LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 4 ts. 3
  • Kgang e e Botlhokwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgang e e Botlhokwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Baebele e Tlileng Mo go Rona ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Ntwa E E Lolweng ke Bibela Gore E Tswelele Pele E Le Teng
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • A3 Matsapa a a Tserweng Gore re Nne le Baebele
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Modimo O Re Itsise Kaga Boikaelelo Jwa Gagwe
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 4 ts. 3

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAEBELE—KAFA E FALOTSENG KA GONE

Kgang e e Botlhokwa

Monna a tshwere Baebele e bile a lebega a na le dipelaelo

Ga go na mekwalo epe ya bodumedi e e tshwanang le Baebele. Ga go na buka epe e dithuto tsa yone di ileng tsa ama batho ba le bantsi jaana ka dingwagangwaga. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ga go na buka epe e e kileng ya sekasekiwa le go ganediwa thata jaaka yone.

Ka sekai, baithuti bangwe ba Baebele ga ba dumele gore Dibaebele tsa bosheng di kwalolotswe go tswa mo mekwalong ya ntlhantlha. Porofesa mongwe wa dithuto tsa bodumedi a re: “Ga re ka ke ra tlhomamisega gore re kwalolotse mekwalo ya ntlhantlha ka nepo. Re na le dikhopi tse di tletseng diphoso mme bontsi jwa tsone di kwadilwe dingwagangwaga morago ga tsa ntlhantlha e bile di farologana thata le tsone.”

Batho ba bangwe ga ba tlhomamisege gore Baebele e boammaaruri ka ntlha ya se ba se rutilweng mo madumeding a bone. Ka sekai, lelapa la gaabo Faizal le e seng la Bakeresete le ne la mo ruta gore Baebele ke buka e e boitshepo mme e fetotswe. A re: “Seo se ne sa dira gore ke nne le dipelaelo fa batho ba batla go bua le nna ka Baebele. Tota e bile, ba ne ba se na Baebele ya ntlhantlha. E fetotswe!”

A go botlhokwa go itse gore Baebele e fetotswe kgotsa nnyaa? Akanya ka dipotso tseno: A o ka ikanya ditsholofetso tse di itumedisang tsa Baebele tsa isagwe fa o sa itse gore a di ne di le gone mo mekwalong ya ntlhantlha? (Baroma 15:4) A o ne o ka dirisa melaometheo ya Baebele go dira ditshwetso tse di botlhokwa ka tiro, lelapa kgotsa bodumedi fa e le gore Dibaebele tsa bosheng ke dikhopi fela tse di kwadilweng ke batho tse di tletseng diphoso?

Le fa dibuka tsa ntlhantlha tsa Baebele di sa tlhole di le teng, re ka bona dikhopi tsa bogologolo—tse di akaretsang mekwalo e mentsintsi ya seatla ya Baebele. Mekwalo eo e ne ya sirelediwa jang gore e se ka ya onala, ya nyelediwa le go fetolwa? O ka tlhomamisega jang gore Baebele ya bosheng e o nang le yone e kwalolotswe sentle go tswa mo mekwalong eo? Bona dikarabo tsa dipotso tseo mo kgannyeng e e latelang ya kafa e falotseng ka gone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela