A o A Gakologelwa?
A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:
Banna ba ba tlhomilweng ba ba jaaka balebedi ba potologo le bagolwane ba phuthego, ba tshwanetse go dira eng fa ba newa kaelo mo phuthegong ya Modimo?
Ba tshwanetse go ikobela kaelo eo. Ba ka ipotsa jaana: ‘A ke thusa batho ba ke atamalaneng le bone gore ba nne le kamano e e molemo le Jehofa? A ke amogela kaelo e re e newang le go e ema nokeng?’—w16.11, ts. 11.
Bakeresete ba boammaaruri ba nnile batshwarwa ba Babelona yo Mogolo leng?
Seno se ne sa direga fa baaposetoloi ba sena go swa. Ka nako eo, setlhopha sa ba ba neng ba ipitsa baruti se ne sa simolola go tlhagelela. Dikereke le Dipuso di ne tsa rotloetsa Bokeresete jwa botlhanogi mme tsa leka go hupetsa tiro ya Bakeresete ba boammaaruri. Mme mo dingwageng tsa pele ga 1914, batlodiwa ba ne ba simolola go kgaogana le Babelona yo Mogolo.—w16.11, ts. 23-25.
Ke eng fa tiro ya ga Lefèvre d’Étaples e ne e tlhomologile?
Ka bo1520, Lefèvre o ne a ranolela Baebele mo puong ya Sefora gore batho botlhe ba kgone go e ipalela. Tlhaloso ya gagwe ya ditemana tsa Baebele e ne ya ama Martin Luther, William Tyndale le John Calvin.—wp16.6, ts. 10-12.
Pharologanyo ke eng fa gare ga go “go tlhoma mogopolo mo nameng” le “go tlhoma mogopolo mo moyeng”? (Bar. 8:6)
Motho yo o tlhomang mogopolo mo dilong tsa nama o akanya thata ka dikeletso tsa nama mme o nna a bua fela ka tsone e bile o di tseela kwa godimo. Motho yo o tlhomang mogopolo mo moyeng o dirisa botshelo jwa gagwe go direla Modimo le go ikobela melao ya gagwe, Mokeresete yono o laolwa ke moya o o boitshepo. Go tlhoma mogopolo mo nameng go felela ka loso mme go tlhoma mogopolo mo moyeng go felela ka botshelo le kagiso.—w16.12, ts. 15-17.
O ka fokotsa tlhobaelo ka ditsela dife?
Dira dilo tsa botlhokwa pele, ipeele mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela, iphe nako ya go itheetsa letsatsi le letsatsi, itumelele popo ya ga Jehofa, o se ka wa tsaya dilo tsotlhe masisi, itshidile mmele ka metlha e bile o ikhutse mo go lekaneng.—w16.12, ts. 22-23.
“Enoke o ne a fudusiwa gore a se ka a bona loso.” (Baheb. 11:5) Ka tsela efe?
Go bonala Jehofa a ile a dira gore Enoke a swe ntle le go lemoga gore o a swa.—wp17.1, ts. 12-13.
Ke eng fa go le botlhokwa go nna boingotlo?
Go nna boingotlo go akaretsa go itse dilo tse o kgonang go di dira le tse o sa kgoneng go di dira. Re tshwanetse go itse gore tsela e re itshwarang ka yone e ama jang batho ba bangwe e bile ga re a tshwanela go ikgodisa.—w17.01, ts. 18.
Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Modimo o ne a kaela setlhopha se se laolang mo lekgolong la ntlha la dingwaga fela jaaka a kaela Setlhopha se se Laolang gompieno?
Moya o o boitshepo o ne wa ba thusa gore ba tlhaloganye dithuto tsa Baebele. Ba ne ba eteletse pele tiro ya go rera ba thusiwa ke baengele e bile ba ne ba ikaegile ka Lefoko la Modimo fa ba kaela batho ba gagwe. Le gompieno Setlhopha se se Laolang se dira ka tsela e e tshwanang.—w17.02, ts. 26-28.
Ke eng se se dirang gore thekololo e nne botlhokwa mo go rona?
Ke dintlha tseno tse nnê: E tswa mo go mang, goreng a ntshitse mpho eo, o ne a latlhegelwa ke eng le gore a go ne go tlhokega. Re tshwanetse go tlhatlhanya ka dintlha tseno tse di amanang le thekololo.—wp17.2, ts. 4-6.
Fa Mokeresete a sena go dira tshwetso, a a ka kgona go e fetola?
Re tshwanetse go diragatsa se re se solofeditseng. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe re tlhoka go fetola tshwetso e re e dirileng. Fa batho ba Ninife ba sena go ikwatlhaya, Modimo o ne a fetola tshwetso ya gagwe. Mo maemong mangwe, fa dilo di fetoga kgotsa re newa tshedimosetso e nngwe re ka tshwanelwa ke go dira se se tshwanang.—w17.03, ts. 16-17.
Ke eng fa go senya ba bangwe maina go le kotsi?
Go senya ba bangwe maina go ka gakatsa bothata. Le fa se re se buang se ka tswa se le boammaaruri kgotsa jang, go senya ba bangwe maina go ka se rarabolole sepe.—w17.04, ts. 21.