Go Nna Boingotlo Le fa Re Lebana le Diteko
“Nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago.”—MIK. 6:8.
PINA: 48, 95
1-3. Moporofeti mongwe wa kwa Juda o ile a palelwa ke go dira eng, mme go ne ga felela jang? (Bona setshwantso se se simololang setlhogo.)
NAKO nngwe fa kgosi ya motlhanogi e bong Jeroboame a ne a busa, Jehofa o ne a romela moporofeti mongwe wa kwa Juda gore a romele molaetsa wa katlholo e e bogale kwa kgosing eno ya Iseraele. Moporofeti yoo yo o boikobo o ne a romela molaetsa oo, mme Jehofa o ne a mo sireletsa mo bogaleng jwa ga Jeroboame.—1 Dikg. 13:1-10.
2 Fa moporofeti yoo a boela gae, o ne a kgatlhantshiwa ke monna mongwe yo o godileng yo o neng a tswa gaufi le kwa Bethele. Monna yono o ne a ipolela e le moporofeti wa ga Jehofa. O ile a fora lekawana leno la moporofeti gore le se ka la ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore ‘a se ka a ja senkgwe kgotsa a nwa metsi koo’ le gore ‘a se ka a boela morago . . . ka tsela e a tsamaileng ka yone.’ Jehofa o ne a sa itumela ka gonne moporofeti yoo o ile a reetsa monna yono yo o godileng. Moragonyana fa moporofeti yoo a le mo tseleng ya go boela gae, o ne a kopana le tau mme ya mmolaya.—1 Dikg. 13:11-24.
3 Ke eng fa moporofeti yono yo o neng a le boikobo a ile a tsamaya le monna yoo yo o ileng a mo tsietsa? Baebele ga e tlhalose. Gongwe o ne a lebetse gore o tshwanetse go ‘nna boingotlo fa a tsamaya le Modimo.’ (Bala Mika 6:8.) Fa Baebele e bua ka go tsamaya le Jehofa, e a bo e kaya go mo ikanya, go ema nokeng bolaodi jwa gagwe le go reetsa ditaelo tsa gagwe. Motho yo o boingotlo o itse sentle gore a ka kgona go buisana le Jehofa e bile o tshwanetse go dira jalo ka metlha. Moporofeti yoo, a ka bo a ile a kopa Jehofa gore a mo thuse go tlhaloganya ditaelo tsa gagwe sentle, mme gone Dikwalo ga di tlhalose fa a ile a dira jalo. Ka dinako tse dingwe, le rona re tshwanetse go dira ditshwetso tse di boima, mme re ka tswa re sa lemoge ditshwetso tse di siameng tse re tshwanetseng go di tsaya. Fa re le boingotlo mme re kopa kaelo ya ga Jehofa, seo se tla re thusa go tila go dira diphoso tse di masisi.
4. Re tla ithuta eng mo setlhogong seno?
4 Mo setlhogong se se fetileng, re ile ra ithuta ka lebaka la go bo go nna boingotlo go le botlhokwa le gore re ka bontsha jang gore re boingotlo. Le fa go ntse jalo, ke dilo dife tse di ka dirang gore go nne thata gore re nne boingotlo? Mme re ka nna boingotlo jang fa re lebana le diteko? Gore re arabe dipotso tseno, re tla sekaseka maemo a mararo a a ka dirang gore go nne thata gore re nne boingotlo e bile re tla sekaseka kafa re ka lepalepanang le maemo ao ka tsela e e siameng.—Dia. 11:2.
FA MAEMO A RONA A FETOGA
5, 6. Barisilai o ne a bontsha jang gore o boingotlo?
5 Fa maemo a rona kgotsa dikabelo tsa rona di fetoga, seo se ka dira gore go nne thata go nna boingotlo. Fa Dafide a ne a kopa Barisilai yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 80, gore a tle go nna mo ntlong ya segosi, Barisilai o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota. Fa Barisilai a ne a ka dumela go ya go nna koo, o ne a tla atamalana thata le Dafide. Le fa go ntse jalo, Barisilai ga a ka a dumela go ya go nna kwa ntlong ya segosi. Ka ntlha yang? O ne a bolelela Dafide gore ga a batle go nna mokgweleo wa gagwe ka gonne o setse a tsofetse. Ka jalo, Barisilai o ne a kopa gore Kimahame yo gongwe e neng e le morwa wa gagwe, a ye go nna kwa ntlong ya segosi.—2 Sam. 19:31-37.
6 Go nna boingotlo go ile ga thusa Barisilai gore a dire tshwetso e e siameng. O ne a sa gane go ya go nna koo ka gonne a ikutlwa a sa tshwanelegele go rwala maikarabelo kgotsa a ne a batla go nna le nako e ntsi ya go ikhutsa. O ne a lemoga gore maemo a gagwe a fetogile le gore go na le dilo dingwe tse a neng a ka se tlhole a kgona go di dira. O ne a sa batle go ipolaisa morwalo wa dilo tse a neng a ka se kgone go di dira. (Bala Bagalatia 6:4, 5.) Fa re tlhoma mogopolo mo go nneng le maemo kgotsa go tuma, seo se ka dira gore go nne motlhofo gore re simolole go ikgodisa le go gaisana le ba bangwe e bile re ka feleletsa re kgobegile marapo. (Bagal. 5:26) Le fa go ntse jalo, fa re le boingotlo re tla dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gore re galaletse Modimo le go thusa ba bangwe.—1 Bakor. 10:31.
7, 8. Boingotlo bo ka re thusa jang gore re se ka ra itshepa thata?
7 Gantsi go nna le maikarabelo a a oketsegileng go dira gore re nne le taolo e e oketsegileng, mme seo se ka dira gore go nne thata go nna boingotlo. Fa Nehemia a sena go utlwa dikgang tse di utlwisang botlhoko tsa batho ba kwa Jerusalema, o ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo. (Neh. 1:4, 11) Kgosi Aretaserese o ne a tlhoma Nehemia gore a nne molaodi wa kgaolo mme seo e ne e le tshegofatso ya ga Jehofa. Le fa gone Nehemia a ne a na le maemo a a kwa godimo, a humile e bile a na le taolo, ga a ise a ko a ikaege ka kitso kgotsa bokgoni jwa gagwe. O ne a nna a tsamaya le Modimo. O ne a nna a batla kaelo ya ga Jehofa ka go bala Molao wa Modimo. (Neh. 8:1, 8, 9) Nehemia ga a ka a itseela kwa godimo ga ba bangwe, go na le moo, o ne a dirisa dilo tsa gagwe go ba thusa.—Neh. 5:14-19.
8 Sekao sa ga Nehemia se re bontsha kafa go nna boingotlo go ka re thusang ka gone gore re se ka ra itshepa thata fa re nna le dikabelo tse disha kgotsa fa re nna le maikarabelo a a oketsegileng. Fa mogolwane a ikaega ka maitemogelo a gagwe, a ka lebala go kopa kaelo ya ga Jehofa fa a dira dilo tsa phuthego. Ba bangwe ba ka dira ditshwetso pele, e bo e le gone ba kopang Jehofa gore a segofatse ditshwetso tsa bone. Le fa go ntse jalo, a seo ke go bontsha boingotlo? Motho yo o boingotlo o tla nna a gopotse gore ga a lekane le Modimo e bile o tla nna a gopotse seabe sa gagwe mo phuthegong ya Modimo. Bokgoni jwa rona ga bo botlhokwa go le kalo. Ga re a tshwanela go itshepa thata segolobogolo fa re dira sengwe se re se tlwaetseng kgotsa re lebane le bothata bongwe jo bo sa reng sepe. (Bala Diane 3:5, 6.) E re ka re le karolo ya phuthego ya Modimo, re tshwanetse go dira dikabelo tsa rona ka boikaelelo jwa go thusa ba bangwe mo phuthegong e seng go iponela ditshiamelo kgotsa maemo a a rileng.—1 Tim. 3:15.
FA RE TSHWAIWA PHOSO KGOTSA RE TLOTLOMADIWA
9, 10. Go nna boingotlo go ka re thusa jang go lepalepana le go tshwaiwa diphoso?
9 Fa re kgalwa, go ka nna thata gore re laole maikutlo a rona. Hana o ne a nna a lela ka gonne mogadikane wa gagwe e bong Penina, o ne a nna a mo kgala. Monna wa ga Hana o ne a mo rata, mme gone, Hana e ne e le moopa. Moragonyana, fa a ne a rapela kwa motlaaganeng, Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ne a mo latofatsa ka gore o nole. Akanya fela! Le fa go ntse jalo, e re ka Hana a ne a le boingotlo, ga a ka a galefa, go na le moo, o ne a araba Eli ka tlotlo. Thapelo ya gagwe e e amang maikutlo e kwadilwe mo Baebeleng. Thapelo eno e bontsha gore Hana o ne a na le tumelo, a leboga Modimo e bile o ne a mmaka.—1 Sam. 1:5-7, 12-16; 2:1-10.
10 Gape go nna boingotlo go ka re thusa gore re ‘nne re fenya bosula ka molemo.’ (Bar. 12:21) Go direga dilo di le dintsi tse di bosula mo lefatsheng gompieno mme ga re a tshwanela go galefisiwa ke boitshwaro jwa batho ba ba bosula. (Pes. 37:1) Re utlwa botlhoko le go feta fa re sa utlwane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Motho yo o boingotlo o etsa sekao sa ga Jesu. Baebele ya re: “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene . . . , mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.” (1 Pet. 2:23) Jesu o ne a itse gore pusoloso ke ya ga Jehofa. (Bar. 12:19) Bakeresete ba gakololwa gore le bone ba nne boikokobetso mme ba se ka ba ‘duela go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko.’—1 Pet. 3:8, 9.
11, 12. (a) Go nna boingotlo go ka re thusa jang fa batho ba re tlotlomatsa? (b) Go nna boingotlo go tshwanetse ga ama jang tsela e re aparang, e re ipaakanyang le e re itshwarang ka yone?
11 Go tlotlomadiwa thata go ka dira gore go nne thata go nna boingotlo. Ela tlhoko tsela e Esethere a ileng a itshwara ka yone le fa go ne go direga dilo tse a neng a sa di lebelela. Bontle jwa gagwe bo ne bo thiba letsatsi e bile o ne a newa tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo ka lobaka lwa ngwaga. O ne a nna le makgarebe a a tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Peresia, mme botlhe ba ne ba batla gore kgosi e ba tlhophe. Le fa go ntse jalo, Esethere o ne a tswelela a le boikokobetso e bile a tlotla ba bangwe. Tota le fa kgosi e sena go mo tlhopha gore e nne kgosigadi, ga a ka a ikgodisa.—Eseth. 2:9, 12, 15, 17.
A tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone e bontsha gore re tlotla Jehofa le batho ba bangwe, kgotsa e bontsha gore ga re boingotlo? (Bona serapa 12)
12 Go nna boingotlo go re thusa gore ka metlha re apare le go ipaakanya sentle e bile re itshware ka tsela e e siameng le e e bontshang gore re tlotla ba bangwe. Re a itse gore batho ba tla re rata fa re bontsha “moya o o didimetseng le o o bonolo,” e seng fa re ikgantsha kgotsa re itlotlomatsa. (Bala 1 Petere 3:3, 4; Jer. 9:23, 24) Fa e le gore re rata go ikgodisa, seo se tla bonala mo ditirong tsa rona. Re ka nna ra bua dilo dingwe tse di bontshang seno, gongwe re umaka gore re na le ditshiamelo tse di kgethegileng, re itse dilo dingwe tse di sa itsiweng ke batho botlhe kgotsa re itsane le bakaulengwe bangwe ba ba nang le maikarabelo. Kgotsa re ka tlhalosa dilo dingwe ka tsela e e tla dirang gore e nne rona re tlotlomadiwang le fa gone re ne re kopanetse dilo tseo le ba bangwe. Le mo ntlheng eno, Jesu o re tlhometse sekao se se molemo. Gantsi fa a bua o ne a nopola go tswa mo Dikwalong Tsa Sehebera. O ne a dira jalo gore bareetsi ba gagwe ba itse gore o ne a sa itlhamele se a se buang go na le moo, o ne a bua se se tswang kwa go Jehofa.—Joh. 8:28.
FA RE DIRA DITSHWETSO
13, 14. Go nna boingotlo go ka re thusa jang gore re dire ditshwetso tse di siameng?
13 Fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso, go ka nna thata gore re nne boingotlo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a le kwa Kaesarea, moporofeti Agabuse o ne a mmolelela gore fa a ka ya kwa Jerusalema, o ne a tla tshwarwa le go bolawa. Bakaulengwe ba koo ba ne ba kopa gore Paulo a se ka a tsamaya, e re ka ba ne ba tshaba gore o tla bolawa. Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a ba reetsa. O ne a sa boife se se tla mo diragalelang, mme gone, ga se gore o ne a itshepa thata. Go na le moo, o ne a ikanya Jehofa ka botlalo e bile o ne a iketleeleditse go wetsa kabelo ya gagwe, go sa kgathalesege gore seo se ne se tlhoka gore a ye kae. Fa bakaulengwe ba utlwa seno, ba ne ba bontsha gore ba boingotlo ka go sa kganele Paulo go ya kwa Jerusalema.—Dit. 21:10-14.
14 Go nna boingotlo go ka re thusa gore re dire ditshwetso tse di siameng le fa gone re sa itse gore isagwe e re tshwaretse eng. Ka sekai, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Fa nka tsenela tirelo ya nako e e tletseng, ke tla dira eng fa ke lwala? Ke tla dira eng fa batsadi ba me ba tsofetse e bile ba tlhoka thuso ya me? Ke tla tlhokomelwa ke mang fa ke setse ke tsofetse?’ Go rapela le go dira dipatlisiso go ka nna ga se ka ga go naya dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno tsotlhe. (Mor. 8:16, 17) Go ikanya Jehofa go tla re thusa gore re itse gore go na le dilo dingwe tse re ka se kgoneng go di dira. Fa re sena go dira dipatlisiso, go bua le ba bangwe le go rapelela kaelo ya Modimo, re tshwanetse go letla moya o o boitshepo gore o re kaele. (Bala Moreri 11:4-6.) Fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa kgotsa a ka re thusa go ipeela mekgele e mengwe.—Dia. 16:3, 9.
KAFA RE KA NNANG BOINGOTLO KA GONE
15. Go tlhatlhanya ka Jehofa go ka re thusa jang gore re nne re ikokobeditse?
15 E re ka go nna boingotlo go ka re solegela molemo ka ditsela di le dintsi, re ka bontsha nonofo eno jang ka tsela e e oketsegileng? A re sekasekeng ditsela di le nnè tse di ka re thusang go dira jalo. Sa ntlha, fa re tlhatlhanya ka dinonofo tsa ga Jehofa le maatla a gagwe a magolo, seo se tla dira gore re nne boingotlo e bile re mmoife. (Isa. 8:13) Gopola gore re tsamaya le Modimo Mothatayotlhe, e seng moengele kgotsa motho. Go gopola seno go tla re thusa gore re ‘ikokobetse kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo.’—1 Pet. 5:6.
16. Go tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a re ratang ka yone go tla re thusa jang gore re nne boingotlo?
16 Sa bobedi, go tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a re ratang ka yone go tla re thusa gore re nne boingotlo. Moaposetoloi Paulo o ne a re Jehofa o dirile gore dikarolo tsa mmele tse di sa tlotlegeng thata di nne le “tlotlo e kgolo thata.” (1 Bakor. 12:23, 24) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o amega ka mongwe le mongwe wa rona, go sa kgathalesege gore ke dilo dife tse re sa kgoneng go di dira. Ga a re bapise le batho ba bangwe e bile ga a re tlhoe fa re dira diphoso. E re ka Jehofa a re rata, re ka kgona go ikutlwa re sireletsegile go sa kgathalasege gore re mo direla kae mo phuthegong ya gagwe.
17. Go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse ba bangwe ba di dirang go tla re tlhotlheletsa gore re dire eng?
17 Sa boraro, fa re etsa Jehofa ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse ba bangwe ba di dirang, tsela e re anaanelang seabe sa rona mo phuthegong ya ga Jehofa ka yone e tla gola. Go na le go nna re itshenkela kgalalelo kgotsa re batla go nna maitsegotlhe, re tla nna boingotlo ka go nna re kopa kgakololo mo go ba bangwe le go amogela dikakantsho tsa bone. (Dia. 13:10) Re tla itumela le bakaulengwe ba rona fa ba newa ditshiamelo. Mme re tla galaletsa Jehofa fa re ntse re lemoga kafa a segofatsang ka gone “bakaulengwe botlhe ba [rona] mo lefatsheng.”—1 Pet. 5:9.
18. Re ka thapisa segakolodi sa rona jang gore se re thuse go dira dilo tse di tla itumedisang Modimo?
18 Sa bonè, tsela e re itshwereng sentle le e re tlotlang ba bangwe ka yone, e tla tokafala fa re thapisa segakolodi sa rona gore re dire dilo go dumalana le melaometheo ya Baebele. Tsela e re lebang dilo ka yone e tla tokafala fa re itlwaetsa go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Fa re ithuta le go rapela ka metlha e bile re dirisa se re se ithutang, re tla kgona go nonotsha segakolodi sa rona. (1 Tim. 1:5) Re ithuta go baya dilo tse ba bangwe ba di tlhokang kwa pele ga tsa rona. Fa re dira jalo, Jehofa o solofetsa gore o tla ‘wetsa thapiso ya rona’ mme seo se tla re thusa gore re nne boingotlo le go nna le dinonofo tse dingwe tse di tshwanang le tsa Modimo.—1 Pet. 5:10.
19. Ke eng se se tla re thusang gore re nne boingotlo go ya go ile?
19 Go ikgodisa go ne ga dira gore moporofeti mongwe wa kwa Juda a swe le gore a se tlhole a amogelwa ke Modimo. Le fa go ntse jalo, go a kgonega gore re tswelele re le boingotlo le fa re lebana le diteko. Sekao sa batho ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng le ba mo motlheng wa rona se re bontsha gore seo se a kgonega. Fa re tswelela re tsamaya le Jehofa, seo se tla dira gore re nne boingotlo le go feta. (Dia. 8:13) Go sa kgathalesege maemo a rona gone jaanong, go botlhokwa gore re gopole gore go tsamaya le Jehofa ke tshiamelo e e ka sa lekanngweng le epe. Anaanela tshiamelo eno mme o tswelele o dira bojotlhe gore o kgone go tsamaya le Jehofa ka boingotlo go ya go ile.