LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 10/1 ts. 4
  • A go Mongwe yo o Reeditseng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Mongwe yo o Reeditseng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A Modimo o Utlwa Dithapelo Tsa Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 10/1 ts. 4
Barutwa ba ga Jesu ba oba ditlhogo fa ene a leba kwa godimo a rapela

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO BOTLHOKWA GO RAPELA?

A go Mongwe yo o Reeditseng?

Batho ba bangwe ba akanya gore go rapela ke go senya nako ka gonne go se ope yo o reeditseng. Bangwe ba lekile go rapela mme ba tsaya gore dithapelo tsa bone ga di arabiwe. Molatolamodimo mongwe o ne a itlhamela kgopolo ya gore Modimo o ntse jang a bo a rapela jaana: “Ntshebele go se kae.” Mme o ne a re Modimo o ne “a nna a didimetse.”

Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa gore go na le Modimo le gore o reetsa dithapelo. Baebele e na le mafoko ano a a neng a bolelelwa batho ba bogologolo: “Ruri [Modimo] o tla go amogela fa go utlwala modumo wa selelo sa gago; fela fa a o utlwa o tla go araba.” (Isaia 30:19) Temana e nngwe ya Baebele ya re: “Thapelo ya ba ba thokgameng e a mo ipedisa.”—Diane 15:8.

Jesu o ne a rapela Rraagwe mme “o ne a utlwiwa ka kamogelo.”—Bahebera 5:7

Gape Baebele e umaka dikai tsa batho ba dithapelo tsa bone di neng tsa utlwiwa. Temana nngwe ya Baebele ya re Jesu o ne a dira “mekokotlelo . . . kwa go Ene yo o neng a kgona go mmoloka” le gore “o ne a utlwiwa ka kamogelo.” (Bahebera 5:7) Dikai tse dingwe di ka bonwa mo go Daniele 9:21 le mo go 2 Ditiragalo 7:1.

Mme gone, goreng batho ba bangwe ba tsaya gore dithapelo tsa bone ga di arabiwe? Gore dithapelo tsa rona di utlwiwe, re tshwanetse go rapela Modimo yo Baebele e buang ka ene, e bong Jehofa,a e seng modimo ope o sele kgotsa badimo. Gape Modimo o batla gore re kope dilo tse a di amogelang—go ya “kafa thatong ya gagwe.” Modimo o re tlhomamisetsa gore fa re rapela ka tsela eno, “o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) Ka jalo, gore dithapelo tsa rona di utlwiwe, re tshwanetse go itse Modimo yo Baebele e buang ka ene le go ithuta se thato ya gagwe e leng sone.

Batho ba bantsi ga ba dumele gore thapelo ke selo se se amanang le kereke fela mme ba dumela gore Modimo o reetsa dithapelo e bile o a di araba. Isaac yo o nnang kwa Kenya a re: “Ke ne ka rapelela gore ke kgone go tlhaloganya Baebele. Moragonyana mongwe o ne a tla kwa go nna mme a nthusa gore ke e tlhaloganye.” Hilda yo o nnang kwa Philippines o ne batla go tlogela go goga motsoko. Morago ga go palelwa makgetlho a le mmalwa, monna wa gagwe o ne a mo akantsha jaana: “Goreng o sa rapele Modimo gore a go thuse?” O ne a dirisa kgakololo eo mme a re: “Ke ne ka gakgamadiwa ke tsela e Modimo a neng a nthusa ka yone. Ke ne ke sa tlhole ke eletsa go goga motsoko mme ke ne ka o tlogela.”

A Modimo a ka tswa a batla go go thusa fa o rapelela sengwe se se dumalanang le thato ya gagwe?

a Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela