“Boidiidi jo bogolo” jwa batho go tswa mo ditšhabeng tsotlhe, bo tla falola Haramagedona
Baebele Ya Reng Ka Kgang Eno?
Haramagedona ke eng?
Batho bangwe ba dumela gore . . .
ke go senngwa ga lefatshe ka dibomo tsa nuklea kgotsa go senngwa ga tikologo. Wena o akanya eng?
Se Baebele e se buang
Haramagedona ke lefelo la tshwantshetso la ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ kgatlhanong le sengwe le sengwe se se bosula.—Tshenolo 16:14, 16.
Se gape re se ithutang mo Baebeleng
Modimo o lwa ntwa ya Haramagedona go boloka lefatshe gore batho ba se ka ba le senya.—Tshenolo 11:18.
Ntwa ya Haramagedona e tla fedisa dintwa tsotlhe.—Pesalema 46:8, 9.
A go a kgonega go falola ntwa ya Haramagedona?
O ne o ka reng?
Ee
Nnyaa
Gongwe
Se Baebele e se buang
“Boidiidi jo bogolo” jwa batho jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe bo tla falola ‘pitlagano e kgolo’ mme morago ga yone go tla nna le ntwa ya Haramagedona.—Tshenolo 7:9, 14.
Se gape re se ithutang mo Baebeleng
Modimo o batla gore batho ba le bantsi ba falole Haramagedona. O tla senya batho ba ba bosula fela fa ba sa batle go fetoga.—Esekiele 18:32.
Baebele e tlhalosa se re tshwanetseng go se dira go falola Haramagedona.—Sefania 2:3.