LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 6 ts. 3
  • Dipotso Ka ba Ba Nnang Kwa Lefelong la Semoya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Ka ba Ba Nnang Kwa Lefelong la Semoya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Magodimo A ne A Bulega”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Legodimo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tshedimosetso Ka ba Ba Kwa Magodimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Diponatshegelo Tsa Lefelo la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 6 ts. 3
Loapi lo lo pududu le maru

SETLHOGO SA KA FA NTLE | SE SE DIREGANG MO MAFELONG A SEMOYA

Dipotso Ka ba Ba Nnang Kwa Lefelong la Semoya

A o kile wa ipotsa dipotso ka lefelo la semoya le gore ke bomang ba ba nnang kwa go lone? Fa go le jalo, ga se wena fela. Batho ga ba bolo go fopholetsa kgang eno ka dingwagangwaga. Bangwe ba dumela gore kwa lefelong leno la semoya, go nna badimo ba ba tshwanetseng go obamelwa. Ba bangwe ba akanya gore ke lefelo le le itumedisang le le bidiwang legodimo, le go renang kagiso kwa go lone e bile go nna baengele le basiami ba ba tlhokafetseng. Mme ba bangwe ba akanya gore lefelo la semoya ke kwa medimo e mentsintsi e nnang gone.

Batho ba le bantsi ba re ga re ka ke ra itse sepe ka lefelo la semoya ka gonne ga go ope yo o kileng a ya kwa go lone. Le fa go ntse jalo, go akanya jalo go phoso. Jesu Keresete o ne a tshela kwa legodimong, e leng lefelo la semoya, pele a tla mo lefatsheng. O ne a bolelela baeteledipele ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana a sa potapote: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.” Ka jalo, Jesu o ne a bua se a se itseng fa a ne a re: “Mo ntlong ya ga Rre go na le manno a le mantsi.”—Johane 6:38; 14:2.

Ke boammaaruri gore Rragwe Jesu ke Modimo yo leina la gagwe e leng Jehofa, mme “ntlo” ya ga Jehofa ke magodimo. (Pesalema 83:18) Ka jalo, ga go ope yo o kgonang go tlhalosa lefelo la semoya go gaisa tsela e Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ka le tlhalosang ka yone. Ba ne ba senola tshedimosetso e ntsi ka lefelo leno la semoya ba dirisa diponatshegelo tse di kgatlhang tse ba neng ba di bontsha batho ba ba ikanyegang.

Ditlhogo tse di latelang di tlhalosa dikarolo dingwe tsa Baebele tse di buang ka se batho ba neng ba se bona mo diponatshegelong di le mmalwa. Fa o ntse o sekaseka diponatshegelo tseno, gakologelwa gore lefelo leno la semoya ga se le le ka bonwang, le le nang le dilo tse re ka di tshwarang kgotsa ra di bona. Ka jalo, Modimo o ne a tlhalosa dilo tsa semoya ka tsela e re ka e tlhaloganyang, e seng e e ka tlhaloganngwang fela ke dibopiwa tsa semoya. Diponatshegelo tseno di tla go thusa go tlhaloganya gore ke bomang ba ba nnang mo ‘mannong a le mantsi’ a a kwa lefelong la semoya.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela