe o batla gore o itse gore nako ya gagwe ya go tsaya kgato e atametse. O re bolelela seo jang?

Akanya ka sekai seno: Pele o tsaya loeto ka koloi o ka tswa o leba tshedimosetso mo Internet kgotsa mo mmapeng. Mme fa o le mo tseleng o bona matshwao a a tsamaisanang le tshedimosetso eo, o nna le tsholofelo ya gore o tloga o goroga. Modimo le ene o re neile Lefoko la gagwe le le tlhalosang maemo a a diregang mo lefatsheng. Fa re ntse re bona ditiragalo tseo di direga, re tlhatswega pelo gore re tshela mo nakong e e isang kwa bokhutlong.

Baebele e tlhalosa gore go tla nna le nako ya botlhokwa thata mo hisitoring e e tla re lebisang kwa bokhutlong. Ka nako eo go tla nna le maemo le ditiragalo tse di iseng di ko di direge mo hisitoring. Bona dingwe tsa dilo tse di umakilweng mo Lefokong la Modimo.

1. DITIRAGALO TSE DI NGOMOLANG PELO TSA LEFATSHE Boporofeti jo bo mo go Mathaio kgaolo 24 bo bua ka ditiragalo tsa lefatshe tse e neng e tla nna sesupo sa bokhutlo. Sesupo seo se ne se tla bontsha gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo’ mme morago ga foo “bokhutlo bo tla tla.” (Temana 3, 14) Se akaretsa dintwa, tlhaelo ya dijo, dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana, go oketsega ga go tlhoka molao, go fela ga lorato le go tsietsa ga baeteledipele ba bodumedi. (Temana 6-26) Gone ke boammaaruri gore go setse go fetile dingwagangwaga dilo tseno di direga. Le fa go ntse jalo, fa bokhutlo bo ntse bo atamela, di tla direga ka nako e le nngwe. Gape di tla direga ka nako e le nngwe le ditshupo tse tharo tse di latelang.

2. BOITSHWARO JWA BATHO Baebele ya re ‘metlha ya bofelo’—nako e e lebisang kwa bokhutlong—e tla bonala mo tseleng e e sa siamang e batho ba itshwarang ka yone. Re bala jaana: “Batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Ke boammaaruri gore go tlhoka maitseo ga go simologe gone jaanong, mme mo “metlheng ya bofelo” go ne go tla anama thata mo go ka tweng ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” A o lemogile mekgwa eno e e sa siamang e batho ba itshwarang ka yone?

3. LEFATSHE LE A SENNGWA Baebele ya re Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Batho ba ka tswa ba senya lefatshe ka ditsela dife? Baebele ya re maemo a motlha wa ga Noa a tshwana le a gompieno: “Lefatshe le ne la senyega mo ponong ya Modimo wa boammaaruri, gape lefatshe le ne la tlala thubakanyo. Ka jalo Modimo a leba lefatshe mme, bona! le ne le senyegile.” Modimo o ne a bua jaana ka batho bao ba ba boikepo: “Ke a ba senya.” (Genesise 6:11-13) A o lemogile gore lefatshe le ntse le tlala thubakanyo? Mo godimo ga moo, go ka direga sengwe se se sa tlwaelegang: Batho ba ka senya lefatshe ka go bolaya batho botlhe ba dirisa dibetsa. Gape lefatshe le senngwa ka tsela e nngwe. Dilo tse di dirang gore re tshele—moya o re o hemang, diphologolo le dimela le mawatle—di a senngwa e bile ga di tlhokomelwe sentle.

Ipotse jaana, ‘Mo dingwageng di feta lekgolo tse di fetileng, a batho ba ne ba se na maatla a go fedisa dilo gotlhelele?’ Gompieno batho ba dirisa maatla ao go dira dibetsa tse dintsi le go senya tikologo. Tsela e thekenoloji e gatelang pele ka yone e feta bokgoni jwa batho jwa go tlhaloganya le go laola diphelelo tsa yone. Le fa go ntse jalo, batho ba ka se kgone go dira ditshwetso ka lefatshe kgotsa go le laola. Pele ditshedi tsotlhe di senngwa, Modimo o tla senya ba ba senyang lefatshe. O solofeditse jalo!

4. TIRO YA GO RERA MO LEFATSHENG LOTLHE Karolo e nngwe ya sesupo sa bokhutlo ke go bolelelwa pele ga tiro e e iseng e ko e dirwe thata jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Tiro eno ya go rera e ne e tla farologana le e e ntseng e dirwa ke dikereke tse dintsi mo makgolong a dingwaga a a fetileng ya go sokolola batho. Mo motlheng wa bofelo go ne go tla buiwa thata ka “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.” A o itse bodumedi bongwe jo bo buang thata ka molaetsa oo? Le fa go ka tswa go lebega bo le teng, a bo rera molaetsa mo lefelong la lona fela kgotsa bo anamisetsa dikgang tse di molemo “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe”?

Basupi ba ga Jehofa ba rera mo lotshitshing; ba balela monna mongwe temana ya Baebele

Bogosi Jwa Modimo bo rerwa mo lefatsheng lotlhe ka dipuo tse dintsi

Web site ya www.jw.org/tn e bua thata ka “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.” E na le dikgatiso tse di tlhalosang molaetsa oo ka dipuo di feta 700. A go na le maiteko ape a mangwe a a dirilweng go anamisa molaetsa wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe? Tota le pele Internet e dirisiwa, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka tiro ya bone ya go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Fa e sa le ka 1939, khabara ya makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo e na le mafoko a a reng “E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa.” Buka nngwe e e buang ka madumedi e ne ya re tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera “e ka se bapisiwe le epe ka tsela e e dirilweng thata ka yone.” Go rerwa ga dikgang tse di molemo go bontsha gore go ise go ye kae Bogosi Jwa Modimo bo tla tlisa “bokhutlo.”

NAKO YA BOTLHOKWA MO HISITORING

A o etse tlhoko gore ditshupo tse nnè tsa Baebele tse di tlhalositsweng mo setlhogong seno di direga mo motlheng wa rona? E setse e le dingwaga di le lekgolo makasine ono o bolelela batho ka ditiragalo tsa lefatshe go ba thusa go lemoga gore bokhutlo bo gaufi. Mme batshwayadiphoso bangwe ba re dintlha tseno le dipalopalo tsa se se diregang di dirilwe ke batho e bile di ka tswa di se boammaaruri. Ba re maemo a lefatshe a ka etegela ka gonne mokgwa wa tlhaeletsano mo lefatsheng lotlhe o nna o tlhabololwa. Le fa go ntse jalo, go na le bosupi jo bo ntseng bo oketsega jwa gore re tshela mo bokhutlong jwa nako e e sa tshwaneng le epe mo hisitoring ya batho.

Baitse bangwe ba re go tloga go nna le diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng. Ka sekai, ka 2014, Science and Security Board ya Bulletin of the Atomic Scientists e ne ya itsise United Nations Security Council ka dilo tse di ka bolayang batho. Baitsesaense bano ba tlhomamisitse jaana: “Fa re ka sekaseka dilo tseo ka kelotlhoko re ka swetsa ka gore thekenoloji e e ntseng e tlhabololwa e tla baka mathata a a seng kana ka sepe.” Batho ba le bantsi ba tlhomamisegile gore re tshela mo nakong e e botlhokwa thata mo hisitoring. Bagatisi ba makasine ono le batho ba bantsi ba ba o balang ba tlhomamisegile gore re tshela mo metlheng ya bofelo le gore bokhutlo bo gaufi. Go na le gore o boife isagwe, o ka itumelela se se tla diregang. Goreng re rialo? Ka gonne o ka falola bokhutlo!

A KE BAPOROFETI?

Basupi ba ga Jehofa ga se baporofeti ba ba bolelelang pele go senngwa ga lefatshe. Ba ntse ba bolela molaetsa o o botlhokwa ka isagwe mo dingwageng di feta lekgolo. Ka sekai, puo nngwe kwa kopanong ya 1958 ya setlhogo se se reng “Bogosi Jwa Modimo bo a Busa—A Bokhutlo Jwa Lefatshe bo Atametse?” e ne ya tlhalosa gore “Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa lefatshe la ga Satane e seng lefatshe ka bolone. Bogosi bo tla dira gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong e seng go fisa lefatshe. Ka jalo go a tshwanelwa gore lefatshe le sirelediwe ka gonne ke popo ya Modimo; mme Modimo o tla le sireletsa ka bosakhutleng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela