LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 5 ts. 16
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go tla tsamaya go nna le kagiso mo lefatsheng?
  • A go a kgonega go nna le kagiso ya mogopolo gompieno?
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A o Ka Nna le Kagiso mo Lefatsheng Leno le le Tletseng Matshwenyego?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 5 ts. 16
Dibetsa tsa ntwa di a nyelediwa

Dibetsa tsotlhe tsa ntwa di tla nyelediwa

Baebele Ya Reng Ka Kgang Eno?

A go tla tsamaya go nna le kagiso mo lefatsheng?

O ne o ka reng?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

Se Baebele e se buang

Fa Jesu Keresete a busa, go tla nna le “letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng”—seo se raya gore kagiso e tla nnela ruri.—Pesalema 72:7.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Batho ba ba bosula ba tla fedisiwa mme batho ba ba siameng “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

  • Modimo o tla fedisa dintwa tsotlhe.—Pesalema 46:8, 9.

A go a kgonega go nna le kagiso ya mogopolo gompieno?

Batho bangwe ba dumela gore . . . fa fela lefatshe la rona le sa ntse le tletse ka go boga le tshiamololo, ga re kitla re nna le kagiso ya mogopolo. Wena o akanya eng?

Se Baebele e se buang

Tota le gompieno go a kgonega gore batho ba e leng ditsala tsa Modimo ba nne le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—Bafilipi 4:6, 7.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Modimo o solofetsa gore o tla fedisa tshiamololo le dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boge a bo a “dira dilo tsotlhe disha.”—Tshenolo 21:4, 5.

  • Re ka nna le kagiso ya mogopolo fa re nonotsha kamano ya rona le Modimo.—Mathaio 5:3.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela