LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 2 ts. 10-12
  • Go Gololwa mo Bokgobeng—Bogologolo le Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gololwa mo Bokgobeng—Bogologolo le Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • NTWA E DIRA GORE BOKGOBA E NNE KGWEBO E KGOLO
  • GO BONA KGOLOLESEGO
  • GO FEDISIWA GA BOKGOBA
  • Ntwa E e Sa Bolong go Lowa go Fedisa Bokgoba
    Tsogang!—2002
  • A Baebele e Mpampetsa Bokgoba?
    Tsogang!—2011
  • A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?
    Tsogang!—2001
  • “Lo ne Lwa Rekwa ka Tlhwatlhwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 2 ts. 10-12
Kgwebo ya go rekisa makgoba ya Afrika le Amerika

Go rekisa makgoba e ne e le kgwebo e e dirwang ke Afrika le Amerika

Go Gololwa mo Bokgobeng Bogologolo le Gompieno

Blessinga o ne a ya kwa Yuropa a solofeditswe gore o tla bona tiro ya go dira batho meriri. Morago ga malatsi a le lesome a itewa le go tshosediwa gore lelapa la gagwe le a le tlogetseng kwa gae le tla utlwisiwa botlhoko, o ne a patelediwa go gweba ka mmele.

Setshwantsho sa makgoba a bogologolo kwa Egepeto

Setshwantsho sa makgoba a bogologolo kwa Egepeto

Blessing o ne a tshwanetse go dira madi a a kana ka R3 000 go ya go R4 500 ka bosigo bo le bongwe gore a kgone go duela mothapi wa gagwe sekoloto sa madi a a kana ka R610 000. Blessing a re: “Ke ne ke akanya go tshaba, mme ne ke ne sa batle go tsenya lelapa la me mo kotsing. Ke ne ke sena kgoro ya botso.” Kgang ya gagwe e tshwana le ya batho ba ka nna dimilione di le nnê mo lefatsheng lotlhe ba ba dirilweng makgoba a a gwebang ka mmele.

Dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng, lekawana lengwe le le bidiwang Josefa le ne la rekisiwa ke bomorwarralone. O ne a feleletsa e le modiredi kwa ntlong ya mongwe wa maemo a a kwa godimo kwa Egepeto. Fa Josefa a simolola go nna lekgoba, mong wa gagwe o ne a mo tshwere sentle mme go ne go sa nna jalo ka Blessing. Mme fa Josefa a sena go gana go tlhakanela dikobo le mosadi wa mong wa gagwe, o ne a latofadiwa ka go re o ne a leka go betelela mosadi yoo. O ne a tsenngwa mo kgolegelong a bo a bofiwa ka ditshipi.—Genesise 39:1-20; Pesalema 105:17, 18.

Josefa e ne e le lekgoba bogologolo; Blessing ke lekgoba la motlha wa gompieno. Mme boobabedi e ne e le batswasetlhabelo ba mokgwa o o simologileng bogologolo wa go tsaya batho ka dikgoka, o batho ba o dirisang go ikhumisa.

NTWA E DIRA GORE BOKGOBA E NNE KGWEBO E KGOLO

Dintwa di dirile gore go nne motlhofo gore dinaga di nne le makgoba. Kgosi ya kwa Egepeto e bong Thutmose III o ne a tla le magolegwa a le 90 000 fa a sena go fenya Kanana mo ntweng. Baegepeto ba ne ba dira gore magolegwa ao a age ditempele, a dire kwa meepong le go dira mesele.

Ka nako ya fa Roma e ne e busa, dintwa di ne di dira gore palo ya makgoba e oketsege e bile ka dinako tse dingwe go batla makgoba go ne go baka dintwa. Go fopholediwa gore bogologolo, mo e ka nnang halofo ya banni ba Roma e ne e le makgoba. Makgoba a le mantsi a Baegepeto le Baroma a ne a tshwarwa makgwakgwa. Ka sekai, makgoba a a neng a dira kwa meepong ya kwa Roma a ne a tshela dingwaga di ka nna 30 fela.

Fa nako e ntse e ya, go dira batho makgoba go ile ga oketsega. Go rekisa makgoba e ne e le kgwebo e e dirang madi a mantsi e e neng e dirwa ke Afrika le Amerika, go tloga ka lekgolo la bo16 la dingwaga go fitlha ka la bo19. Pego ya mokgatlho wa UNESCO ya re: ‘Go fopholediwa gore banna, basadi le bana ba ka nna dimilione di le 25 go ya go di le 30 ba ne ba tsewa ka dikgoka le go rekisiwa.’ Dipego di tlhalosa gore go ile ga swa batho ba le dikete di le makgolo fa ba ne ba kgabaganya Lewatle la Atlantic. Legolegwa lengwe le le neng la falola e bong Olaudah Equiano le ne la re: “Selelo se se tlhabang pelo sa basadi le go fegelwa ga batho ba ba neng ba swa, di ne di utlwisa botlhoko tota.”

Ka maswabi, bokgoba ga se kgang fela ya bogologolo e e utlwisang botlhoko. Mokgatlho wa International Labour wa re go sa ntse go na le banna, basadi le bana ba ka nna dimilione di le 21 ba e leng makgoba, ba bereka ba golegilwe e bile ba duelwa madi a mannye kgotsa ba sa duelwe gotlhelele. Gompieno makgoba a le mantsi a dira mo meepong, mo dikhampaning tse di dirang diaparo, tse di dirang ditena, mo mafelong a batho ba ba gwebang ka mmele le mo matlong a batho. Go dira batho makgoba jalo go ntse go oketsega, le fa go se mo molaong.

Bana ba dirilwe makgoba kwa khampaning e e dirang ditena

Go sa ntse go na le makgoba a le dimilione gompieno

GO BONA KGOLOLESEGO

Go tshwarwa setlhogo go dirile gore makgoba a le mantsi a lwele kgololesego. Ka lekgolo la ntlha la dingwaga pele Jesu a tla mo lefatsheng, motlhabani mongwe yo o bidiwang Spartacus le makgoba mangwe a ka nna 100 000 ba ne ba tlhanogela puso ya Roma mme ba palelwa ke go fenya. Ka lekgolo la bo18 la dingwaga, makgoba a kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean kwa Hispaniola, a ne a nna kgatlhanong le beng ba one. Go tshwara makgoba setlhogo kwa ditshimong tsa sukiri go ile ga dira gore go nne le ntwa e e neng ya tsaya dingwaga di le 13 mme ya feleletsa e dirile gore ka 1804, Haiti e nne naga e e ikemetseng.

Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ile ba gololwa mo bokgobeng ka tsela e e gakgamatsang fa ba ne ba tswa kwa Egepeto. Setšhaba sotlhe sa batho ba ka nna dimilione di le tharo, se ne sa gololwa mo bokgobeng. Ruri ba ne ba tshwanelwa ke go bona kgololesego! Baebele ya re Baiseraele ba ne ba dira “mofuta mongwe le mongwe wa bokgoba” kwa Egepeto ba tshwerwe makgwakgwa. (Ekesodo 1:11-14) Tota e bile, Faro mongwe o ne a laela batho gore ba bolaye bana ba ba sa tswang go tsholwa gore Baiseraele ba se ka ba nna bantsi.—Ekesodo 1:8-22.

Tsela e Baiseraele ba golotsweng ka yone mo bokgobeng kwa Egepeto e ne e tlhomologile ka gonne ba ne ba golotswe ke Modimo. Modimo o ne a raya Moshe a re: “Ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang. Mme ke a fologa go ya go ba golola.” (Ekesodo 3:7, 8) Fa e sa le go tloga ka nako eo, Bajuda mo lefatsheng lotlhe ba keteka Paseka ngwaga le ngwaga go gopola tiragalo eo.—Ekesodo 12:14.

GO FEDISIWA GA BOKGOBA

Baebele ya re “ga go na tshiamololo mo go Jehofa Modimo wa rona” e bile e re tlhomamisetse gore ga a ise a fetoge. (2 Ditiragalo 19:7; Malaki 3:6) Modimo o ne a romela Jesu “go rerela batshwarwa kgololo le . . .  go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe.” (Luke 4:18) A seno se ne se raya gore makgoba otlhe a golotswe? Nnyaa. Jesu o ne a romelwa go tla go golola batho mo bokgobeng jwa boleo le loso. Moragonyana o ne a re: “Boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Tota le gompieno, boammaaruri jo Jesu a neng a bo ruta bo golola batho ka ditsela tse dintsi.—Bona lebokoso le le reng “Go Gololwa mo Bokgobeng Bongwe.”

Tota e bile, Modimo o ne a thusa Josefa le Blessing go falola bokgoba ka ditsela tse di farologaneng. Pego e e kgatlhang e e buang ka Josefa e mo bukeng ya Baebele ya Genesise kgaolo 39 go ya go 41. Blessing le ene o ne a swegaswega pelo go bona kgololesego.

Fa Blessing a sena go lelekiwa kwa nageng nngwe ya kwa Yuropa, o ne a fudugela kwa Spain. Fa a le koo, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go ithuta Baebele le bone. E re ka a ne a ikemiseditse go baakanya botshelo jwa gagwe, o ne a bona tiro mme a kopa mothapi wa gagwe gore a fokotse madi a a tshwanetseng go a duela kgwedi le kgwedi. Letsatsi lengwe Blessing o ne a founelwa ke mothapi wa gagwe. O ne a batla go phimola sekoloto sa ga Blessing le go mo kopa gore a mo itshwarele. Go ne go diragetse eng? Le ene o ne a simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa! Blessing a re: “Boammaaruri bo go golola ka ditsela tse di gakgamatsang.”

Jehofa Modimo o ne a utlwa botlhoko fa a bona makgoba a Baiseraele a tshwerwe setlhogo kwa Egepeto; o sa ntse a ikutlwa jalo ka tshiamololo e e dirwang gompieno. Boammaaruri ke gore batho ba tshwenetse go dira diphetogo tse dikgolo go fedisa mofuta mongwe le mongwe wa bokgoba. Mme Modimo o re solofetsa gore o tla fedisa bokgoba jotlhe. “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:13.

a Leina le fetotswe.

Go Gololwa mo Bokgobeng Bongwe

Alonso le mosadi wa gagwe

Alonso e ne e le lekgoba la mofuta o mongwe. Fa e sa ntse e le lekawana, o ne a tshwakgotswe ke diritibatsi tse di kotsi. Alonso a re: “Ke ne ke dira ditiro tsa bokebekwa gore ke kgone go nna le madi a go reka diritibatsi. Ke ne ka ya kwa ditheong tse nnê tse di thusang batho go tlogela diribatsi, mme ka palelwa ke go tlogela go di dirisa. Ke ne ka tshwarwa mme ka tsenngwa dingwaga di le nnê kwa kgolegelong.”

Alonso o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa morago ga dingwaga di le 30 e le lekgoba la diritibatsi. Molaetsa wa Baebele o ne wa mo ama pelo mme wa dira gore a ikemisetse go di tlogela. A re: “Go ne go le thata go tlogela diritibatsi. Mme Jehofa Modimo o ne a nthusa go fenya ntwa eo.”—Pesalema 55:22.

Alonso a re: “Mosadi wa me o itumelela go bona gore ke fetogile. Ke leboga Jehofa thata go bo a nthusitse go tlogela tsela e e sa siamang e ke neng ke tshela ka yone. Fa a ka bo a sa nthusa, nkabo ke sa ntse ke le lekgoba kgotsa gongwe ke sule.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela