LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 4 ts. 14-15
  • Papiso e e Molemolemo E o Ka e Dirang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Papiso e e Molemolemo E o Ka e Dirang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • RE KA BAPISA JANG SE RE SE DUMELANG LE SE BAEBELE E SE RUTANG?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Basupi ba ga Jehofa Ba Dumela Eng?
    Basupi ba ga Jehofa Ba Dumela Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 4 ts. 14-15

Papiso e e Molemolemo E o Ka e Dirang

A O IPITSA Mokeresete? Fa go ntse jalo, o mongwe wa batho ba ba fetang dibilione di le pedi mo lefatsheng ba ba ipitsang balatedi ba ga Keresete. Gompieno go na le dikereke di le dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete, le fa go ntse jalo dithuto tsa bone le tsela e ba lebang dilo ka yone ga e dumalane. Ka jalo, se o se dumelang se ka tswa se farologane le se batho ba bangwe ba ba ipitsang Bakeresete ba se dumelang. A go botlhokwa gore o dumela eng? Ee go botlhokwa—fa e le gore o batla go dira se Baebele e reng Bakeresete ba se dire.

Balatedi ba bogologolo ba ga Jesu Keresete ba ne ba bidiwa “Bakeresete.” (Ditiro 11:26) E re ka go ne go na le tumelo e le nngwe fela ya Bokeresete, go ne go sa tlhokege gore ba bidiwe ka maina a mangwe. Bakeresete bao ba ne ba latela dithuto le dikaelo tsa ga Jesu Keresete e leng Mosimolodi wa Bokeresete. A kereke ya gago e dira jalo? A o dumela gore e ruta se Keresete a neng a se ruta le se balatedi ba gagwe ba bogologolo ba neng ba se dumela? O ka tlhomamisega jang ka seo? Tsela e le nngwe fela e o ka dirang seo ka yone ke go e sekaseka o dirisa Baebele.

Akanya ka seno: Jesu Keresete o ne a tlotla Dikwalo e bile a di tsaya e le Lefoko la Modimo. O ne a kgala ba ba neng ba nyatsa dithuto tsa Baebele ka go tlotlomatsa dingwao tsa batho. (Mareko 7:9-13) Re ka swetsa ka gore se balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba se dumelang se tshwanetse go tshegediwa ke Baebele. Ka jalo, Mokeresete mongwe le mongwe a ka ipotsa jaana: ‘A dithuto tsa kereke ya me di dumalana le se se mo Baebeleng?’ Gore o bone karabo, bapisa se kereke ya gago e se rutang le se Baebele e se rutang.

Jesu o ne a re tsela e re obamelang Modimo ka yone e tshwanetse go theiwa mo boammaaruring—boammaaruri jo bo mo Baebeleng. (Johane 4:24; 17:17) E bile moaposetoloi Paulo o ne a re gore re bolokege go ikaegile ka gore re tle “mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Ka jalo, go botlhokwa gore se re se dumelang se theiwe mo dithutong tse di boammaaruri tsa Baebele, go seng jalo re ka se bolokwe!

RE KA BAPISA JANG SE RE SE DUMELANG LE SE BAEBELE E SE RUTANG?

Re kopa gore o bale dipotso tse thataro tse di latelang o bo o ele tlhoko kafa Baebele e di arabang ka gone. Leba ditemana tsa Baebele tse di nopotsweng mme o akanye thata ka dikarabo tsa tsone. Go tswa foo, ipotse jaana, ‘A se se rutiwang kwa kerekeng ya me se dumalana le se Baebele e se buang?’

Tlhatlhobo eno e khutshwane e ka go thusa go dira papiso e e molemo. A o ikemiseditse go bapisa dithuto dingwe tsa kereke ya gago le se Baebele e se buang? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go sekaseka boammaaruri jo bo utlwalang sentle jwa Baebele. O ka kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a ithute Baebele le wena mahala. Kgotsa o ka tsena mo website ya rona ya jw.org/tn.

1 POTSO: Modimo ke mang?

KARABO: Jehofa, e leng Rraagwe Jesu, ke Modimo wa bosakhutleng le Mmopi wa dilo tsotlhe yo o maatla otlhe.

SE BAEBELE E SE BUANG:

“Re leboga Modimo Rra Morena wa rona Jesu Keresete ka metlha fa re lo rapelela.”—Bakolosa 1:3.

“O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe.”—Tshenolo 4:11.

Bona le Baroma 10:13; 1 Timotheo 1:17.

2 POTSO: Jesu Keresete ke mang?

KARABO: Jesu ke Morwa wa leitibolo wa Modimo. Jesu o ne a bopiwa, ka jalo o na le tshimologo. Jesu o dira thato ya Modimo e bile o a mo ikobela.

SE BAEBELE E SE BUANG:

“Rara o mogolo bogolo go nna.”—Johane 14:28.

“[Jesu] ke setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng, leitibolo la popo yotlhe.”—Bakolosa 1:15.

Bona le Mathaio 26:39; 1 Bakorintha 15:28.

3 POTSO: Moya o o boitshepo ke eng?

KARABO: Moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a dirisang go diragatsa thato ya gagwe. Ga se motho. Batho ba ka tladiwa ka moya o o boitshepo wa bo wa ba nonotsha.

SE BAEBELE E SE BUANG:

“Ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, lesea le le mo sebopelong sa gagwe la tlola; mme Elisabetha a tlala moya o o boitshepo.”—Luke 1:41.

“Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona.”—Ditiro 1:8.

Bona le Genesise 1:2; Ditiro 2:1-4; 10:38.

4 POTSO: Bogosi Jwa Modimo ke eng?

KARABO: Bogosi Jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong. Jesu ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Mo bogautshwaneng, Bogosi jono bo tla dira gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng lotlhe.

SE BAEBELE E SE BUANG:

“Moengele wa bosupa a letsa terompeta ya gagwe. Mme ga utlwala mantswe a a kwa godimo kwa legodimong, a re: ‘Bogosi jwa lefatshe bo fetogile bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe, mme o tla busa e le kgosi ka bosaengkae le go ya go ile.’”—Tshenolo 11:15.

Bona le Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10.

5 POTSO: A batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong?

KARABO: Nnyaa. Ke palo e e lekanyeditsweng ya batho ba ba ikanyegang ba ba bidiwang “letsomanyane” ba ba tlhophilweng ke Modimo go ya legodimong. Ba tla busa batho e le dikgosi ba na le Jesu.

SE BAEBELE E SE BUANG:

“Se boifeng, letsomanyane, ka gonne Rraalona o amogetse go lo naya bogosi.”—Luke 12:32.

“Ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene.”—Tshenolo 20:6.

Bona le Tshenolo 14:1, 3.

6 POTSO: Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe le batho?

KARABO: Mo Bogosing Jwa Modimo, lefatshe e tla nna paradaise e bile batho ba ba ikanyegang ba tla nna le botsogo jo bo molemo, kagiso e e nnelang ruri le botshelo jo bo sa khutleng.

SE BAEBELE E SE BUANG:

“Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

“O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

Bona le Pesalema 37:29; 2 Petere 3:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela