LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 6/1 ts. 6-7
  • Saense ga e Tlhalose Dilo Tsotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Saense ga e Tlhalose Dilo Tsotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Saense e go Amang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Lobopo le Botshelo di Nnile Gone Jang?
    Tsogang!—2002
  • Go Letlanya Saense le Bodumedi
    Tsogang!—2002
  • Basupi ba ga Jehofa ba Ikutlwa Jang ka Saense?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 6/1 ts. 6-7
Moitsesaense mo laboratoring

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A SAENSE E TSEETSE BAEBELE MAEMO?

Saense ga e Tlhalose Dilo Tsotlhe

Bosheng jaana, dibuka tse dintsi tse di tlhalosang tsela e balatolamodimo ba lebang dilo ka yone di ne tsa anama. Dibuka tseno di bakile dipuisano tse di sa feleng le dingangisano. Moitsesaense wa tlhaloganyo e bong David Eagleman o ne a kwala jaana: “Babadi bangwe . . . ba akanya gore baitsesaense ba itse sengwe le sengwe.” O ne a bo a re: “Mme baitsesaense ba ba molemo ba amogela dikakanyo tse disha e bile ba dira dipatlisiso.”

Moithutadinaledi a dirisa thelesekoupo

Mo dingwageng tse di fetileng, baitsesaense ba ba nang le bokgoni ba ne ba fitlhelela dilo tsa botlhokwa fa ba ntse ba batla dikarabo tsa dipotso tse di tshwenyang tsa tlholego. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba dira diphoso tse di masisi mo dipatlisisong tsa bone. Isaac Newton e ne e le mongwe wa baitsesaense ba botlhokwa thata. O ne a bontsha kafa maatlakgogedi a kopanyang dipolanete, dinaledi le masagaripa ka gone gore e nne lobopo lo le longwe. O ne a tlhama calculus e e dirisitsweng go tlhama dikhomputara tse di dirisiwang mo fisikising ya nuklea le fa motho a tsamaya mo lefaufaung. Le fa go ntse jalo, Newton o ne a ithuta alchemy e leng thuto e go tsewang gore ke saense e e dirisang tepodinaledi le dilo tsa maselamose go fetola lloto le dimetale tse dingwe gore e nne gauta.

Dingwaga di feta 1 500 pele ga Newton, moithutadinaledi wa Mogerika e bong Ptolemy o ne a dira dipatlisiso ka lobopo. O ne a leba dipolanete bosigo mo loaping e bile o ne a na le bokgoni jwa go tlhama mmapa. Mme o ne a dumela gore sengwe le sengwe se simologile mo lefatsheng. Molepadinaledi Carl Sagan o ne a kwala jaana ka Ptolemy: “Kgopolo ya gagwe ya gore lobopo lo simologile mo lefatsheng e e neng ya amogelwa ka dingwaga di le 1 500, e bontsha gore motho yo o botlhale le ene a ka dira diphoso.”

Moitsesaense a bala Baebele

Baitsesaense ba gompieno le bone ba lebana le dikgwetlho tseo fa ba dira dipatlisiso. A ba tla kgona go tlhaloganya dilo tsotlhe ka lobopo? Le fa gone saense e gatetse pele thata e bile e re solegetse molemo mo dilong di le dintsi, re tshwanetse go gakologelwa gore ga e tlhalose dilo tsotlhe. Moitsefisikisi e bong Paul Davies a re: “Ga re kgone go bona tlhaloso ya sengwe le sengwe mo lobopong kgotsa e e dumalanang ka botlalo.” Mafoko ao ke boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo: Batho ga ba kgone go tlhaloganya popo ka botlalo. Ka jalo, go tla bo go le molemo go sekaseka dikgopolo tse di anameng tsa gore saense e kgona go naya batho dikarabo tsa sengwe le sengwe.

Ke boammaaruri gore Baebele e re thusa go tlhaloganya dilo ka tsela e saense e ka se kgoneng go di tlhalosa

Baebele e tlhalosa popo e e gakgamatsang jaana: “Bona! Tseno ke dintlha fela tsa ditsela tsa [Modimo], a bo go utlwilwe go le gonnye fela jang ne ka ga gagwe!” (Jobe 26:14) Seno se raya gore go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse batho ba sa kgoneng go di itse le go di tlhaloganya. Ke boammaaruri gore mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a kwadilweng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng a sa ntse a le boammaaruri: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!”—Baroma 11:33.

Kgakololo e Saense e se Nang Yone

Saense e naya batho kitso ka popo, mme Baebele yone e ba naya melaometheo le ditaelo tse di dirang gore ba agisane le batho ba bangwe le gore ba tshele botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang. Akanya ka dikai tse di latelang.

  • Seatla se se bontshang letshwao la go ema

    Go Thibela Bokebekwa

    Tlotla botshelo

    “O se ka wa bolaya motho.”—Ekesodo 20:13.

    “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolai.”—1 Johane 3:15.

    Dira kagiso o bo o e latelele

    “Furalela se se bosula, mme o dire se se molemo; senka kagiso, mme o e latelele.”—Pesalema 34:14.

    “Peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.”—Jakobe 3:18.

    Tila dikgoka

    “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Pesalema 11:5.

    “O se ka wa tswela pelo motho wa thubakanyo, le fa e le go tlhopha ditsela dipe tsa gagwe. Gonne motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa.”—Diane 3:31, 32.

  • Lelapa

    Go Itumela mo Lelapeng

    Reetsa batsadi

    “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame: ‘Tlotla rrago le mmago’; se e leng taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.’”—Baefeso 6:1-3.

    Ruta bana ka tsela e e siameng

    “Lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

    “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”—Bakolosa 3:21.

    Rata o bo o tlotle molekane wa gago

    “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—Baefeso 5:33.

  • Setlhare

    Go Sireletsa Popo

    Baebele e ne ya bua jaana ka batho ba ba neng ba kgotlela lefatshe ka ditsela tse di farologaneng kwa Iseraele wa bogologolo: “Lefatshe le kgotletswe ke banni ba lone . . . ba ba nnang mo go lone ba bonwe molato.” (Isaia 24:5, 6) Modimo o tla dira gore batho ba ba senyang lefatshe ba ikarabelele. O tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Ba tla atlholelwa ditiro tsa bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela