LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 2 ts. 11-13
  • Go Ikobela Tlhagiso Go sa Le Gale Go ka Go Boloka!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikobela Tlhagiso Go sa Le Gale Go ka Go Boloka!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ELA TLHOKO DIPHETOGO TSA LEFATSHE
  • SESUPO SA GORE MODIMO O A GO RATA
  • TSHABELA KWA LEFELONG LE LE BABALESEGILENG!
  • Bokhutlo bo Tla Tla Leng? Se Jesu a se Buileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Go Arabiwa Dipotso di le Nnè ka ga Bokhutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tsunami ya Kwa Japane ya 2011—Bafalodi ba Tlhalosa Se se Ba Diragaletseng
    Tsogang!—2011
  • Boikaelelo jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 2 ts. 11-13
Lefelo le le sentsweng ke tsunami le le mo lotshitshing lwa Sumatra kwa Indonesia

Go Ikobela Tlhagiso Go sa Le Gale Go ka Go Boloka!

KA December 26, 2004, thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 9,1 e ne ya tshikinya setlhaketlhake sa Simeulue se se mo losing lwa lewatle kwa bokonebophirima jwa Sumatra kwa Indonesia. Botlhe ba ba neng ba le mo lotshitshing, ba ne ba leba lewatle. Metsi a lewatle a ne a fokotsega ka tsela e e sa tlwaelegang. Ka bonako fela, botlhe ba ne ba simolola go tshabela kwa dithabeng ba ntse ba goa ba re, “Smong! Smong!” e leng lefoko le ba le dirisang go bitsa tsunami. Mo metsotsong e le 30, makhubu a lewatle a ne a itaaka mafelo a a gaufi le lotshitshi mme a senya metse e le mentsi.

Setlhaketlhake sa Simeulue e ne ya nna lefelo la ntlha go itaakwa ke tsunami eo e e neng ya baka tshenyo e kgolo. Le fa go ntse jalo, mo baaging ba lefelo leo ba le 78 000, go ne ga tlhokafala ba le supa fela. Goreng go ne ga tlhokafala palo e nnye jalo?a Baagi ba setlhaketlhake seo ba na le polelwana e e reng: ‘Fa go nna le thoromo ya lefatshe mme metsi a lewatle a fokotsega, tshabela kwa dithabeng ka gonne a tlile go boela mo lotshitshing ka bonako.’ Batho ba kwa Simeulue ba ne ba ithutile mo go se se ba diragaletseng gore fa metsi a lewatle a fokotsega, go raya gore tsunami e a tla. Go ikobela tlhagiso go sa le gale, go ne ga ba boloka.

Baebele e bua ka masetlapelo a a ntseng a atamela, e leng “pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Mathaio 24:21) Mme gone, pitlagano eno ga se bokhutlo jwa Lefatshe jo bo bakwang ke ditiro tsa batho kgotsa tiragalo nngwe ya tlhago e e bakang tshenyo e kgolo—ka gonne boikaelelo jwa Modimo ke gore lefatshe le nnele ruri. (Moreri 1:4) Go na le moo, pitlagano eno e e tlang, ke se Modimo a tlileng go se dira fa a “senya ba ba senyang lefatshe.” E tla bo e le bokhutlo jwa boikepo jotlhe le pogo. (Tshenolo 11:18; Diane 2:22) Ruri seo e tla bo e le tshegofatso e kgolo!

Mo godimo ga moo, go farologana le ditsunami, dithoromo tsa lefatshe kgotsa makgwamolelo, tshenyo eno ga e kitla e bolaya batho ba ba se nang molato. Baebele ya re “Modimo ke lorato,” e bile Modimo yo leina la gagwe e leng Jehofa o solofetsa gore “basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (1 Johane 4:8; Pesalema 37:29) Mme gone, o ka falola jang pitlagano eno e kgolo le go itumelela masego ano a a solofeditsweng? Sa botlhokwa ke gore: Ikobele tlhagiso go sa le gale!

ELA TLHOKO DIPHETOGO TSA LEFATSHE

Ga re ka ke ra kgona go itse letlha la bokhutlo jwa boikepo jotlhe le pogo, ka gonne Jesu o ne a re: “Kaga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” Mme gone, Jesu o ne a re re ‘nne re disitse.’ (Mathaio 24:36; 25:13) Re disitse eng? Baebele e re tlhalosetsa ditiragalo tse di tla diregang mo lefatsheng pele ga Modimo a tlisa bokhutlo. Fela jaaka go fetoga ga lewatle ka tshoganyetso go ile ga tsibosa baagi ba Simeulue ka tsunami e e neng e tla, go fetoga ka tsela e e gakgamatsang ga ditiragalo tsa lefatshe e ne e tla nna sesupo sa gore bokhutlo bo gaufi. Lebokose le le mo setlhogong seno le umaka diphetogo dingwe tse dikgolo tse Baebele e buang ka tsone.

Gone ke boammaaruri gore fa re sekaseka maemo ano kgotsa ditiragalo tseno ka bongwe, re lemoga gore di ile tsa direga ka selekanyo se se rileng mo nakong e e fetileng. Mme gone, Jesu o ne a re fa re bona “dilo tseno tsotlhe,” re ne re tla itse gore bokhutlo bo gaufi. (Mathaio 24:33) Ipotse jaana, ‘Ke leng mo hisitoring dilo tseno tsotlhe tse di tlhalosiwang (1) di ileng tsa direga mo lefatsheng lotlhe, (2) di ileng tsa direga ka nako e le nngwe e bile (3) di ile tsa direga ka selekanyo se se iseng se ko se nne teng?’ Eleruri re tshela mo nakong e e ntseng jalo.

SESUPO SA GORE MODIMO O A GO RATA

Mongwe yo e kileng ya nna poresidente ya United States o ne a re: “Dithulaganyo tsa go tlhagisa batho go sa le gale . . . di boloka matshelo.” Morago ga tsunami ya 2004, go ne ga tlhomiwa thulaganyo ya go tsibosa batho mo lefelong le le neng le amegile, ka boikaelelo jwa gore fa go nna le tiragalo e e tshwanang le eo mo isagweng, e se ka ya bolaya batho. Ka tsela e e tshwanang, Modimo o dirile thulaganyo ya gore batho ba tlhagisiwe go sa le gale pele ga bokhutlo bo tla. Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

Ngogola Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse diura di feta dibilione di le 1,9 ba rera dikgang tse di molemo mo dinageng di le 240 ka dipuo di feta 700. Tiro eno e e dirwang gompieno ke bosupi jo bo maatla jwa gore bokhutlo bo atametse. E re ka Basupi ba ga Jehofa ba rata baagelani ba bone, ba dira ka natla fa ba ntse ba tlhagisa batho ka letsatsi la Modimo la katlholo le le atamelang ka bofefo. (Mathaio 22:39) Lebaka la go bo o ka kgona go solegelwa molemo ke tshedimosetso eno, ke sesupo sa gore Jehofa o a go rata. Gopola gore, “[Modimo] ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) A o tla tsibogela tsela e Modimo a go ratang ka yone o bo o ikobela tlhagiso ya go sa le gale?

TSHABELA KWA LEFELONG LE LE BABALESEGILENG!

Gopola gore fa baagi ba metse e e fa lotshitshing lwa lewatle kwa Simeulue ba ne ba bona metsi a lewatle a fokotsega, ka bonako fela ba ne ba tshabela kwa mafelong a a kwa godimo gore ba babalesege; ga ba a ka ba a letela gore a boe gape. Go tsaya kgato ka bonako go ile ga ba boloka. Gore o falole pitlagano e e tlang, le wena o tshwanetse go tshabela kwa lefelong le le kwa godimo, jaaka re ka rialo, pele go nna thari. O ka dira seno jang? Moporofeti Isaia o ne a kwala ka taletso e e kurusang e e ntseng e dirwa “go ela kwa bofelong jwa metlha,” nako e gone jaanong re tshelang mo go yone. Taletso eo ya re: “Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa . . . O tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.”—Isaia 2:2, 3.

Fa o le kwa godimo ga thaba, o kgona go bona se se diregang kgakala e bile o a bo o le mo lefelong le le babalesegileng. Ka tsela e e tshwanang, go ithuta ditsela tsa Modimo mo Baebeleng go thusa batho ba le dimilione go dira diphetogo tse di ba solegelang molemo. (2 Timotheo 3:16, 17) Ka go dira jalo, ba simolola go “tsamaya mo ditselaneng tsa [Modimo]” mme ba itumelela go bo a ba amogela le go ba tlhokomela.

A o tla amogela taletso eo le go itetla gore Modimo a go sireletse mo dinakong tseno tsa mathata? Re go kgothaletsa gore o sekaseke ka kelotlhoko bosupi jo bo mo Baebeleng jwa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo,” jo bo mo lebokoseng le le mo setlhogong seno. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona ba tla itumelela go go thusa gore o tlhaloganye ka botlalo ditemana tse di mo lebokoseng leno le kafa o ka di dirisang ka gone. O ka nna wa bona dikarabo tsa dipotso tse o nang le tsone ka go etela website ya rona ya www.pr418.com/tn. Leba DITHUTO TSA BAEBELE > DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE.

a Tsunami eno ya 2004 e ne ya bolaya batho ba feta 220 000—nngwe ya ditsunami tse di neng tsa baka tshenyo e kgolo thata mo dipegong tsa hisitori.

DITIRAGALO TSE DIKGOLO TSE DI BONTSHANG GORE BOKHUTLO BO GAUFI

Kanono

DINTWA LE DIKHUDUEGO TSE DI NTSENG DI OKETSEGA MO LEFATSHENG LOTLHE

“Lo tlile go utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa; bonang gore lo se ka lwa tshoga. Gonne dilo tseno di tshwanetse go diragala, mme e be e ise e nne bokhutlo. Gonne setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi . . . Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.”—Mathaio 24:6-8.

Ngwana yo o bopamisitsweng ke tlala

MALWETSE LE TLALA MO LEFATSHENG LOTLHE

“Mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo.”—Luke 21:11.

Moruti o bofilwe ka mehiri

GO OKETSEGA GA TLOLOMOLAO LE TLHAKATLHAKANO MO BODUMEDING

“Baporofeti ba le bantsi ba maaka ba tla tsoga ba bo ba timetsa ba le bantsi; mme ka ntlha ya go oketsega ga go tlhoka molao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”—Mathaio 24:11, 12.

Moruti o nyadisa batho ba bong jo bo tshwanang

GO SENYEGA GA BOITSHOLO LE GA TIRISANOMMOGO GARENG GA BATHO

“Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.”—2 Timotheo 3:1-4.

Basupi ba ga Jehofa ba eme fa thoko ga kolotsana ya go bontsha batho dikgatiso e bile ba rerela monna mongwe

GO RERWA GA DIKGANG TSE DI MOLEMO TSA BOGOSI JWA MODIMO MO LEFATSHEG LOTLHE

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

Mosadi o tsholeditse seatla go bontsha gore o a gana

BATSHWAYADIPHOSO BA GANETSA GORE BOKHUTLO BO GAUFI

“Mo metlheng ya bofelo go tla tla basotli ka go sotla ga bone, . . . ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.’”—2 Petere 3:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela