LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 1 ts. 4-5
  • Kafa go sa Ikanyege go go Amang ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa go sa Ikanyege go go Amang ka Teng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO SA IKANYEGE GO DIRA GORE O SE TLHOLE O IKANNGWA
  • GO SA IKANYEGE GO A TSHELANWA
  • Kgatelelo Ya go Sa Ikanyege
    Tsogang!—2012
  • Melemo ya go Ikanyega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • A O Rata go Lebana le Boammaaruri mo Botshelong jwa Gago?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Kafa O Ka Fenyang Kgwetlho ya Boitsholo ya go Humanega ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 1 ts. 4-5
Basadi ba babedi ba a buisana

SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO IKANYEGA?

Kafa go sa Ikanyege go go Amang ka Teng

“Ka metlha go na le maemo a a thata a a ka rarabololwang ka go sa ikanyege go le gonnye.”—Samantha, Afrika Borwa.

A o dumalana le seo? Fela jaaka Samantha, rotlhe re kile ra lebana le maemo a a thata. Tsela e re itshwarang ka yone fa re le mo maemong a a re tlhotlheletsang gore re se ka ra ikanyega, e ka senola gore ke eng se re se tsayang se le botlhokwa. Ka sekai, fa re tshwenyegile thata ka gore re se ka ra tlhabiwa ke ditlhong, re ka nna ra leba go sa ikanyege e le selo sa botlhokwa. Le fa go ntse jalo, fa ba bangwe ba lemoga gore ga o ikanyege, gantsi seo se nna le ditlamorago tse di botlhoko. Ela tlhoko dintlha tse di latelang.

GO SA IKANYEGE GO DIRA GORE O SE TLHOLE O IKANNGWA

Dikamano tse di molemo di nna teng fa batho ba ikanyega mo go ba bangwe. Fa batho ba babedi ba ikanyana, ba ikutlwa ba sireletsegile. Mme gone, seno ga se itiragalele fela. Batho ba kgona go ikanyana fa ba fetsa nako mmogo, ba buisana ka boikanyegi e bile ba akanyetsana. Go ikanngwa go ka senngwa ke go dira selo se sennye fela sa go sa ikanyege. Mme fa o sa tlhole o ikanngwa, go thata gore o boe o ikanngwe gape.

A o kile wa tsiediwa ke mongwe yo o neng o mo tsaya e le tsala ya gago e kgolo? Fa go le jalo, o ne wa ikutlwa jang? Ga go pelaelo gore o ne wa utlwa botlhoko, e kete motho yoo o go tlhanogetse. Ruri go a utlwala gore o ikutlwe jalo. Go bonala sentle gore go sa ikanyege go ka senya motheo wa dikamano tse di molemo.

GO SA IKANYEGE GO A TSHELANWA

Dipatlisiso tse di neng tsa dirwa ke Robert Innes, porofesa wa tsa ikonomi kwa Yunibesithing ya California, di ne tsa bontsha gore “go sa ikanyege go a tshelanwa.” Ka jalo, go sa ikanyege go ka tshwantshiwa le mogare—fa o dirisana thata le motho yo o sa ikanyegeng, o ipaya mo kotsing ya go “tshwaediwa” ke go sa ikanyege.

O ka tila jang go wela mo serung sa go sa ikanyege? Baebele e ka go thusa. Tsweetswee sekaseka melaometheo e le mmalwa ya Baebele.

Mefuta Ya go Sa Ikanyege

Go Aka

Monna o rola palamonwana ya gagwe ya lenyalo

TLHALOSO: Go bolelela mongwe tshedimosetso e e seng boammaaruri, mme tota a tshwanetse go itse boammaaruri. Go aka go ka akaretsa go bua dintlha tse di seng boammaaruri kgotsa go sokamisa boammaaruri ka boikaelelo jwa go tsietsa mongwe, go fitlha tshedimosetso ya botlhokwa le go feteletsa dilo gore batho ba nne le dikgopolo tse di phoso.

SE BAEBELE E SE BUANG: “Motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.” (Diane 3:32) “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.”—Baefeso 4:25.

Go Senya Motho Leina

Banna ba babedi ba a seba fa monna yo mongwe a tsena ka kgoro

TLHALOSO: Go bua dilo tse di seng boammaaruri le tse di kgobang tse di senyang motho leina.

SE BAEBELE E SE BUANG: “Motho wa maano o nna a baka manganga, mme yo o senyang batho leina o kgaoganya ba ba tlwaelaneng.” (Diane 16:28) “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima, mme fa go se nang yo o senyang batho leina teng manganga a a kokobela.”—Diane 26:20.

Boferefere

Monna o supile ditshupanako tsa letsogo tse a di fitlhileng mo baking ya gagwe

TLHALOSO: Go tsietsa motho gore a go neye madi kgotsa sengwe se a nang le sone ka go nna loleme lo borethe.

SE BAEBELE E SE BUANG: “O se ka wa tsietsa modiri yo o thapilweng yo o mo mathateng e bile a humanegile.” (Duteronome 24:14, 15) “Yo o tsietsang motho wa maemo a a kwa tlase o kgobile Modiri wa gagwe, mme yo o utlwelang mohumanegi botlhoko o a Mo galaletsa.”—Diane 14:31.

Go Utswa

Motho o utswa sepatšhe mo bekeng

TLHALOSO: Go tsaya dilo tsa motho yo mongwe o sa newa tetla.

SE BAEBELE E SE BUANG: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo, gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang.” (Baefeso 4:28) ‘Lo se ka lwa tsiediwa. . . . Magodu, batho ba ba bogagaru, matagwa, bagobolodi le ba ba tsayang ka dikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.’—1 Bakorintha 6:9, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela