LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 12/1 ts. 4-5
  • Buka E e Ka Tlhaloganngwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka E e Ka Tlhaloganngwang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E KWADILWE KA TSELA E RE KA E TLHALOGANYANG
  • MONGWE LE MONGWE A KA NNA LE YONE
  • Baebele ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Kgatlhegela Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Baebele ke Molaetsa o o Tswang Kwa Modimong
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 12/1 ts. 4-5
Batho bala Baebele e e gatisitsweng le e e mo founong

SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA TLHALOGANYA BAEBELE

Buka E e Ka Tlhaloganngwang

Baebele ke buka ya bogologolo. E na le dingwaga di le kae e le teng? E ne ya kwalwa dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng kwa dinageng tsa Botlhabagare. Fa re e bapisa, e ne e le ka motlha wa puso e e maatla ya boora Shang kwa China e bile ke dingwaga di le 1 000 pele kereke ya Bobuda e simologa kwa India.—Bona lebokose le le reng “Boammaaruri ka Baebele.”

Baebele e na le dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa ka botshelo

Gore buka e tsewe e le mosola e bile e kaela batho, e tshwanetse ya bo e tlhaloganyesega sentle e bile e solegela molemo. Buka eo ke Baebele. E na le dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa ka botshelo.

Ka sekai, a o kile wa ipotsa gore ‘Re tshelela eng?’ Potso eo ga e bolo go tshwenya batho ka dingwaga di le dintsi mme e sa ntse e ba tshwenya. Le fa go ntse jalo, karabo e ka bonwa mo dikgaolong tsa ntlha tsa buka ya Baebele, e leng Genesise. Mo go tsone, e bua ka ditiragalo tsa kwa “tshimologong”—dingwaga di le dibilione tse di fetileng—fa lobopo go akaretsa masagaripa, dinaledi le lefatshe di ne di bopiwa. (Genesise 1:1) Go tswa foo, e tlhalosa gore go tlile jang gore lefatshe le nne gone, gore go nne le batho le ditshedi tse di farologaneng le gore ke eng fa dilo tseno tsotlhe di le gone.

E KWADILWE KA TSELA E RE KA E TLHALOGANYANG

Baebele e re naya kgakololo e e re thusang go rarabolola mathata. Go motlhofo go tlhaloganya kgakololo eo. Go na le dilo tse pedi tse di ka dirang gore re e tlhaloganye.

Sa ntlha, Baebele e dirisa puo e e utlwalang, e e tlhamaletseng le e e kgatlhang. Go na le gore Baebele e dirise mafoko a mantsi a a raraaneng, e dirisa a re kgonang go a tlhaloganya. Dikakanyo tse di thata di tlhalosiwa ka tsela e batho e tlwaetseng.

Ka sekai, Jesu o ne a dira dikai ka dilo tse batho ba neng ba di dira letsatsi le letsatsi gore dithuto tsa gagwe di ame dipelo tsa batho. Bontsi jwa tsone di fitlhelwa mo go se se itsegeng e le Thero ya kwa Thabeng, e e mo kgaolo 5 go ya kgaolo 7 ya buka ya Baebele ya Mathaio. Motlhalosi mongwe o ne a re ke “buka e e solegelang batho molemo” fa a sena go bona gore maikaelelo a yone “ga se go tlatsa ditlhogo tsa rona ka dikakanyo, mme ke go re kaela le go laola boitshwaro jwa rona.” O ka kgona go bala dikgaolo tseo ka metsotso e ka nna 15 go ya go 20, e bile o tla gakgamadiwa ke go bona kafa mafoko a ga Jesu a leng motlhofo mme a le maatla ka gone.

Selo sa bobedi se se dirang gore go nne motlhofo go tlhaloganya Baebele, ke go itse se go buiwang ka sone. Ga se buka ya ditlhamane kgotsa dinaane. Go na le moo, e bua ka batho “ba ba neng ba le maatla le ba ba neng ba siame” le ka “go boga, ditsholofetso, go palelwa le go fenya dikgwetlho tse ba neng ba lebana le tsone,” jaaka buka ya The World Book Encyclopedia e tlhalosa. Go motlhofo go tlhaloganya ditiragalo le dipego tseno tsa batho ba mmatota le dithuto tse di botlhokwa tse di fitlhelwang mo go tsone.—Baroma 15:4.

MONGWE LE MONGWE A KA NNA LE YONE

Fa o bala buka ka puo e o e itseng, go motlhofo gore o e tlhaloganye. Gompieno, Baebele e ka tswa e le teng ka puo e o e tlhaloganyang, go sa kgathalesege gore o nna kae kgotsa o tsholetswe kae. Bona kafa tiro eno e e gakgamatsang e dirilweng ka gone.

Go Ranolwa. Kwa tshimologong, Baebele e ne e kwadilwe ka Sehebera, Searamaika le ka Segerika. Seo se ne se dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba kgona go e bala. Baranodi ba tsere matsapa go ranola Baebele gore e nne teng ka dipuo tse dingwe. Re itumelela tiro ya bone ya bonatla, ka gonne Baebele e teng ka dipuo di ka nna 2 700, e ka ne e feletse kgotsa e sa felela. Seno se raya gore diperesente di feta 90 tsa batho ba ka bala karolo nngwe ya Baebele ka puo ya bone.

Go Gatisiwa. Baebele ya ntlhantlha e ne e kwaletswe mo letlalong le mo papiraseng. Gore molaetsa o fetisiwe, mekwalo eo e ne e tshwanetse go kwalololwa sentle ka letsogo. Mekwalo eo e ne e ja madi a mantsi e bile e ne e rekwa ke batho ba le mmalwa fela. Mme go gatisiwa ga Dibaebele go ne ga oketsega fa go sena go dirwa motšhini wa go gatisa wa ga Gutenberg, dingwaga di feta 550 tse di fetileng. Go fopholediwa gore go anamisitswe dikhopi di feta dibilione di le tlhano tsa Baebele, e feletse kgotsa karolo nngwe ya yone.

Ga go buka epe ya bodumedi e e ka bapisiwang le Baebele ka tsela eno. Go a bonala gore Baebele ke buka e e ka tlhaloganngwang. Le fa go ntse jalo, e ka nna kgwetlho go e tlhaloganya. Mme o ka bona thuso. O ka e bona kae? Mme o ka solegelwa molemo jang? Bona dikarabo mo setlhogong se se latelang.

Boammaaruri ka Baebele

  • Baebele e na le dibuka di le 66 tse di boitshepo.

  • Baebele e na le hisitori, melao, boporofeti, poko, diane, dipina le makwalo.

  • E simolotse go kwalwa ka 1513 B.C.E. mme ya wediwa ka 98 C.E., e leng dingwaga di feta 1 600.

  • E kwadilwe ke banna ba ka nna 40 ba tlhotlhelediwa ke Modimo.

Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka go re botshelo bo simologile jang, bona boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gape bo teng mo www.jw.org/tn.

Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?

Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele, bona boroutšhara jwa Baebele—E na Le Molaetsa Ofe? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gape bo teng mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela