LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 10/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bagolegwa ba Khumanego
    Tsogang!—1998
  • Matsapa a Batho ba a Tsereng go Leka go Fedisa Khumanego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Khumanego e Tloga e Fela
    Tsogang!—1998
  • Bahumanegi ba Bolelelwa Dikgang Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 10/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A khumanego e tla tsamaya e fela?

Mosadi a tshwere sejana se se senang sepe a tlamparetse morwadie

Modimo o tla fedisa jang khumanego?—Mathaio 6:9, 10.

Ngwaga le ngwaga khumanego e bolaya batho ba le dimilione ka gonne ba sa je sentle e bile ba tsenwa ke malwetse. Le fa go na le dinaga tse di humileng mo lefatsheng, batho ba le bantsi ba sa ntse ba humanegile thata. Baebele e bontsha gore khumanego ga e bolo go nna tlhobaboroko mo bathong.—Bala Johane 12:8.

Go tlhokega puso ya lefatshe lotlhe go fedisa khumanego. Puso eo e tshwanetse ya bo e kgona go aba dikhumo tsa lefatshe le go fedisa dintwa, e re ka e le tsone tse di kwa setlhoeng mo go bakeng khumanego. Modimo o solofeditse gore go tla nna le puso e e ntseng jalo mo lefatsheng.—Bala Daniele 2:44.

Ke mang yo o ka fedisang khumanego?

Modimo o tlhomile Morwawe e bong Jesu go busa batho botlhe. (Pesalema 2:4-8) Jesu o tla golola bahumanegi a bo a fedisa kgatelelo le ntwa.—Bala Pesalema 72:8, 12-14.

“Kgosana ya Kagiso” e go boleletsweng pele ka yone e bong Jesu, e tla dira gore go nne le kagiso le tshireletsego mo lefatsheng lotlhe. Go tswa foo, batho botlhe ba tla nna mo matlong a bone, ba itumelela tiro e e kgotsofatsang e bile ba na le letlepu la dijo.—Bala Isaia 9:6, 7; 65:21-23.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 8 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela