LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 3 ts. 16
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo o na le leina?
  • A go phoso go bitsa leina la Modimo?
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Leina la Modimo ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 3 ts. 16
Leina la Modimo le tshwailwe mo mokwalong wa seatla wa bogologolo wa Baebele

Leina la Modimo (fa go tshwailweng teng) jaaka le tlhagelela mo mokwalong wa seatla wa bogologolo wa Baebele

Baebele Ya Reng Ka Kgang Eno?

A Modimo o na le leina?

BATHO BANGWE BA RE ga a na leina, ba bangwe ba re ke Modimo kgotsa Morena, mme ba bangwe bone ba re o na le maina a mantsi. Wena o akanyang?

SE BAEBELE E SE BUANG

“Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Le fa gone Modimo a na le direto tse dintsi, o iphile leina le le lengwe fela.—Ekesodo 3:15.

  • Modimo ga se masaitseweng; o batla gore re mo itse.—Ditiro 17:27.

  • Go itse leina la Modimo e ka nna kgato ya ntlha e e ka re thusang go nna ditsala tsa gagwe. —Jakobe 4:8.

A go phoso go bitsa leina la Modimo?

O KA RENG?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Go ikaegile ka maemo

SE BAEBELE E SE BUANG

“O se ka wa dirisa leina la ga Jehofa Modimo wa gago ka tsela e e se nang mosola.” (Ekesodo 20:7) Go nna phoso fela fa re dirisa leina la Modimo ka tsela e e sa bontsheng tlotlo. —Jeremia 29:9.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Jesu o ne a itse leina la Modimo e bile a le dirisa. —Johane 17:25, 26.

  • Modimo o batla gore re mmitse ka leina la gagwe. —Pesalema 105:1.

  • Baba ba Modimo ba leka go dira gore batho ba lebale leina la gagwe.—Jeremia 23:27.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 1 ya buka eno Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela