LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 2 ts. 3-4
  • A Tota go Ile ga Direga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tota go Ile ga Direga?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE BOSUPI BO SE BONTSHANG
  • GO TWENG KA GO TSOSIWA GA GA JESU?
  • Tsogo ya ga Jesu—Kafa e re Amang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tsogo ya ga Jesu—A Tota e Ile ya Nna Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Diefangele—A ke Hisitori Kana Ditlhamane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Re Tlhatswegile Pelo Gore Baswi ba Tlile go Tsosiwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 2 ts. 3-4
Mmele wa ga Jesu o folosiwa mo koteng ya tlhokofatso fa barutwa ba gagwe ba ntse ba lebile ba le kgakajana

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GORENG JESU A ILE A BOGA A BA A SWA?

A Tota Go Ile Ga Direga?

Jesu wa Monasaretha o ne a bolawa ka dikgakologo tsa ngwaga wa 33 C.E. O ne a ile a latofadiwa ka maaka a gore ke moepapuso, a itewa botlhoko a bo a kokotelwa mo koteng. O ne a swa a le mo botlhokong jo bo ngomolang pelo. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, mme malatsi a le 40 moragonyana, Jesu o ne a tlhatlogela kwa legodimong.

Pego eno e e tlhomologileng re e fitlhela mo Diefangeleng tse nnè tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Ntšha. A tota dilo tseo di ile tsa direga? Potso eno e a tshwanela e bile e masisi. Fa e le gore ga di a direga, tumelo ya Bokeresete e tla bo e se na mosola e bile tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng, e tla bo e le go ijesa dijo tsa ditoro fela. (1 Bakorintha 15:14) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore ditiragalo tseo tota di ile tsa direga, go raya gore batho ba tlile go nna le isagwe e e molemo, e le wena o ka nnang le yone. Ka jalo, a dipego tseno tsa Diefangele di boammaaruri kgotsa ke ditlhamane?

SE BOSUPI BO SE BONTSHANG

Go farologana le ditlhamane tse di kgatlhang, dipego tsa Diefangele di nepile e bile di tlhalosa dintlha ka botlalo. Ka sekai, di na le maina a mantsi a mafelo a mmatota, a bontsi jwa one o ka kgonang go a etela le gompieno. Di bua ka batho ba mmatota, ba bakwadi ba hisitori ba ileng ba tlhomamisa gore ba kile ba nna teng.—Luke 3:1, 2, 23.

Jesu le ene o umakiwa mo dipegong tsa bakwadi ba e seng ba Baebele ba lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga.a Tsela e a ileng a bolawa ka yone e e tlhalosiwang mo Diefangeleng, e dumalana le tsela e batho ba neng ba bolawa ka yone kwa Roma ka motlha oo. Mo godimo ga moo, ditiragalo tseno di tlhalosiwa ka botlalo e bile go sa fitlhwe sepe—tota e bile di tlhalosa le diphoso tse bangwe ba barutwa ba ga Jesu ba ileng ba di dira. (Mathaio 26:56; Luke 22:24-26; Johane 18:10, 11) Dintlha tseno tsotlhe di bontsha sentle gore bakwadi ba Diefangele ba ne ba ikanyega e bile ba nepile ka se ba neng ba se kwala ka Jesu.

GO TWENG KA GO TSOSIWA GA GA JESU?

Le fa gone batho ba le bantsi ba dumela gore Jesu o kile a tshela a bo a swa, bangwe ba bone ga ba dumele gore o ne a tsosiwa. Tota le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba sa dumele fa ba ne ba utlwa lekgetlo la ntlha gore o tsositswe. (Luke 24:11) Le fa go ntse jalo, dipelaelo tseo di ne tsa fela fa bone le barutwa ba bangwe ba ne ba bona Jesu yo o tsositsweng, ka makgetlo a le mmalwa. Tota e bile, mo lekgetlong lengwe, o ne a bonwa ke batho ba feta 500.—1 Bakorintha 15:6.

Le fa gone barutwa ba ne ba itsenya mo kotsing ya go tshwarwa le go bolawa, ba ne ba bolelela batho botlhe ka bopelokgale gore Jesu o tsositswe—tota le batho ba ba neng ba mmolaya. (Ditiro 4:1-3, 10, 19, 20; 5:27-32) A barutwa bao ba bantsi ba ne ba ka nna pelokgale jalo fa e le gore ba ne ba sa tlhomamisega gore tota Jesu o tsositswe? Tota e bile, boammaaruri jwa gore Jesu o tsositswe bo ne jwa dira gore Bokeresete bo nne le tlhotlheletso e kgolo mo nakong e e fetileng le gone jaanong.

Dipego tsa Diefangele tse di buang ka loso lwa ga Jesu le go tsosiwa ga gagwe, di na le matshwao otlhe a a tlhokegang a pego ya hisitori e e boammaaruri le e e nepileng. Fa o di bala ka kelotlhoko, o tla tlhomamisega gore tota ditiragalo tseno di ile tsa direga. Fa o tlhaloganya lebaka la go bo di ile tsa direga, o ka tlhatswega pelo le go feta. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa lebaka leo.

a Tacitus, yo o tshotsweng mo e ka nnang ka 55 C.E., o ne a kwala gore “Keresete, yo leina [Bakeresete] le simologileng mo go ene, o ne a atlholwa setlhogo ka nako ya puso ya ga Tiberio, a atlholwa ke mongwe wa baemedi ba rona ba puso e bong Ponto Pilato.” Gape Jesu o umakwa ke Suetonius (wa dingwaga tsa bo100); rahisitori wa Mojuda e bong Josephus (wa dingwaga tsa bo100); le Pliny yo Mmotlana, mmusi wa Bithinia (wa mo masimologong a dingwaga tsa bo200).

Goreng Go se Na Bosupi jo bo Oketsegileng Jwa Dipego Tse e Seng Tsa Baebele?

E re ka Jesu a ne a na le tlhotlheletso e kgolo mo lefatsheng, a re ka solofela gore go nne le dipego tse di oketsegileng tsa mo dingwageng tsa bo100 ntle le Baebele, tse di supang gore Jesu e ne e le motho wa mmatota le gore o ne a tsosiwa? Nnyaa. Lebaka lengwe ke gore Diefangele di ne tsa kwalwa dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Ke dibuka di le mmalwa fela tse dingwe tsa mo motlheng oo tse di sa ntseng di le gone. (1 Petere 1:24, 25) Gape ga go bonale baganetsi ba bantsi ba ga Jesu ba ne ba ka kwala sepe fela ka ene se se neng se ka dira gore batho ba dumele dipego tse di buang ka ene.

Moaposetoloi Petere o ne a bua jaana ka go tsosiwa ga ga Jesu: “Modimo o ne a tsosa Yono mo letsatsing la boraro a ba a dira gore a bonatshege, e seng mo bathong botlhe, mme mo basuping ba ba neng ba tlhomiwa go sa le pele ke Modimo, mo go rona, ba re neng ra ja ra ba ra nwa le ene fa a sena go tsoga mo baswing.” (Ditiro 10:40, 41) Goreng a ne a sa bonale mo bathong botlhe? Efangele ya ga Mathaio e bontsha gore fa baba ba bodumedi ba utlwa ka dipego tsa go tsosiwa ga ga Jesu, ba ne ba loga maano a go di thibela gore di se ka tsa anama.—Mathaio 28:11-15.

A seno se raya gore Jesu o ne a sa batle gore batho ba itse gore o tsositswe? Nnyaa, ka gonne Petere o ne a tswelela a re: “O ne a re laela go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo gore yono ke Ene yo Modimo a neng a mo naya taelo ya go nna moatlhodi wa batshedi le baswi.” Seno ke se Bakeresete ba boammaaruri ba sa bolong go se dira go fitlha jaanong.—Ditiro 10:42.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela