LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 5 ts. 3
  • Rotlhe re Tlhoka go Gomodiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rotlhe re Tlhoka go Gomodiwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gomodiwa ka Dinako Tsa Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Gomotsa ba ba Hutsafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Gomotsa ba ba Utlwisitsweng Botlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Gomodiwa ke “Modimo wa Kgomotso Yotlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 5 ts. 3

SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA BONA KGOMOTSO KAE?

Rotlhe Re Tlhoka Go Gomodiwa

Mmè o gomotsa ngwana wa gagwe wa mosimane

A o gopola o wa fa o sa ntse o le ngwana? Gongwe o ne wa tswa madi mo seatleng kgotsa wa kgoboga lengole. A o gopola kafa mmè wa gago a neng a go gomotsa ka gone? Gongwe o ne a tlhapisa ntho ya gago le go e hapa. O ne o lela mme o ne wa ikutlwa botoka fa a sena go go gomotsa le go go tlamparela ka lorato. Ka nako eo, go ne go na le motho yo o go gomotsang.

Mme botshelo bo a fetoga fa o ntse o gola. Mathata a a oketsega e bile go nna thata go bona kgomotso. Ka maswabi, fa o setse o godile, dilo ga di nne jaaka di ne di ntse fa o ne o le monnye. Ela tlhoko dikai di le mmalwa.

  • A o kile wa latlhegelwa ke tiro? Julian a re o ne a tlhakatlhakane fa a lelekiwa kwa tirong. O ne a ipotsa go re: ‘Ke tla kgona jang go tlamela lelapa la me? Ke eng fa khampani eno e ntlogedisa tiro mme gone ke feditse dingwagangwaga ke bereka ka thata?’

  • Gongwe o utlwile botlhoko ka gonne lenyalo la gago le thubegile. Raquel a re: “Fa monna wa me a ne a ntlogela dikgwedi tse 18 tse di fetileng, ke ne ke hutsafetse tota. Go ne go ntse jaaka e kete motho o phatlotse pelo ya me ka bogare. Ke ne ke utlwile botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong. Ke ne ke tshogile thata.”

  • Gongwe o na le bolwetse jo bo masisi jo go bonalang bo sa tokafale. Gongwe ka dinako tse dingwe o a tle o ikutlwe jaaka Jobe yo o neng a re: “Botshelo jwa me bo mpherosa sebete; ga ke rate [go] tshelela ruri.” (Jobe 7:16, Baebele e e Boitshepo) O ka tswa o ikutlwa jaaka monna mongwe wa dingwaga tse 80 yo o bidiwang Luis yo o neng a re: “Ka dinako dingwe ke na le go ikutlwa e kete ke emetse fela go swa.”

  • Kgotsa gongwe go swelwa ke motho yo o mo ratang go dira gore o ikutlwe o tlhoka go gomodiwa. Robert a re: “Fa morwaake a ne a swa mo kotsing ya sefofane, kwa tshimologong, ke ne ke sa dumele. Go tswa foo, ke ne ka utlwa botlhoko jo Baebele e bo tshwantshang le fa motho a go phunyeletsa ka tšhaka e telele.”—Luke 2:35.

Le fa Robert, Luis, Raquel le Julian ba ile ba lebana le maemo ao a a ngomolang pelo, ba ile ba bona kgomotso. Ba ile ba gomodiwa ke Modimo Mothatayotlhe. Modimo o gomotsa batho jang? A le wena a ka go naya kgomotso e o e tlhokang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela