LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 1 ts. 15
  • O se Ka wa Tlhobaela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O se Ka wa Tlhobaela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshela o Akantse ka Isagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Tlhobaela
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 1 ts. 15

BOTLHALE JWA BOGOLOGOLO JO BO MOSOLA LE GOMPIENO

O se Ka wa Tlhobaela

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona.”—Mathaio 6:25.

Mosadi o lebile rasiti a tshwenyegile

Seno se kaya eng? Jesu o ne a bua mafoko ao mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. Go ya ka dikishinare nngwe ya Baebele, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “go tlhobaela,” le ka kaya “tsela ya tlholego e motho a tsibogelang ka yone go humanega, tlala le mathata a mangwe a letsatsi le letsatsi.” Gantsi go tlhobaela go akaretsa go tshwenyega ka dilo tse di ka diregang mo isagweng. Ke ga tlholego e bile go siame go tshwenyega ka dilo tse re di tlhokang le ka botsogo jwa batho ba re ba ratang. (Bafilipi 2:20) Mme gone, fa Jesu a ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela,” o ne a gakolola balatedi ba gagwe gore ba tile go tshwenyega go sa tlhokege—poifo e e feteletseng kaga dilo tse di ka diregang kamoso, e leng se se ka re amogang boitumelo gone jaanong.—Mathaio 6:31, 34.

A molaomotheo ono o mosola le gompieno? Go molemo gore re latele kgakololo eno ya ga Jesu. Goreng? Dibuka dingwe di tlhalosa gore fa batho ba tshwenyega ka tsela e e feteletseng, thulaganyo ya go bereka ga ditshika tsa bone e dira go feta selekanyo mme “boemo jono bo ka baka mathata a botsogo a a jaaka, ditlhagala tsa mo maleng, bolwetse jwa pelo le bolwetse jwa go hupelwa.”

Jesu o ne a ntsha lebaka leno le le molemo la go bo re tshwanetse go tila go tlhobaela go sa tlhokege: Ga go thuse. O ne a botsa jaana: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?” (Mathaio 6:27) Go tlhoma mogopolo mo matshwenyegong a rona go ka se oketse botshelo jwa rona le fa e le ka karolwana ya motsotswana fela, tota e bile go ka se bo tokafatse. Ntle le moo, gantsi dilo ga di nne maswe jaaka re ne re akantse. Mokwadi mongwe o ne a baya kgang eno jaana: “Go tshwenyega ka isagwe ga go thuse, e bile gantsi isagwe e nna botoka thata go feta kafa re neng re akantse ka teng.”

Mosadi o bereka mo tshingwaneng

Re ka tila jang go tlhobaela? Sa ntlha, ikanye Modimo. Fa Modimo a kgona go naya dinonyane dijo le go kgabisa dithunya, a a ka se tlamele batho ba ba bayang kobamelo ya gagwe kwa pele mo matshelong a bone? (Mathaio 6:25, 26, 28-30) Sa bobedi, se ingamole tlhogo ka mathata a letsatsi le le latelang. Jesu o ne a re, “lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.” A ga o dumele gore “letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone”?—Mathaio 6:34.

Fa re ikobela kgakololo eno ya ga Jesu e e botlhale, re tla tila go ikutlwisa botlhoko mo mmeleng. Mo godimo ga moo, re tla nna re ritibetse mo maikutlong e leng se Baebele e se bitsang “kagiso ya Modimo.”—Bafilipi 4:6, 7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela