LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 2 ts. 4-6
  • Mpho ya Modimo e e Kgolo—Goreng e le Botlhokwa Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mpho ya Modimo e e Kgolo—Goreng e le Botlhokwa Jaana?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E TSWA MO GO MANG?
  • GORENG A NTSHITSE MPHO EO?
  • O NE A LATLHEGELWA KE ENG?
  • GO NE GO TLHOKEGA
  • Ke Mpho Efe E e Di Gaisang Tsotlhe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Mpho E e Di Gaisang Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 2 ts. 4-6

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O TLA AMOGELA MPHO E KGOLO E E TSWANG KWA MODIMONG?

Mpho ya Modimo e e Kgolo—Goreng e le Botlhokwa Jaana?

Ke eng se se dirang gore o tseye mpho e le botlhokwa? Go ka dirwa ke dintlha tse nnê: (1) e tswa mo go mang, (2) goreng a ntshitse mpho eo, (3) o ne a latlhegelwa ke eng gore a kgone go ntsha mpho eo le gore (4) a go ne go tlhokega. Go akanya ka dintlha tseno, go ka re thusa go lebogela mpho e kgolo ya Modimo e leng thekololo.

E TSWA MO GO MANG?

Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa

Re tsaya dimpho tse dingwe di le botlhokwa ka gonne re di neilwe ke batho ba ba nang le maemo kgotsa ba re ba tseelang kwa godimo. Dimpho tse dingwe re a di itumelela ka gonne re di neilwe ke mongwe wa lelapa kgotsa tsala e e rategang, le fa di rekilwe ka madi a mannye. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, go ne go ntse jalo ka mpho e Russell a neng a e naya Jordan. Kgang eno e amana jang le mpho ya thekololo?

Sa ntlha, Baebele ya re “Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene.” (1 Johane 4:9) Seo se dira gore mpho eno e nne botlhokwa thata. Ga go na molaodi yo mogolo go gaisa Modimo. Mopesalema mongwe wa Mohebera o ne a kwala jaana ka ene: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Ke Modimo fela yo o ka re nayang mpho e e ntseng jalo.

Sa bobedi, Modimo ke “Rraarona.” (Isaia 63:16) Ka tsela efe? O re neile botshelo e bile o a re kgathalela jaaka rre a kgathalela bana ba gagwe. Modimo o ne a botsa jaana fa a ne a bua le setšhaba sa gagwe sa bogologolo sa Eferaime: ‘A Eferaime ke morwa yo o rategang mo go nna? . . . Mala a me a fuduega ka ntlha ya gagwe. Ke tla mo tlhomogela pelo.’ (Jeremia 31:20) Modimo o sa ntse a ikutlwa jalo ka baobamedi ba gagwe. Ga se Mmopi wa rona fela, mme gape ke Rraarona yo o ikanyegang le Tsala ya rona. A seno ga se dire gore o tseye dimpho tsotlhe tse di tswang kwa go ene di le botlhokwa?

GORENG A NTSHITSE MPHO EO?

Jesu Keresete

Dimpho tse dingwe di botlhokwa ka gonne batho ba ba re neileng tsone ba dirile jalo ka gonne ba re rata e seng ka gonne ba pateleditswe go dira jalo. Motho yo o abang mpho ka bopelotshweu, ga a lebelele gore a duelwe.

Modimo o ntshitse Morwawe mo boemong jwa rona ka gonne a re rata. Baebele ya re: “Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonadiwa ka seno mo go rona, ka gonne Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng.” Goreng a ne a dira jalo? “Gore re bone botshelo ka ene.” (1 Johane 4:9) A Modimo o ne a patelesega go dira jalo? Le eseng! “Thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu,” e bontsha “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” jwa Modimo.—Baroma 3:24.

Goreng Baebele e re thekololo e bontsha “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” jwa Modimo? Baebele e tlhalosa jaana: “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Baroma 5:8) E re ka re le bokoa, re tlhoka thuso e bile re le baleofi, Modimo o ne a tlhotlheletsega go re bontsha gore o a re rata. Ga re tshwanelwe ke go bontshiwa lorato loo e bile re ka se kgone go mo duela. Eo ke mpho e kgolo go gaisa tsotlhe tse Modimo a kileng a di naya batho.

O NE A LATLHEGELWA KE ENG?

Jesu mo koteng ya tlhokofatso

Dimpho tse dingwe di botlhokwa ka gonne di bontsha gore batho ba ba di abang ba tsere matsapa a magolo. Fa mongwe a re naya sengwe se a se ratang, seo se dira gore re se tseye se le botlhokwa thata ka gonne motho yoo o a bo a intshitse setlhabelo.

Modimo o ne “a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi.” (Johane 3:16) Go ne go sa tlhokege gore a ntshe Morwawe yo a mo ratang thata. Mo dingwageng di le dintsi tse Modimo a di feditseng a bopa lobopo, Jesu o ne a dira le ene mme Modimo o ne a simolola go mo ‘rata ka tsela e e kgethegileng.’ (Diane 8:30) Jesu ke ‘Morwa yo o rategang’ wa Modimo le “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng.” (Bakolosa 1:13-15) Ga go na batho bape ba ba botlhale ba ba kileng ba ratana thata jaana.

Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ntsha Morwawe yo a mo ratang thata go re rekolola. (Baroma 8:32) Jehofa o re neile mpho e e tlhwatlhwakgolo. Ga go na mpho epe e a re neileng yone e e gaisang eno.

GO NE GO TLHOKEGA

Dimpho dingwe di botlhokwa ka gonne di re thusa ka se re se tlhokang le ka dinako tsa mathata. Ka sekai, o ne o tla ikutlwa jang fa mongwe a ne a ka ithaopela go go duelela kalafi e e neng e tla boloka botshelo jwa gago e o neng o ka se kgone go e duelela? Ruri eo e ne e tla bo e le mpho ya maemo a a kwa godimo tota!

“Gonne fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” (1 Bakorintha 15:22) E re ka re le ditlogolwana tsa ga Adame rotlhe re a “swa,” ga re kgone go thibela bolwetse le loso e bile ga re tshwanelege go nna ditsala tsa Modimo le go nna re sa leofe. E re ka re le batho fela, ga re kgone go dira gore batho ba bangwe ba ‘tshele.’ Baebele ya re: “Ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o ka gololang morwarraagwe, le fa e le go mo ntshetsa thekololo mo Modimong . . . Tlhwatlhwa ya kgololo ya moya wa bone e kgolo thata.” (Pesalema 49:7, 8) Ruri re tlhoka thuso thata ka gonne re ka se kgone go duela Modimo ka ntlha ya thekololo. Fa Modimo a sa re thuse, ga go na yo o ka re thusang.

Batho ba merafe le dingwaga tse di farologaneng

E re ka Jehofa a na le lorato lo logolo, o ne a re duelela “kalafi” e e bolokang matshelo ka go ntsha Morwawe e bong Jesu gore ‘botlhe ba tshele.’ “Kalafi” eo e ile ya duelwa jang ka thekololo? “Madi a ga Jesu . . . a re tlhapisa mo boleong jotlhe.” Fa re dumela mo mading a ga Jesu, re tla itshwarelwa maleo e bile re tla bona botshelo jo bo sa khutleng. (1 Johane 1:7; 5:13, Baebele e e Boitshepo.) Thekololo e tla thusa jang batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng? “E re ka loso lo tsile ka motho, go tsoga ga baswi le gone go tsile ka motho [Jesu].”—1 Bakorintha 15:21, Baebele e e Boitshepo.a

Ga go na mpho ya maemo a a kwa godimo kgotsa e e bontshang lorato lo logolo go gaisa setlhabelo sa ga Jesu. Ga go na ope yo o kileng a latlhegelwa thata jaaka Jehofa Modimo gore a re thuse. Gape ga go na mpho e e botlhokwa thata go gaisa setlhabelo se se re gololang mo boleong le mo losong. Ruri ga go na mpho epe ya boleng jo bo tshwanang le jwa thekololo.

Go ithuta mo go oketsegileng ka setlhabelo sa ga Jesu le kafa se ka go solegelang molemo ka gone, leba bidio ya setlhogo se se reng Gopola Loso Lwa ga Jesu mo www.jw.org/tn. Leba DIKGATISO > DIBIDIO. Gape o ka skena khouto eno ka sedirisiwa sa gago sa ileketeroniki.

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo jwa go tsosa baswi, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E teng mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela